
KETAPELE KA TONA 
3 

PULAMADIBOGO 
	 Tiisetso	 5 
	 Tumelo	 6 
	 Kamogelo	 6 
	 Temogo	 6 
	 Kamogelo ya Thata ya Batswasetlhabelo	 7 

DITSHWANELO TSA GAGO JAAKA MOTSWASETLHABELO WA BOSENYI 8 
1.	 Tshwanelo ya go tlhokomelwa sentle le ka tlotlo ya seriti sa gago le bowena 8 
2.	 Tshwanelo ya go neelana ka tshedimosetso	 9 
3.	 Tshwanelo ya go amogela tshedimosetso	 10 
4.	 Tshwanelo ya go bona tshireletso	 11 
5.	 Tshwanelo ya go bona thuso	 12 
6.	 Tshwanelo ya phimolakeledi	 13 
7.	 Tshwanelo ya pusetso	 14 

DINGONGOREGO 
15 

TSHEDIMOSETSO E E TLETSENG 
17 

DIKAMOGELO 
19 


KETAPELE KA TONA YA BOSIAMISI LE TLHABOLOLO YA MOLAOTHEO 
Thata ya Tirelo ya Batswasetlhabelo ba Bosenyi mo Aforika Borwa (Thata ya Batswasetlhabelo) ke sediriswa se se botlhokwa mo tsweletsong ya bosiamisi mo bathong botlhe. Thata ya Batswasetlhabelo e dumalana le moono wa Molaotheo wa Aforika Borwa, 1996, Molao 108 wa 1996, le Tlhomamiso ya Dithaba tse di Kopaneng ya Ditheo tsa Botlhokwa tsa Bosiamisi jwa Batswasetlhabelo ba Bosenyi le Tirisobotlhaswa ya Dithata, 1985 (GA/RES/40/34). 

Fa e sale go tloga ka 1994, le ka kamano le paakanyo ya mokgwa wa ditshwanelo tsa botho, tsepamo e sutisiwa go tswa mo thulaganyong ya bosiamisi jwa kgatelelo le ipusolosetso go ya bosiamising jwa paakanyo. Se se botlhokwa thata mo mogopolong wa bosiamisi jwa paakanyo ke kamogelo ya bosenyi jaaka tlolomolao kgatlhanong le puso, fela le jaaka kgobatso kgotsa go siamololela motho yo mongwe. 
Se, se dumalana le ponelopele ya Togamaano ya Bosethaba ya Thibelo ya Bosenyi e e lebileng thata go motswasetlhabelo tabeng le thulaganyo ya tshiamiso ya bosenyi. Maikaelelo-magolo ke go maatlafatsa motswasetlhabelo ka go fitlhelela ditlhokego tsa motswasetlhabelo, e ka tswa e le tse di ka tshwarwang/ bonwang kgotsa tsa maikutlo. 
Thata ya Batswasetlhabelo le tokomane e patagantsweng ya maemo ke didirisiwa tse botlhokwa tse di tlhalosang le go kitlanya ditshwanelo le ditlamego tse di amanang le ditirelo tsa batswasetlhabelo le bafalodi ba bosenyi mo Aforika Borwa. Thata ya Batswasetlhabelo e dumalana le dikaelo tsa karolo 234 tsa Molaotheo. 


	 
Ke na le tumelo e e tletseng gore ka boitlamo le boineelo jwa banni-le-seabe 

	 
botlhe mo thulaganyong ya tshiamiso ya bosenyi, Thata ya Batswasetlhabelo, 

	 
e tla thusa mo tiragatsong melao e e maleba ka tsela e e leng gore e dira tiro ya 

	 
yone -go dira gore bosiamisi bo tswele botlhe mosola! 



