Go duela kabelo loago e o neng o sa tshwanela go e amogela
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Fa o amogela kabelo kgotsa madi a a neng a sa go tshwanela, o tshwanetse go nna le boikarabelo jwa go a duela gape kwa Pusong, kwa ntle le fa Lefapha la Tlhabololo Loago le kgotsofetse gore o ne o sa itse gore ga o a tshwanela go amogela kabelo eo. Fa go ntse jalo, kabelo loago e tshwanetse go emisiwa kgotsa go khansediwa, gore go se ke ga tsewa gore ke tsietso.
Ke bomang ba ba tshwanetseng ke tirelo?
Mongwe le mongwe yo o neng a amogela kabelo loago e e neng e sa mo tshwanela
Mabaka a a ka dirang gore dikabelo di emisiwe:
Loso: Fa e le gore kabelo e ne e duelwa motho yo o tlhokofetseng, madi a, a tshwanetse go bonwa go tswa mo bošweng jwa gagwe
Tumelelo kwa setheong sa bošwa
Fa kabelo e sa lopiwa mo dikgweding di le tharo tse di latelanang.
Fa motho a se teng mo Aforika Borwa mo nakong ya dikgwedi di le thataro tse di latelanang.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Fa o lemoga gore o amogela kabelo e e sa go tshwanelang, o tshwanetse go itsise kantoro ya Pabalesego Loago e e gaufi le wena.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Lefapha le tla emisa madi a o a kolotang fa e le gore le kgotsofetse gore o ne o sa itse gore ga o a tshwanela go amogela bokana joo jwa madi.
Go tla tswa mo go Mokaedi wa Botlhe wa Lefapha go ikuela go dithulaganyo tsa semolao kgatlhanong le motho yoo gore a kgone go bona madi ao.
Mokaedi wa Botlhe wa Lefapha a ka nna a dumelela tuelo go tswela pele mo nakong e e rileng ka ntlha ya mabaka a a rileng jaaka e tlhomamisiwa ke motho yoo gore o batla go busa kabelo eo. Kopo e tshwanetse go diriwa mo malatsing a le 90 a kemiso ya kabelo loago.
Fa motho a batla go lebelelwa gape kabelo loago e e emisitsweng, o tshwanetse go tlhomamisa lotseno longwe le longwe ka nako e a dirang kopo gape. Se, e tla nna motheo o Lefapha le tla simololang go tsaya tshwetso fa teng ya go itse gore go tshwanetse go thadisiwa kabelo gape kgotsa nnyaya. Mokopi o tla itsisiwe ka dipholo tsa kopo mo dikgweding di le 3 pele ga letlha la thadiso kgotsa letlha le setifikeite se dirilweng ka lona.
Godimo
Tlhotlhwa
Ditirelo ga di duelelwe.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Diforomo di ka bonwa kwa dikantorong tsa Tlhabololo Loago tse di gaufi le wena.
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
