Kopo ya go ikwadisa jaaka moporofešenale wa monetetshi wa tsa tlhago ka mo lefelong la Boneteshi jwa Forensiki
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Batho ba ba ratang go dira jaaka banetshi ba tsa tlhago, ba kopiwa go ikwadisa le Lekgotlha la Banetetshi ba tsa Tlhago la Borutegi/Porofešenale ba Aforika Borwa. Lekgotla le ikaelela go:
tlhabolola tiro ya bonetshi ba tsa tlhago ba seporofešenale mo Aforika Borwa go laola boemo jwa boitshwaro jwa seporofešenale jwa banetshi ba tsa tlhago, baithuti ba banetshi ba tsa tlhago le/kgotsa banetetshi ba tsa tlhago ba ba nang le disetifikeiti;
tlhokomela boemo jwa thuto le katiso ya banetetshi ba tsa tlhago, le go lemoga thuto le katiso tse e leng ditlhokegopele tsa go ikwadisa go ya ka Molao wa Akatemi ya Bonetetshi ya Aforika Borwa wa 2001 .
Batho ba ba sa ikwadisang ga ba a tshwanela go dira tiro e e tlhophetsweng batho ba ba ikwadisitseng.
Goreng o tshwanetse go ikwadisa?
go go kgontsha go dira tiro ya seporofešenale Go dirisa leina la semmuso le thaetlele e e reng 'monetetshi wa tsa tlhago' kgotsa go kgomaretsa khutswafatso e e laotsweng fa morago ga leina la gago.
go dira mo maemong a go neela maele go itumelela maemo a seporofešene le go nna le seabe mo dipoelong tse di neelwang ke ditheo tsa ditšhelete go itumelela tshegetso ya SACNASP le netefatso ya bokgoni jwa gago jo bo ka se keng jwa belaelwa go sireletsa le go tiisa seporofešene.
Gore o tlhaolwe go ikwadisetsa go dira mo lefelong la Bonetetshi jwa Forensiki , ditlhokego tse di latelang di tshwanetse go kgotsofatswa:
Motho mongwe le mongwe yo o eletsang go ikwadisa jaaka Monetshi wa tsa Tlhago wa Moporofešenale mo lefelong la Bonetetshi jwa Forensiki, o tshwanetse a bo a na le dikirii ya dinyaga di le nne ya B.Sc, Onase ya B.Sc kgotsa B. Tech mo bonetetshing jwa tsa tlhago.
Borutego jo bo jalo, bo tla akaretsa thuto e le nngwe go tswa mo mafelong a tiro a a kailweng mo lenaneong la Mametlelelo ya 1 ya Natural Scientific Professions Act ya 2003 , gape:
e tshwanetse ya ithutiwa ka go anama le go tsenelela go go golang mo dinyageng di le nne;
e tshwanetse ya bo e theilwe mo godimo ga bonnye jwa dithuto di le pedi tsa motheo wa tsa bonetetshi jwa tsa tlhago tsa fisika tsa maemo-1, khemesitiri, matematekisi, le/kgotsa baeoloji.
Bonnye jwa diporosente di le 50% tsa dirutwa tse di leng mo lenaaneng di tshwanetse go aroganyetswa jaaka dirutwa tsa bonetetshi jwa tsa tlhago.
Katiso e nngwe gape:
O tshwanetse go kgona go neela bosupi jwa katiso ya Bonetetshi jwa Forensiki kgotsa ya Dipatlisiso, sekao, go tlhatlhoba ditkomane, go batlisisa molelo, go tbatlisisa matshwao a sedirisiwa, go batlisisa botšhotšhisi, ditsamaiso tsa molao le kgotlatshekelo, paki ya matwetwe, kgotsa dikhoso tse dingwe tse di amogetsweng.
O tshwanetse go tlhaloganya sentlentle ditiro tse di tsamaelanang le bonetetshi jwa tsa tlhago le dipatlisiso. Dikarolo tsa kitso tse di leng botlhokwa go modiri wa bonetetshi jwa forensiki, di akaretsa manaane a khoso ya forensiki. Go botlhokwa gore moneteshi yo o katisiwang wa forensiki, a godise kutlwisiso ya dikarolo tsa kitso tse di leng botlhokwa go Bonetetshi jwa Forensiki mme a bone bokgoni le maitemogelo mo go diragatseng motheo wa dikgopolo tse di latelang tsa forensiki:
kitso ya go rarabolola mathata bopaki jwa ka mo kgotlatshekelong matseno mo go tsa molao netefatso ya boleng dingwao go dira seporofešenale go kokoanya, le go tlhatlhoba bopaki bokgoni jwa bonetethi le go rarabolola mathata a kwa laborotaring go dirisa bonetetshi mo ditsamaisong tsa molao dithekeniki tsa bosekaseki jwa forensiki go sekaseka lefelo la bosenyi dikgopolo tsa bopaki jo bo bonwang ka matlho khemisitiri ya go sekaseka le tshekatsheko ya mekgwa e e dirisiwang patlisiso ya seritibatsi, khemikale ya botlhole, maekheroskopi le dire baeloji ya forensiki maitemogelo a kwa tirong.
patlisiso le karoganyetso ya dibetsa/ditlhabano go golaganya sebetsa le bosenyi, go tlhokomela mafelo a bosenyi, le go batlisisa kgonego ya go dirisa bopaki jwa forensiki.