PULAMADIBOGO 
Mmuso wa Aforika-Borwa ka kakaretso le ditheo tse di amegang mo thulaganyong ya bosiamisi ka tlhamalalo: 

Tlhomamiso 
Boitlamo jwa Mmuso go diragatsa dikgato tse di lebisitsweng kwa diphetogong tse di tswelelang tsa thulaganyo ya bosiamisi go sireletsa le go tsweletsa 


ditshwanelo tsa Batswasetlhabelo, ka tumalano le maikarabelo a bodithabathaba ka fa tlase ga didiriswa tsa bodithabathaba tsa ditshwanelo tsa botho jaaka Kgoeletso ya UN ya Ditheo tsa Bosiamisi jwa Batswasetlhabelo ba Bosenyi le Tirisobotlhaswa ya Maatla (1985) le Thibelo le Phediso ya Dikgoka Kgatlhanong le Basadi le Bana mo Mametlelelong ya 1997 ya SADC ya Kgoeletso ya Bong le Tlhabololo. 

Tumelo 
Go neela tshireletso e e lekalekanang go batswasetlhabelo le batho ba ba latofadiwang mo thulaganyong ya bosiamisi ke karolo ya maikarabelo a puso go tsweletsa go itumelela ditshwanelo tsotlhe le kgololosego ke botlhe tse di netefaleditsweng mo Molaotheong; le gore-
Bosiamisi jwa boammaruri bo ka fitlhelelwa fa ditshwanelo tsa batswasetlhabelo le batho ba ba latofadiwang di di ka amogelwa, tsa sireletswa le go lekalekangwa; 



Kamogelo 
Ditlamorago tse di masisi tsa bosenyi mo batlhokofatsweng le kgonagalo ya teng ya go nyatsa go itumelela maungo a demokerasi le bontsi jwa ditshwanelo le kgololosego tse di sireleditsweng mo Molaotheong wa rona; 

Temogo 
Kgatelopele e e botlhokwa e e dirilweng fa e sale go bomwa demokerasi, ngwagasome e e fetileng, tebang le go fetola thulaganyo ya bosiamisi le tsibogelo ya dithulaganyo go botlhe ntle le go lebelela bomorafe, bong, setso, maemo le mekgwa mengwe ya pharologano kgotsa thapolo; 

Kamogela ya Thata e ya Batswasetlhabelo, 
Go dira jaaka metheo wa go lekalekanya ditshwanelo tsa Batswasetlhabelo le balatofadiwa le go: 


	 
Tlhalosa maemo a tirelo a a ka solofelwang ke, le go neelwa batswasetlhabelo fa ba golagana le thulaganyo ya bosiamisi; 

	 
Tlosa tlhokofatso ya sebedi mo thulaganyong ya bosiamisi; 

	 
Netefatsa gore Batswasetlhabelo ba nna ba botlhokwa mo thulaganyong ya bosiamisi; le 

	 
direla motswasetlhabelo tshiamelo ya boikuelo fa maemo a sa kgotsofadiwe. 


DITSHWANELO TSA GAGO JAAKA MOTSWASETLHABELO WA BOSENYI 
Mo kamanong ya gago le thulaganyo ya bosiamisi go tla tshegediwa ditshwanelo tse di latelang: 


1. 	Tshwanelo ya go tlhokomelwa sentle le ka tlotlo ya seriti sa gago le bowena. 
	 
O na le tshwanelo ya go tlhokomelwa ka bonako le ka matsetseleko, o tlotlelwe seriti sa gago le bowena 

ke maloko a tirelo nngwe le nngwe. 

	 
Sepodisi, ka motlha wa dipatlisiso, bathothisi le batlhankedi ba kgotlatshekelo fa go baakanyetswa le ka motsi wa tsheko, le badiredi botlhe ba tshwanetse go tsaya dikgato go fokotsa kgoreletsego nngwe le nngwe mo go wena jaaka motswasetlhabelo ka, gareng ga tse dingwe, go buisana le wena ka puo ya gago mo sephiring fa go tlhokega. 

	 
Dikgato tse di tla sireletsa motswasetlhabelo mo tlhoko fatsong ya sebedi. 





2. 	Tshwanelo ya go neelana ka tshedimosetso 
	 
O na le tshwanelo ya go neelana ka tshedimosetso ka motsi wa patlisiso le tsheko. 

