Go bega ka boswa jwa motho yo o tlhokafetseng
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Boswa jwa motho yo o tlhokafetseng bo bonwa fa motho a sena go tlhokafala mme a tlogela thoto le/kgotsa tokomane e e bidiwang tesetamente kgotsa e e kaiwang jaaka tesetamente. Ka jalo, boswa bo tshwanetse go laolwa le go aroganngwa, go ya ka tesetamente ya moswi, fa moswi a sa tlogela tesetamente, boswa bo tla abiwa go ya ka ditshiamelo tsa molao. Molao wa Tsamaiso ya Boswa wa 1965 , o go kaela tsamaiso e e tshwanetseng go latelwa ya go tsamaisa boswa jwa moswi.
Boswa jwa moswi bo tshwanetse go begwa kwa kantorong ya Molaodimogolo mo malatsing a le 14 go tloga ka letlha le a tlhokafetseng ka lona. Loso lo ka nna lwa begwa ke motho yo o nang le taolo kgotsa a tshwere thoto nngwe e e leng karolo ya boswa jwa moswi kgotsa e e ka kaiwang jaaka boswa.
Loso lo begwa leng kwa go Molaodimogolo?
fa moswi a tlhokafaletse mo Aforka Borwa mme a tlogela thoto e/kgotsa tokomane e e bidiwang tesetamente kgotsa e e kaiwang jaaka tesetamente fa moswi a tlhokafaletse ka kwa ntle ga Aforika Borwa, fela a tlogela thoto mo Aforika Borwa e/kgotsa tokomane e e bidiwang tesetamente kgotsa e e kaiwang jaaka tesetamente.
Boswa jwa moswi bo begwa kae?
Le fa dikantoro tsa magiseterata e le dikarolo tsa go direla tsa Molaodimogolo, boswa jwa moswi bo ka nna jwa begwa koo. Dinkatoro tse, di na le taolo e e lekanyeditsweng mme di tla fetisetsa boswa jotlhe jo bo nang le tesetamente, mmogo le boswa jo bo fetang R50 000 ka boleng kwa dikantorong tsa porofense tsa Molaodimogolo. Fa o eletsa go bega boswa jo bo jalo, go botoka fa o ka dira jalo ka tlhamalalo kwa dikantorong tsa Molaodimogolo.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Fa boleng jwa boswa bo le ka fa tlase ga R50 000, bega boswa joo kwa kantorong ya magiseterata. Fa boleng jwa boswa bo feta R50 000, bega ka tlhamalalo kwa kantorong ya Molaodimogolo.
Fa moswi a ne a nna mo Aforika Borwa ka nako ya loso lwa gagwe, bega boswa jwa gagwe kwa go Molaodimogolo yo o nang le taolo ya lefelo le moswi a neng a nna kwa go lona ka nako ya loso lwa gagwe.
Fa moswi a ne a sa nne mo Aforika Borwa ka nako ya loso lwa gagwe, o ka nna wa bega boswa jwa gagwe kwa go Molaodimogolo mongwe le mongwe .
Bega boswa ka go tlatsa Foromo J294: Death notice le ditokomane tse dingwe tse di maleba tsa go bega boswa, tse di tlhagisitsweng mo lenaneong le le fa tlase.
O ka bona Foromo J294: Death notice le ditokomane tse dingwe tsa go bega kwa kantorong nngwe le nngwe ya Molaodimogolo, wa kgotlatshekelo e kgolo kgotsa kwa kantorong nngwe le nngwe ya magiseterata.
Boleng jwa boswa le mofuta wa tirelo e e kopilweng, di tla laola gore o tlatse le go isa ditokomane dife.
Fa boleng jwa boswa bo le ka fa tlase ga R125 000, o tla tlatsa ditokomane tse di latelang:
fa e le boswa jwa motho yo o sa dirang tesetamente pele a tlhokafala , kgotsa fa tesetamente e sa tlhopha modiragatsi yo o rileng, kgotsa fa modiragatsi yo o tlhophilweng a tlhokafetse kgotsa a ganne go tlhophiwa foromo J155: Undertaking and acceptance of Master's directions.
