Kopo ya boikwadiso jwa dipusetsomorago tsa madi a peterolo ya disele
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Kgwebo nngwe le nngwe e e tsholang ditiragatso tse di maleba mme e ikwadisitse go duela lekgetho ka fa tlase ga Molao wa Lekgethokakaretso wa 1991 - jaaka go ka tswa go pateletswa - ba ka dira dikopo tsa go busetswa madi a peterolo ya disele ka go tlatsa VAT 101D .
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Ikgolaganye le kantoro ya selegae ya Tirelo ya Matlole ya Aforika Borwa go bona foromo ya kopo. Kgotsa o ka tsaya le go tlatsa foromo ya Application for Registration of Diesel Refund, VAT 101D kgotsa wa ikwadisa mo inthaneteng.
Barekisi ba ba ikwadisitseng ba tshwanetse go tsentsha nomoro ya boikwadiso ya bona ya Lekgethokakaretso.
Badiradikopo ba ba sa ikwadisetsang VAT ba tshwanetse go tlatsa foromo ya VAT 101 go ba kgontsha go fitlhela nomoro ya boikwadiso ya VAT, pele ba dira kopo ya boikwadiso mo tsamaisong ya pusetsomadi ya peterolo ya disele.
Letlha le le amegang ga le a tshwanela go nna pele ga 4 Phatwe 2001. Letlha le le amegang la dikopo ste dintšhwa e tla nna mo letlheng le modiradikopo a tshwanelang ke go ikwadisetsa VAT.
Peterolo ya disele le tla duelwa mo akhaontong ya banka ka mokgwa wa eleketeroniki wa. Ga go tšheke e e tla ntshiwang. Dintlha ka ga banka tse di neetsweng mo foromong ya VAT 101D di tla tlosiwa go emela ditlankana tsa banka tse di leng teng mo tsamaisong ya VAT, fa e le gore di a farologana.
Itsitse Tirelo ya Matlole ya Aforika Borwa fa e le gore ditlankana ka ga banka di fetotswe.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Ga go nako e e tsepameng e e beilweng.
Godimo
Tlhotlhwa
Ditirelo ga di duelelwe.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