	 
Sepodisi, mothothisi le motlhankedi wa tirelo ya kgopololo ba tla tsaya dikgato go netefatsa gore tshwaelo nngwe le nngwe e o batlang go e tlhagisa mo patlisisong, katlholo le theetso ya parola e reeditswe le go tlhokomelwa fa go tsewa tshwetso go tswela pele ka patlisiso, katlholo kgotsa theetso ya Lekgotla (Boto ya) la Parola. 

	 
Tshwanelo e e raya gore o ka nna le seabe (fa go tlhokega le fa go kgonagalang) mo ditheetsong tsa bosenyi, ka go nna teng mo theetsong ya kopo ya beile, tsheko, dithulaganyo tsa katlholo le/kgotsa theetso ya lekgotla la parola. 

	 
Go raya gore o na le thono ya go ka neela lepodisi bopaki jo bongwe fa o lemoga gore bopaki ba gago ba ntlha ga bo a lekana; o ka nna gape wa neela kwa kgotlatshekelo go tlhagisa kutlwalo ya bosenyi mo kgotla-tshekelo. 

	 
Godimo ga moo o ka lebisa kopo e e kwadilweng go Monnasetulo wa Lekgotla la Parola go nna teng mo theetsong ya parola, mme wa tlhagisa tshwaelo e e kwadilweng. 





3. 	Tshwanelo ya go amogela tshedimosetso 
	 
O na le tshwanelo ya go bona tshedimosetso le go itsisiwe ka ga ditshwanelo tsa gago le ditirelo tsotlhe tse di leng teng tse di maleba tse o ka di neelwang ke batlamedi ba ditirelo. 

	 
O tshwanetse go bolelewa ka ga seabe sa gago mo kgetseng le tekanyetso ya sebaka se kgetse e tla se tsayang. O ka nna wa kopa tshedimosetso ka ga malatsi a theetso, madi a bopaki le lenane la tshireletso ya bopaki. 

	 
O ka nne wa kopa go itsisiwe ka ga maemo a kgetse, go re a na morumolani yoo o tshwerwe, o atlhotswe, o neilwe beile, o latofaditswe, o atlhotswe, mme fa go le maleba , gore a na o tlhatlhetswe. 

	 
Ga se tshwanelo fela ya go itse ditshwanelo tsa gago, mme le gore o di dirise jang. 

	 
Gape, jaaka tshwanelo ya go bona tshedimosetso, go kopa ditlhaloso ka ga sengwe le sengwe se o sa se tlhaloganyeng ka puo ya gago. 

	 
O ka nne wa kopa mabaka go itse ka ga tshwetso e e tserweng ka ga kgetse ya gago, go atlhola kgotsa go se atlhole. 

	 
Gape o na le tshwanelo ya go bona dikwalo tse molao o go letlang go di bona. 

	 
O ka nne wa kopa kitsiso ya ditheetso tse o ka di tsenelang. O ka nne gape wa kopa mothothisi go itsise mothapi wa gago ka ga ditheetso dingwe le dingwe, tse di ka dirang gore o se nne teng kwa tirong. 







4. 	Tshwanelo ya go bona tshireletso. 
	 
O na le tshwanelo ya go se tshosediwe, go tlhakisiwa, letshogo, go tshwenngwa, pipamolomo, bobodu le tiriso e e botlhaswa. 

	 
Fa o le paki o tshwanetse go begela sepodisi kgotsa mothothisi-mogolo wa puso ka ga ditshoso tsa go nna jalo. 

	 
Fa o siamela ke ditlhokego dingwe, sepodisi se tla dira kopo ya gore o nne mo lenaneng la tshireletso ya paki. 

	 
Fa o sa ntsane o le fao o tla sirelediwa ka fa go kgonagalang ka teng kgatlhanong le mefuta yotlhe ya kgarakgatso le matshetsi. 

