Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Go busiwa ga tshedimosetsokakaretso e dumelela bathapi go neela Madirelo a Aforika Borwa a Makgetho ka dintlha ka ga bathapiwa ba bona bao ba neng ba sa gogelwe lekgetho jaaka go tshwanetse ka Molao wa Lekgetho wa 1962.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Karolo A: tiro le ditirelo tse di busiwang.
Mo mabakeng a go fitlhelwang selekanyo sa moputso wa ngwaga wa mothapiwa se lekana le R2000 kgotsa se le ka fa tlase mme lekgetho la mothapiwa le ne le sa gogiwe, IT3 kgotsa lenane, go ya ka go latelana ga dialefabete, le le tlhalosang tshedimosetso ka botlalo, le tshwanetse go neelwa mongwe le mongwe. Go tlhokega:
tlhakaina le sefane kgotsa leina la kgwebo nomoro ya tshupetso ya lekgethotseno nomoro ya Setlankana sa Boitshupo kgotsa paseporoto aterese moputso nako eo a neng a thapilwe kgotsa letlha le le tswang mo go yona
IT3 e tla neelwa mo mabakeng a a latelang:
Fa moputso otlhe wa mothapiwa kgotsa o o lekaneng le wa ngwaga o lekana le wa bonnye ba R2000 mme o sa fete serepodi sa lekgetho. e tshwanetse go neelwa.
Fa palokgotlhe ya moputso e sena lekgetho le le gogilweng.
Tuelo nngwe le nngwe e e duetsweng motho yo o neelaneng ka ditirelo kgotsa tse di sa yang go neelwa go tswa mo lekgethong le le sa gogiwang.
Se neele ka namana go ya ka tse di latelang:
Tuelo e e duetsweng ya ditirelo tse di neetsweng ke batho mo go direng tiro ya bona ya semmuso, Sekao. dingaka, boramolao, diafokate, bommalamatlotlo,le moruni.
Moputso ofe kapa ofe kgotsa o o sa tlhagisiwang mo setefikeiteng sa IRP5.
Moputso kgotsa se se lekanang le ona ka ngwaga se sa fete R2000 mo ngwageng wa lekgetho.
Karolo B: Dithoto, dipeeletso, ditshwanelo le dikatso
Neelana ka dintlha mabapi le tefo e e duetsweng kgotsa e o e neetsweng mokitlana go ya ka:
merokotso ya dikadimo le peelo ya ntlo morokotso mo matloleng a a beeleditsweng ke wena morokotso mo tshupamolatong morokotso mo tshupamatlotlong e e bolokelang karolelo mo diabong khiro e e duetsweng ke wena jaaka mohiri kgotsa e e tserweng ke wena jaaka moemedi dikatso kgotsa tuelo e e duetsweng go dirisa patente, popo, letshwaokgwebo kgotsa tetlokgatiso kgotsa go neelana ka kitso e e tsamaisanang le tiriso ya patente mo Aforika Borwa.
Karolo C: Tshekego ya terasete ya yuniti kgotsa didiriswa dingwe tsa matlole lenane
Neelana ka dintlha tse di latelang go ya ka tshekego ya yuniti kgotsa sediriswa sa letlole boemong jwa motho ofe kapa ofe:
tlhaloso ya yuniti kgotsa sediriswa sa letlole palo ya diyuniti kgotsa didiriswa tse di sekegilweng boima jo bo lekanyetswang boleng mo tshekogong ditswamoputsong tse di sekegilweng madi a a fitlhelwang mo moputsong morago ga ditefelo a bonwe kgotsa a latlhegile go ya ka tshekego.
Karolo D: Ditswatemong, makgong, leruo, tshipi, dimenerala, matlapana a mabonwa le dikatso tse di duetsweng go ditokololo tsa dikhamphani tsa matsema le mekgatlho lenane
Neelana ka ditlankana tsa:
Ditswatemong tsotlhe, makgong, leruo, tshipi, diminerala, le matlapana a mabonwa a a fitlhetsweng ke wena ka theko, kananyo kgotsa thefosanyo .
Ditswatemong tsotlhe, lekgong, leruo, tshipi, diminerale le matlapana a a rekisitsweng ke wena jaaka moemedi wa moumusi.
Dikuno, tshipi kgotsa diminerale tse di rometsweng ke wena jaaka moemediwa wa mmumuso mo thomelong
Dikatso tse di duetsweng ditokololo tsa dikhampani tsa matsema kgotsa mekgatlho.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Godimo
Tlhotlhwa
Ga go duelwe sepe.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
