Kopo ya Loago ya go kokobatso makgwafo mo tlalelong
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Kopo ya Loago ya go kokobatsa makgwafo mo tlalelong ke tshiamelo ya thuso ya nakwana e e ikaeletseng go thusa batho ba ba batlang thuso ya mofuta oo ka ntlha ya fa ba sa kgone go neela ba balelapa la bona ditlhokego tsa ka metlha.
Ke mang yo o tshwanetseng go dira kopo ya loago ya go kokobatsa makgwafo mo tlalelong?
O ka kgona go dira kopo ya loago ya go kokobatsa makgwafo mo tlalelong mo mmusong fa e le gore o mo tsielegong. Se se tlhalosiwang fa godimo se ka diragala ka ntlha ya gore:
o batla thuso fa o ntse o emetse kopo ya madi a letlole la bana gore e sekasekwe ke mmuso o tsielegile kgotsa o le mo matlhotlhapelong, go tshwana le fa ntlo ya gago e tshumilwe ke molelo
Fa o sa falole teko ya go amogele madi a letlole la bana, mme o mo maemong a a tlhobaetsang a go batla madi o sa kgone go dira ka ntlha ya go se itekanele mo mmeleng - se se kaya gore o a lwala mo sebakeng sa go feta dikgwedi di le thataro o sa kgone go amogela tuelo ya tlamelo ya madi a a amogelwang ke ngwana go tswa mo motsading wa ngwana kgotsa mo motsading mongwe wa bana motlamelalelapa o tlhokafetse motlamelalelapa o rometswe kwa kgolegelong sebaka sa nako e nnye kgotsa o amilwe ke kotsi, fela mo lefelong kgotsa mo setšhabeng se wena o nnang mo go sona se ise se tlhalosiwe gore ke lefelo la kotsi.
Jaanong wena o tla amogela eng?
Kopo ya gago ya Loago ya Kokobatso makgwafo mo Tlalelong e ka nna ka mokgwa wa go newa sephuthelwana sa dijo kgotsa ditlankana tsa sesupo sa madi go ya go reka dijo. Diporofensi dingwe di naya thuso ya mofuta o ka go fa batho madi mo seatleng. Thuso ya Loago ya go kokobatsa makgwafo mo tlalelong e newa mo nakong e khutshwane fela - gantsi e ka nna go fitlhela dikgwedi di le tharo, mme ka nako nngwe dikgwedi di le thataro.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Dira kopo ya Loago ya go kokobatsa makgwafo mo nakong ya tlalelo mo kantorong ya Loago ya go kokobatsa makgwafo ka nako ya tlalelo.
Neela tse di latelang ga mmogo le foromo ya gago ya kopo:
Fa o se na lokwaloboitshupo/pasa le disetifikeite tsa bana ba gago tsa matsalo, o tshwanetse go dira afidafiti kwa seteišeneng sa mapodisi se se leng mo motseng wa gaeno, Motlhankedimogolo, mokanseliri kgotsa moruti e ka nna paki e e tletseng.
O tshwanetse go netefatsa gore
O dirile kopo ya madi a letlole la bana
O nnile le bothata jwa tshoganetso
O lekile go batla tuelo ya tlamelo ya madi a a amogelwang ke bana
Ga o na tshegetso e nngwe ya ka fa thoko
O nyetswe, o tlhadile/tlhadilwe kgotsa ga o ise o nyalwe
Ga o na lotseno lepe kgotsa
O na le kalafo ya thetelelo-bokgoni jwa nakwana.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Kopo ya gago e tla sekasekwa ka bonako.
Fa kopo ya gago e se na go neelwa/tliswa, e tla sekasekwa go bona bonnete le go tlhoka pelaelo ya gore ka tota o tlhoka tirelo e.
Le fa o se na ditokomane tsotlhe, o tla kgona go amogela sephuthelwana sa gago sa dijo sa ntlha mo kgweding, setlankana sa sesupo sa madi kgotsa madi mo seatleng kwa ntle ga go nna le ditokomane tseo.
Gakologelwa go tsaya ditokomane tsotlhe fa o ya kwa go motlhankeding pele nako ya tuelo ya bobedi ya kgwedi e fitlha. Fa o sa dire jalo, o ka nna wa se ka wa amogela sephuthelwana sa dijo sa kgwedi ya bobedi le ya boraro, setlankana sa sesupo sa madi kgotsa madi mo seatleng.
Fa dilo di sa fetoge mo botshelong jwa gago, morago ga fa o se na go amogela madi a letlole a ngwana/bana mo dikgweding di le tharo, o ka nna wa kopa gore o okeletswe madi a letlole a ngwana/bana nako ya dikgwedi di le tharo gape.
Godimo
Tlhotlhwa
Ditirelo ga di duelelwe.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Tsweetswee ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
