Kopo ya go kwadisa patente
Tlhaloso
Patente ke tshwanelo e e kgethegileng e e fiwang khamphane e e ribolotseng sengwe.Thibololo ya mothale o e tshwanetse go nna kumo kgotsa thulaganyo e e nayang tsela e ntshwa ya go dira sengwe, kgotsa e e nayang tharabololo ya setegeniki ya bothata.
Patente e naya tshireletso ya thibololo go mong wa patente. Tshireletso ya patente e ka tsaya dingwaga tse di rileng, ka kakaretso patente e tsaya dingwaga di le 20. Tshireletso ya patente e raya gore ga go na motho kgotsa khamphane e e ka dirang kumo ya mothale o ka maikaelelo a go e rekisa kgotsa go e dirisa kwa ntle ga tumelelo ya mong wa yona.
Dikgato tse di latelwang
Bona diforomo tse di tlhokegang tsa kopo go tswa kwa ofising ya Mokwadise wa di-patente.
Tlatsa diforomo.
Romela khopi e e kanisitsweng ya lekwaloitshupo.
Faela lekwalokopo ya nakwana mo foromong e e maleba - se se ka diragatswa ke mokopi ka thuso kgotsa kwa ntle ga thuso ya mmueledi.
Faela lekwalokopo le le feletseng - se se tshwanetse go dirwa ka therisano le mmueledi wa patente.
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Patente ya nakwana e tsaya dikgwedi di le pedi go kwadisiwa
Patente e e feletseng e ka tsaya dikgwedi di le thataro go konosediwa
Tlhotlhwa
Diforomo tse di tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
