Ditlhokego tse dingwe gape tsa go ikwadisa mo lefelong la katiso - Bonetetshi jwa Tikologo
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Bogolo jwa mefutafuta ya borutegi mo lefelong la bonetetshi jwa tikologo e e rutiwang bogolosegolo ke diyunibesithi, ka dinako dingwe e dira gore go batle go sa kgonagale go sekaseka borutegi bo le bongwe mo thupisong-bontsi jwa bonetetshi. Ka jalo go botlhokwa go netefatsa pele gore a motho a ka fetsa borutegi jaaka monetetshi mo go nngwe ya mafelo a tiro ya "motheo". Seno se raya gore motho a ka tshwanela go katisiwa jaaka mokemise, mojeoloji, mobothani kgotsa nngwe ya mafelo a tsa bonetetshi jwa tsa tlhago mme a kgotsofatsa ditlhokego tsotlhe tsa borutegi pele a ka tabogela go ikwadisa mo lefelong la Bonetetshi jwa Tikologo. Seno ga se reye gore ke boikwadiso sebedi.
Batho ba ba ratang go dira jaaka banetetshi ba tikologo ba tlhoka go ikwadisa le Lekgotla la Bonetetshi jwa tsa Tlhago jwa Seporofešene la Aforika Borwa .
Motho mongwe le mongwe yo o eletsang go ikwadisa jaaka Monetshi wa tsa Tlhago wa Moporofešenale mo lefelong la Bonetetshi jwa Tikologo, o tshwanetse a bo a na le dikirii ya dinyaga di le nne ya B.Sc, Onase ya B.Sc kgotsa B.Tech mo bonetetshing jwa tsa tlhago.
bo tla akaretsa thuto e le nngwe go na le ya bonetetshi jwa tikologo go tswa mo mafelong a tiro a a kwadilweng mo Mametlelelong-1, ya Molao wa Bonetetshi jwa tsa Tlhago jwa Seporofešenale wa 2003
e tshwanetse ya ithutiwa ka go anama le go tsenelela go go golang mo dinyageng di le nne, gape e tshwanetse ya bo e theilwe mo godimo ga bonnye jwa dithuto di le pedi tsa motheo wa tsa bonetetshi jwa tsa tlhago tsa fisika tsa maemo-1, khemesitiri, matematekisi, le/kgotsa baeoloji.
Bonnye jwa diporosente di le 50% tsa dirutwa tse di leng mo lenaaneng di tshwanetse go aroganyetswa jaaka dirutwa tsa bonetetshi jwa tsa tlhago.
Mo godimo ga ditlhokego tse di fa godimo, motho yo o ratang go kwadisiwa mo lefelong la Bonetetshi jwa Tikologo, o tshwanetse go kgona go neela bopaki jwa katiso mo Botsamaising jwa Tikologo . Seno e ka nna karolo ya lenaane la dikirii ya dinyaga di le nne kgotsa ka tsela ya dikhoso tse khutshwane tse di amogetsweng. O tshwanetse go nna le rekoto e e supang fa o tlhaloganya dipatlisiso le tiro e e tsamaelanang le bonetetshi jwa tlhago. O ka nna gape wa dira go anama ga se se dirwang ke badiri ba tikologo.
Barotloetsi ba go ithuta ba ba setseng ba feditse dikhoso di le mmalwa tsa botsamaisi ba tsa tikologo, fela ba se na katiso e e tlhokegang ya bonetetshi jwa tlhago, sekao, barulaganyi ba toropo, basosioloji, baekonomi, baagiteke le bathutafatshe/jeokerafi ba ba nang le dikiriii ya B.A., ga ba kitla ba atlega go ikwadisa jaaka banetetshi ba tsa tlhago ba seporofešenale, jaaka, Barotloetsi ba go ithuta ba ba jalo, ba tshwanetse go nna le batho ba ba nang le katiso ya tsa bonetetshi ba tsa tlhago mo ditlhopheng tsa bona.
Bakopi ba tshwanetse go ntsha bosupi jwa go nna le seabe mo diporojekeng tse di ka nnang pedi kgotsa go feta. Dipegelo tsa diporojeke tse di setseng di feditswe di tla sekegelwa tsebe, fa fela go na le bosupi jo bo kgotsofatsang jwa go nna le kabelo ka bonosi.
