Kwadiso e e kgethegileng jaaka rasaense wa tsa tlhago wa porofešenale - Temogo ya thuto ya pele le maitemogelo
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Khansele ya Aforika Borwa ya Diporofešene tsa Saense ya Tlhago e lemoga ntlha ya gore go batho bangwe ba ba se kileng ba nna le tšhono ya go bona dithuto tse di kwa godimo tse di tlhokwang ke Khansele go ka kwadisiwa seporofešenale. Le fa go le jalo, batho bao ba ka bo ba nnile le seabe se segolo mo lekaleng la tsa saense mo dingwageng di le dintsi mme ba ka tswelela go dira jalo le mo dingwageng tse di tlang.
Khansele e sweditse go tlamela batho ba ba jalo ka tšhono ya go dira kopo ya go kwadisiwa jaaka Borasaense ba tsa Tlhago ba Porofešenale ka fa tlase ga mabaka a a rileng.
Mongwe le mongwe yo o senang dithutego tse di amogelwang ke Khansele a ka dira kopo.
Badirakopo ba tshwanetse go:
tlotliwa ke bakaulengwe ba bona ka boitseanape jwa bona mo lekaleng le le tlhophilweng ba nnile le seabe se segolo mo lekaleng la tsa saense ba na le bonnye maitemogelo a dingwaga di le lesome tse di sa kgaodiwang, a le maleba e bile e le a porofešenale pele ga go dira kopo mo lekaleng la tiro le kopo e dirwang mo go lona.
Ela tlhoko: Fa o ne o tlogetse porofešene ya gagwe mo pakeng ya dingwaga tse lesome, o ka se letlwe go kwadisiwa ka fa tlase ga paka.
Tshekatsheko ya dikopo e tla dirwa kwa Komiti-Kgakololo ya Porofešene e e maleba, tumelelo ka Komiti ya Kwadiso ya SACNASP le tetla ka Khansele e e tletseng.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Tlatsa foromo ya kopo ya kwadiso.
Isa foromo e e saennweng ga mmogo le photefolio ya dintlha ka ga thuto le maitemogelo e e nang le:
bopaki jwa katiso ya semmuso le e e seng ya semmuso - dikhopi tse di kannweng tsa ditifikeiti tsa digerata kgotsa dipoloma, go akaretsa rekoto ya dirutwa ya dithutego tse rekoto ka botlalo e e maleba ya maitemogelo a porofešenale mo lekaleng la tiro le kopo e dirwang mo go lona lenaneo la dikgatiso bopaki jwa botokololo jwa mekgatlo ya dirutegi, sk. ; Setheo sa Dikhemikhale sa Aforika Borwa ; Mokgatlo wa Thutalefatshe wa Aforika Borwa .
Bonnye dipegelo tse tharo tse di feletseng tse o di rulagantseng kgotsa o nnile le seabe se segolo mo go tsona. Fa e le gore ga o kgone go romela dipegelo tse ka ntlha ya sephiri, seabe sa gago se tshwanetse go kgona go netefadiwa.
Afitafiti e e tlhalosang gore ke tiro ya gago le go tlhalosa seabe sa gago mo dipegelong tse o di rometseng.
Diafitafiti ka batho ba babedi ba ba ka netefatsang bokgoni le boitseanape jwa gago mo lekaleng la tiro la gago.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Kwadiso e ka tsaya dibeke tse 6 go ya go 8 go ka gore a ditlankana tse di tlhokegang di rometswe.
Setlhopha sa bonnye batho ba le babedi ba ba tlhophilweng ke Komiti-Kgakololo ya Porofešene e e maleba ya SACNASP se tla go botsolotsa.
Ditlamorago tsa tshekatsheko di tla itsiwe fela morago ga kopano ya Khansele.
Godimo
Tlhwatlhwa
Go banka ka mokgwa wa ileketeroniki kgotsa diphetisetso ka tlhamalalo: Tsweetswee dirisa ditlhaka tsa ntlha le sefane go supa tuelo ya gago mo setatamenteng sa rona sa banka mme o romele bopaki jwa tuelo mmogo le tsebe ya ntlha ya foromo ya gago ya kopo go 841 1057 ka fekese.
Dintlha tsa banka:
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