	 
Se se tla netefatsa tshireletsego ya gago jaaka paki gore bopaki jwa gago bo se ka jwa tlhotlhelediwa 

kgotsa go ikgegela morago mo go neeleng bopaki ka ntlha ya tlhotlheletso e e sa siamang. 

	 
Tshwanelo e, e raya gore mo mabakeng mangwe kgotlatshekelo e ka kganela phalatso ya tshedimosetso nngwe le nngwe (go akaretsa gore 




o mang) kgotsa e ka laela gore tsheko e tshwarelwe mo sephiring . O ka kopa Ditirelo tsa Kgopololo go go itsise fa motshwenyi a tshabile kgotsa a sutiseditswe felo gongwe. 

5. 	Tshwanelo ya go bona thuso 
	 
O na le tshwanelo ya go kopa thuso, o nne le phitlhelelo ( fa go tlhokega/fa go le maleba) ya ditirelo tsa leago, boitekanelo le kgakololo, ga mmogo le thuso ya semolao go tsibogela ditlhokego tsa gago. 

	 
Sepodisi se tla go thusa ka go go tlhalosetsa ditsamaiso tsa sepodisi; ba go bolelele ka ga ditshwanelo tsa gago le go go romela kwa batlameding ba bangwe ba thuso. 

	 
Motsamaisi wa ofisi kgotsa tlhogo ya ofisi kwa kgotlatshekelo o tla dira gore go nne le moranoledi. 

	 
Bathothisi ba tla netefatsa gore go nna le dithulaganyo tse di kgethe-gileng mabapi le melato ya thobalano, tiriso-dikgoka ka fa lapeng le tlamelo/ kotlo ya bana le gore dikgetse di reediwa mo dikgotlatshekelo tse di kgethegileng fa di le teng. 

	 
Batlamedi botlhe ba ditirelo tebang le ditiro tsa bone tse di farologaneng ba na le maikarabelo a go tsaya dikgato tse di siameng go tlhokomela batlhokofadiwa ba ba nang le ditlhokego tse di kgethegileng, mme ba ba tshole ka mokgwa o o masisi. 





6. 	Tshwanelo ya phimolakeledi 
	 
O na le tshwanelo ya go bona phimolakeledi ya tatlhegelo kgotsa tshenyegelo ke thoto ka ntlha ya bosenyi jo bo dirilweng kgatlhanong le wena. 

	 
Ka letsatsi la katlholelo ya molatofadiwa o ka nne wa kopa mothothisi go dira kopo kwa kgotlatshekelo ya phimolakeledi go latela Karolo 297 le 300 ya Molao wa Thulaganyo ya Bosenyi No. 51 wa 1977. Phimolakeledi e raya madi a kgotlatshekelo e a neelang motlhokofatswa yo o latlhegetsweng kgotsa yo o senyegetsweng ke thoto, go akaretsa madi ka ntlha ya tiro ya bosenyi kgotsa tlogelo ka motho yo o 

latofaditsweng ka ntlha ya go dira molato. 

	 
Mothothisi o tla go itsise ka ga taelo ya phimolakeledi, fela tlelereke ya kgotlatshekelo e tla rwala maikarabelo a tiragatso ya yona, le gore o ka nna wa tlhatlhela kgetse ya selegae kgatlhanong le molatofadiwa fa kgotlatshekelo ya bosenyi e sa neelane ka taelo ya phimolakeledi le fa ditshenyegelo di sa balege bonolo ka mareo a madi jaaka mo ntlheng ya ditshenyegelo tsa tlhaloganyo kgotsa setlhabi le tshotlego. 





7. 	Tshwanelo ya pusetso 
	 
O na le tshwanelo ya pusetso tebang le thoto e 

o e amogilweng se ka fa molaong. Pusetso e reya fa kgotlatshekelo, morago ga katlholo, e laela morumulani go go busetsa thoto e a bonweng molato ka ntlha ya go go amogaya yona e se ka fa molaong go go busetsa kwa maemong a o neng o le mo go ona pele ga tlolomolao. 