Kwadiso ka Modiri wa Tlhatlhobo ya Tikologo ya Aforika Borwa e tla tsewa jaaka bosupi jo bo kgotsofatsang jwa tlhokego e e fa godimo.
Fa godimo ga foo, go tshwanetse ga neelwa tshedimosetso ya dikhonferense tse go ilweng kwa go tsaona le diphasalatso tsa bonetetshi.
Ditherisano di tla tshwarwa le wena ke phanele ya batho ba le babedi ba ba tlhophilweng ke SACNASP e e maleba le Komiti ya Dikgakololo ya Seporofešenale .
Dikopo tsotlhe di tshwanetse go tlhatlhobiwa ke PAC e e maleba, mme e letleletswe ke Komiti ya Ikwadiso ya SACNAP mme tsa rebolwa ke Lekgotlha le le tletseng.
Dipoelo tsa tlhatlhobo e, ga di kitla di itsisiwa go fitlhela kopano ya Lekgotlha e tswa.
Khansele e ka nna ya gana go kwadisa mokopi ka ntlha ya maemo a a latelang:
Fa, morago ga tshimologo ya tiriso ya Molaotlhomo wa Repaboliki ya Aforika Borwa ya 1996, mokopi a kile a tshwarelwa tshenyo,e ka tswe e le mo Repaboliking kgotsa kwa go sele, mme a tlhatlhelwa kwa kgolegelong nako ya dikgwedi di le tharo kgotsa a ntsha faene jaaka e le tsela nngwe ya go bonwa molato.
Fa Kgotlatshekelo e begile fa mokopi a sa itekanela mo tlhaloganyong kgotsa a tsenwa, kgotsa fa a kile a tshwarwa ka fa tlase ga Mental Health Act, 2002 .
Fa go ikwadisa ga mokopi e emisitswe nakwana ka ntlha ya kwatlhao e nngwe fela jaaka e dirwa mo go ena ka fa tlase ga Molao.
Fa mokopi a tlositswe mo setulong sa gagwe sa go tshepiwa ka ntlha ya maitsholo a a sa siamang.
Fa mokopi e le motho yo go kgonagalang gore a ka busetswa sekeng sa gagwe fa a se na go wa, mme go wa ga gagwe go tlhotswe ke go se ele tlhoko ga gagwe kgotsa ka ntlha ya go tlholwa ke tiro mme kopo e a e dirang, e wela mo bogolong jwa karolo e a dirang kopo ya kwadiso ya yona.
Lekgotlha le tla go itsise ka lekwalo fa kopo ya gago ya go ikwadisa e gannwe.
O ka nna wa dira boikuelo kgatlhanong le Lekgotlha mo malatsing a le 30.
O tshwanetse go dira kopo go Lekgotlha fa o batla go ntšhwafatsa ikwadiso ya gago mo dikgweding tse tharo pele ikwadiso ya gago e fela.
Dikarolo tsa go ikwadisa di latelana jaana:
Monetshi wa tsa Tlhago wa Moporofešenale
Moithuti wa Monetetshi wa tsa Tlhago
Monetetshi wa tsa Tlhago yo o nang le Setifikeit
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Tlatsa foromokopo e e bonwang kwa Lekgotla la Seporofešene la Boneteshi jwa tsa Tlhago la Aforika Borwa .
Tsenya kopo ya gago le tefo e e rebotsweng.
Lekgotla le tla kwadisa la ba la ntsha setifikeiti sa kwadiso fa le kgotsofetse gore o na le thuto e e maleba le maitemogelo jaaka go tlhotlhomisitswe ke Lekgotla.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Kwadiso e ka tsaya dibeke di le thataro go ya go di le robedi, go ya ka gore o tsentse tokomane e e tlhokegang leng.
Godimo
Tlhotlhwa
Fa o dirisa go banka ka eleketeroniki le fa o tsenya madi ka tlhamalalo: Tsweetswee dirisa ditlhaka tsa pele tsa leina le sefane go lemoga tuelo ya gago mo seteitementeng sa rona sa banka mme o fekese bopaki jwa gore o duetse mmogo le tsebe ya ntlha ya foromokopo ya gago go: 841 1057.
Dintlha tsa banka :
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
