Kopo ya go ntšhwafadiwa kgotsa go khansela ikwadiso ya dijo tsa diphologolo kgotsa dijo tsa diruiwa kwa polaseng
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Dijo tsa diphologolo tsotlhe tse di rekwang kwa mafatsheng a kwa ntle mme e tliswa mo Aforika Borwa, le tse di dirwang le go rekisiwa mo Aforika Borwa di tshwanetse go kwadisiwa go ya ka Molao wa Ikwadiso wa 36 wa 1947.
Kopo ya go ntšhwafatsa ikwadiso e ka rebolwa fela fa go diragaditswe dilo tse di latelang fa go ikwadisiwa kgotsa go ntšhwafadiwa ikwadiso.
motswako wa dijo tsa diphologolo ga o a tshwanela go farologana le o o kwadisitsweng dintlha le mafoko a a kwadilweng mo lebotlolong kgotsa mo thekgwaneng e e tshotseng dijo tsa diphologolo ga e a tshwanela go fetolwa kwa ntle ga go fiwa tetla ya go dira jalo ke Mokwadise melao e e beilweng ka nako ya ikwadiso e tshwanetse go obamelwa ikwadiso ga e a tshwanela go sutisediwa go khamphane kgotsa motho mongwe dilekanyo tsa mabotlolo kgotsa dikgetse tse dijo tsa diphologolo di tsenngwang mo go tsona ga di a tshwanela go fetolwa kwa ntle ga go bona tetla mo go Mokwadise.
Kantoro ya Mokwadise e romela makwalo ga mmogo le diforomo tsa kopo gangwe ka ngwaga mo bathong botlhe ba ba ikwadisitseng gore ba ntšhwafatse ikwadiso ya bona.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Ntšhwafatso:
tlatsa foromo ya kopo , dira dikhopi di le tharo mme o gatise mafoko ka ditlhakakgolo fela neela kopo ya gago go Mokwadise go ya ka Molao wa 36 wa 1947
nako ya ntšhwafatso ya ikwadiso ke 1 Phukwi go fitlha ka 30 Lwetse.
Go khansela ikwadiso:
tlatsa foromo B mo dikhoping di le tharo mme o gatise mafoko ka ditlhakakgolo fela romela setefikeiti sa ikwadiso sa thaego .
Dintlha tsa mokopi:
o tshwanetse go tlatsa foromo C mme o e romele ga mmogo le foromo A.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Ntšhwafatso e dirwa fa madi a se na go amogelwa.
Godimo
Tlhotlhwa
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