	 
Mothothisi o tla go itsise gore puse tso e akaretsa eng, mme tlelereke ya kgotlatshekelo e tla go thusa go diragatsa tshwanelo e. 





Tsweetswee leba lokwalo lwa Maemo a Bonnye a Ditirelo tsa Batswasetlhabelo ba Bosenyi, lo lo ka bonwang go tswa kwa mafapheng a Mmuso, fa o ka tlhoka tshedimosetso e e feletseng tebang le ditshwanelo tse di farologaneng. 
DINGONGOREGO 
Ka kitso ya gore o na le tshwanelo ya go ngongorega, 
o ka ikgolaganya le lefapha la puso le le maleba kgotsa motlamedi wa tirelo fa o na le dingongorego mabapi le tirelo e o e bonang kgotsa fa ditshwanelo tsa gago di sa tlotliwe. Fa o sa kgotsofalela mokgwa o ngongorego ya gago e tsewang ka ona, o ka nna wa ikgolaganya le ditlamo tse di jaaka: 
a)	 Ofisi ya mosireletsi wa Sethaba b)	 Babueledi ba Ditshwanelo tsa Setho c)	 Khomiene ya Ditshwanelo tsa Setho ya Aforika 
Borwa d)	 Bokaedi jo bo Ikemetseng jwa Dingongorego e)	 Khomiene e ka ga Tekatekano ya Bong f)	 Bothati jwa Bothothisi jwa Bosethaba g)	 Diofisi tsa Sepodisi sa Metropolitan h)	 Khansele ya diporofeene tsa Boitekanelo ya Aforika 


Borwa, kgotsa i)	 Mmueledi yo o itlhophetseng ena ka ditshenyegelo tsa gago. 
Go bona tshedimosetso e e tletseng ka dithulaganyo tsa dingongorego, tsweetswee leba lokwalo lwa Maemo a Bonnye a Ditirelo tsa Batswasetlhabelo ba Bosenyi. Lokwalo lo, lo ka bonwa kwa ofising nngwe le nngwe ya mmuso. 

TSHEDIMOSETSO E E TLETSENG 
Fa o tlhoka tshedimosetso e e tletseng mabapi le nngwe le nngwe ya dintlha tse di tshwerweng mo tokomaneng e, o ka ikgolaganya le Lefapha la Bosiamisi le Bokaedi jwa Bong jwa Tlhabololo ya Molaotheo kwa dinomorong tse di latelang: 


Mogala: (012) 315 1670 Fekese: (012) 315 1960 Emeile: VictimCharter@justice.gov.za 

NOMORO YA MAHALA: 
0800 011 022 
Tsweetswee tlhokomela gore tiriso ya nomoro ya mahala e sa ntsane e tla netefadiwa. 



DIKAMOGELO 
Ditshwanelo tsa Thata ya Batswasetlhabelo ya Aforika-Borwa e tlhamilwe ke Bokaedi jwa Bong mo Lefapheng la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo, ka tirisano le Mafapha a Tlhabololo ya Logao, Ditirelo tsa Bosiamisi, Thuto, le Boitekanelo gammogo le Bothati jwa Bothothisi jwa Bosethaba, Ditirelo tsa Sepodisi sa Aforika Borwa, Khomiene ya Tlhabololo ya Molao wa Aforika Borwa, Khomiene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa, Ofisi ya Mosireletsi wa Sethaba, Bokaedi jo bo Ikemetseng jwa Dingongorego, maloko a Bomagiseterata le Dikhomiene tsa Ditirelo tsa Bosiamisi le maloko a Sepodisi sa Tshwane Metro. 
Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo le itumelela ditshwaelo tsa mekgatlho e e seng ya puso e e farologaneng le ditheo tsa thuto e kgolwane mo 
tokomaneng e. 
Thata ya Ditshwanelo tsa Batswasetlhabelo mo AforikaBorwa.Tsw04/0042/C 


Private Bag X81 Pretoria, 0001 329 Pretorius Street, Momentum Building Pretoria, 0002 