Mametlelela ditokomane tse di latelang mo diforomong tse di mo lenaneong le le fa tlase:
setifikeiti sa loso sa tshimologo kgotsa kgatisogape/khopi ya sona e e kannweng setifikeiti sa lenyalo sa tshimologo kgotsa kgatisogape/khopi ya sona e e kannweng - fa go tshwanela ditasetamente tsotlhe le dikoketso tsa ditesetamente tsa tshimologo kgotsa ditokomane tse go ikaeletsweng go dirisiwa jaaka tesetamente - fa di le teng lenaneo la batho ba ba kolotiwang - fa go le maleba maikano a a netefatsang gore boswa ga bo ise bo begwe kwa kantorong ya Molaodimogolo, kgotsa kwa ntlheng nngwe ya tirelo ya Molaodimogolo.
Fa boleng jwa boswa bo le ka fa tlase ga R125 000, Molaodimogolo a ka nna a phatlalatsa ka makwalo a bodiragatsi, mme go na le gore a ntshe makwalo a taolo, go ya ka Karolo 18 ya Molao wa Tsamaiso ya Boswa
Fa boleng jwa boswa bo feta R125 000, tlatsa ditokomane tse di latelang:
Foromo J192: Affidavit: particulars of next of kin - e tladiwa fa moswi a sa tlogela tesetamente e e amogesegileng. Afitefiti ka leloko la motho yo montsho yo o sa tlogelang tesetamnete e e amogelesegileng, e tshwanetse go tlhalosa gore boswa ga bo ise bo begwe kwa kantorong ya Molaodimogolo, kgotsa kwa ntlheng nngwe ya tirelo ya Molaodimogolo .
e tladiwa ke bajaboswa gore ba kgone go tlhopha Molaodimogolo yo o ba emelang.
fa e le boswa jwa motho yo o sa dirang tesetamente pele a tlhokafala , kgotsa fa tesetamente e sa tlhopha modiragatsi yo o rileng, kgotsa fa modiragatsi yo o tlhophilweng a tlhokafetse kgotsa a ganne go tlhophiwa.
reboletswe go sireletsa tesetamenteng, kgotsake motsadi, molekane kgotsa ngwana wa moswi.
Isa diforomo tse di tladitsweng tse di leng mo lenaneong le le fa godimo mmogo le ditokomane tse di latelang:
setifikeiti sa loso sa tshimologo kgotsa khopi ya sona e e kannweng ya setifikeiti sa loso setifikeiti sa lenyalo sa tshimologo kgotsa khopi ya sona e e kannweng - fa go tshwanela.
Ditasetamente tsotlhe le dikoketso tsa ditesetamente tsa tshimologo kgotsa ditokomane tse go ikaeletsweng go dirisiwa jaaka tesetamente - fa di le teng
Fa boleng jwa boswa bo feta R125 000, makwalo a bodiragatsi a tshwanetse go ntshiwa mme tsamaiso yotlhe e e kaiwang ke Molao wa Tsamaiso ya Boswa wa 1996 , o tshwanetse go latelwa.
Dikarolo tsa tirelo di na le dithata fa fela moswi a sa tlogela tesetamente e e amogelesegileng mme bolenggotlhe jwa boswa jwa moswi bo le ka fa tlase ga R50 000. Makwalo a taolo a letlelela moemedi yo o tlhophilweng go tsamaisa boswa kwa ntle ga go latela ditsamaiso ka botlalo jaaka di kailwe mo Molaong wa Tsamaiso ya Boswa wa 1965
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Nako ya tirelo e, e laolwa ke bomarara jwa kgetse.
Godimo
Tlhotlhwa
Ikgolaganye le kantoro ya Molaodimogolo go bona dintlha.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
