Kopo ya go ikwadisa jaaka leloko la Tsamaiso ya Boikwadiso jwa Tshedimosetso e e mo Inthaneteng
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Boikwadiso jwa dikano bo buletse mongwe le mongwe mo setšhabeng go bona tshedimosetso. Badirisi ba webo ya dikano ba bona online e e latelang go tswa go webosaete:
Tshedimosetso e e golaganeng le boikwadiso jwa dithuto tse di tsamaiswang, go tshwana le tse di latelang:
maina, ditlankana tsa boitshupo jwa lenyalo la beng palo ya dikeletso tse di ikwadisitsweng kgatlhanong le batho le dithoto ditlankana tsa phetiso ya thoto go tsenyeletsa letlha la kwadiso le tlhotlhwa ya thekiso ditlankana tsa peeletso ya go itlama, go tsenyeletsa maina a babeeletsi le palo ya letlotlo.
Dikgatiso tsa eleketeroniki le tsa dikano tsa makrofilimi le ditokomane.
Go bona diponagalo tse, o tshwanela o nne moikanisi yo o ikwadisitseng wa webo yo o ikwadisitseng yo e leng leloko jaaka go tlhaloswa ke dituelo tse di duelwang. Lenane la Dituelo tsa Kantoro jaaka le tlhalosiwa ke molao wa boikwadiso jwa dikano wa 1937 le ka bonwa mo Atereseng ya poso kwa tlase.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
E ya go www.deeds.gov.za. Lenane le le tlhophilweng la ditiragatso tse di solofelwang le le tlhagelelang mo Atereseng ya poso.
Tlatsa foromo ya boikwadiso e e mo online.
Leina tiriso le tla romelwa go wena. E, e tla nna akhaontonomoro ya gago ya maikaelelo otlhe a matlotlo. O tla neelwa le nomoro ya sephiri e o tla tshwanelang ke go e fetola ka bonako jo bo kgonegang morago ga foo.
Duela tuelo ya boikwadiso. Melwana ya go banka le ditlankana di tlhagelela mo Atereseng ya poso.
Fa o fetsa go tsenya tuelo ya boikwadiso mo akhaontong ya mokwadisimogolo wa dikano, letsetsa kantoro ya mokwadisimogolo go mo itsise ka tuelo ya gago. Nomoro ya mokwadisimogolo e tla netefatsa tuelo ya gago.
kantoro ya go ikgolaganya e tla dira gore akhaonto e simolole go dira mme o tla kgona go bona tshedimosetso ya webosaete kwa bofelong jwa kgwedi nngwe le nngwe o tla romelwa setatamente . Setatamente seo se bonwa mo atereseng ya poso go go kgontsha go lekola ditefo le go go gopotsa ka dituelo mo akhaontong.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Fa o fetsa go ikwadiswa, tshedimosetso e tla nna gone ka bonako.
Godimo
Tlhotlhwa
Tuelo ya boikwadiso ke: R240
Tuelo ya tsamaiso ka kgwedi: R10
Tlhotlhomiso: bonnye jo bo kana ka R1, bogolo jo bo kana ka R3 go ya go ya tekanyetso e e fetogang e e ikgolagantseng le nomorotlhomamiso e dirwang mo kgweding.
Tuelo ya boikgolaganyo fa akhaonto e saletse kwa morago ka malatsi a le 30: Yona ke R80.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Foromo ya boikwadiso e tla fitlhelwa mo atereseng ya poso: DeedsWeb
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
