Kopo ya tumelelo ya losika
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Tumelelo ya losika e neelwa moditšhaba yo o leng tokololo e e gaufi ka kamano go moagi kgotsa modudi wa Aforika Borwa. Moagi kgotsa modudi wa mothale o, o tshwanetse go neelana ka bonetefaletsi jwa madi jo bo tlhalositsweng. Tumelelo ya losika e ka diriswa mo pakeng ya dingwaga di le pedi.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Ntsha bosupi ba gore losika lwa gagao ke tokololo e e gaufi ya kamano ka losika wa moagi kgotsa modudi.
Romela bopakii bo bo tswang go ramatlotlo kgotsa bosupi bo bo tlaleletsang ditokomane tse di tiisang mokgwa wa tshegetso le mokgwa wa kopanelo wa kemonokeng. Tshegetso ga e a tshwanela go nna ka fa tlase ga R50 000 ka ngwaga ka motho mongwe le mongwe mo nakong ya ketelo
O ka kopiwa go ntsha nngwe kgotsa go feta ya ditokomane tse di latelang:
bisa e e amogelesegang setefikeiti sa pholo go ya ka modirakopo le ditokololo tsotlhe tsa losika tse di go patileng.
setefikeiti sa botsalo se se sa khutswafatswang go supa botsadi fa go tlhokegang.
setefikeiti sa lenyalo bosupi ba kamano ya molekane fa o nyetswe, le kgaogane, le tlhalane kgotsa o le motlhologadi/moswagadi.
bosupi ba botsadi-ka-tsholo.
Go romela setefikeiti sa sepodisi sa kgololo fa o le ka fa tlase ga dingwaga di le 21 kgotsa go feta, go ya ka dinaga tsotlhe tseo o dutseng ngwaga kgotsa go feta, mo dikgweding di le 12 ka bonako fa di le teng.
Dipego tsa pholo le tlhatlhobo ya marapo go ya ka modirakopo ka mongwe. Dipego tsa tlhatlhobo ya marapo e ka se tlhokege go bana ba ka fa ga tlase ga dingwaga di le 12 le bomme ba baimana .
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Tirelo e tsaya malatsi a a sa feteng 30.
Godimo
Tlhotlhwa
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