Dipatlisiso tsa kotsi:
tshegetso ya setegeniki fa go sekasekiwa dikotsi tsa pharakano ya tsela, kagosešwa ya ditiragalo tse di tlhotseng thulano, dipatlisiso tse di tseneletseng tsa dikarolo tsa sejanaga, kitso ya thekenoloji ya dipalangwa Borutegi jwa fisika kgotsa jwa dire tsa bonetetshi bo tla nna maleba dipatlisiso tsa molel dithuto tsa ditokomane tsa dipotso - temogo ya mokwalo tiriso ka botlalo ya lefelo le poelo ya bopaki tiroso ka botlalo ya boleng jwa bopaki bokwadi jwa bonetetshi ditlhotlhomiso tse di tsamaelanang le tsa seforensiki maitemogelo ka mo tikologong ya laborotori tiro ya tshekatsheko e motheo wa yona e leng khemisetiri le baeolji go nna moeletsi kwa lefelong la bosenyi maikarabelo a go tlhokomela ka mo laborotoring fa go sekasekiwa dire tse di amilweng tse di golaganngwang le bosenyi tshekatsheko - baeoloji, khemisitiri, diritibatsi le botlhole bopaki jo bo sa gobeleleng jwa bonetetshi mo dikgotlatshekelong tsa molao go tshegetsa botšhotšhisi kgotsa kemedi mo dipatlisisong tsa bosenyi tiro ya ditshwantsho .
Dikaolo tsa go ikwadisa ke tse di latelang:
Monetshi wa tsa Tlhago wa Moporofešenale
Moithuti wa Monetetshi wa tsa Tlhago
Monetetshi wa tsa Tlhago yo o nang le Setifikeiti
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Tlatsa foromokopo e e bonwang kwa Khanseleng.
Tsenya tefo e e laotsweng ya go ikwadisa le kopo ya gago. Lekgotlha le tla kwadisa le go ntsha setifikeiti sa ikwadiso fa le kgotsofetse gore o na le thuto e e maleba e e batlegang le maitemogelo jaaka dilo tse di laolwa ke Lekgotlha.
Ditherisano di tla tshwarwa le wena ke phanele ya batho ba le babedi ba ba tlhophilweng ke SACNASP e e maleba le Komiti ya Dikgakololo ya Seporofešenale
Dikopo tsotlhe di tshwanetse go tlhatlhobiwa ke PAC e e maleba, mme e letleletswe ke Komiti ya Ikwadiso ya SACNASP mme tsa rebolwa ke Lekgotlha le le tletseng.
Dipoelo tsa tlhatlhobo e, ga di kitla di itsisiwa go fitlhela kopano ya Lekgotlha e tswa.
Khansele e ka nna ya gana go kwadisa mokopi ka ntlha ya maemo a a latelang:
fa, morago ga tshimologo ya tiriso ya Molaotlhomo wa Repaboliki ya Aforika Borwa ya 1996, mokopi a kile a tshwarelwa tshenyo,e ka tswe e le mo Repaboliking kgotsa kwa go sele, mme a tlhatlhelwa kwa kgolegelong nako ya dikgwedi di le tharo kgotsa a ntsha faene jaaka e le tsela nngwe ya go bonwa molato fa Kgotlatshekelo e begile fa mokopi a sa itekanela mo tlhaloganyong kgotsa a tsenwa, kgotsa fa a kile a tshwarwa ka fa tlase ga Molao wa Boitekanelo jwa Tlhogo wa 1973
fa go ikwadisa ga mokopi e emisitswe nakwana ka ntlha ya kwatlhao e nngwe fela jaaka e dirwa mo go ena ka fa tlase ga Molao fa mokopi a tlositswe mo setulong sa gagwe sa go tshepiwa ka ntlha ya maitsholo a a sa siamang fa mokopi e le motho yo go kgonagalang gore a ka busetswa sekeng sa gagwe fa a se na go wa, mme go wa ga gagwe go tlhotswe ke go se ele tlhoko ga gagwe kgotsa ka ntlha ya go tlholwa ke tiro mme kopo e a e dirang, e wela mo bogolong jwa karolo e a dirang kopo ya kwadiso ya yona.
Lekgotlha le tla go itsise ka lekwalo fa kopo ya gago ya go ikwadisa e gannwe.
O ka nna wa dira boikuelo kgatlhanong le Lekgotlha mo malatsing a le 30.
Tshwanetse go dira kopo go Lekgotlha fa o batla go ntšhwafatsa ikwadiso ya gago mo dikgweding tse tharo pele ikwadiso ya gago e fela.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Kwadiso e ka tsaya dibeke di le thataro go ya go di le robedi, go ya ka gore o tsentse tokomane e e tlhokegang leng.
Godimo
Tlhotlhwa
Fa o dirisa go banka ka eleketeroniki le fa o tsenya madi ka tlhamalalo: Tsweetswee dirisa ditlhaka tsa pele tsa leina le sefane go lemoga tuelo ya gago mo seteitementeng sa rona sa banka mme o fekese bopaki jwa gore o duetse mmogo le tsebe ya ntlha ya foromokopo ya gago go: 841 1057.
Dintlha tsa Banka:
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
