Kopo ya go ikwadisa jaaka moemedi wa thekontle ya dire tsa bosika jwa diphologolo
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Moemedi wa thekontle ya dire tsa bolosika jwa diphologolo o tshwanetse go ikwadisa le Mokwadise wa Tokafatso ya Diphologolo pele a ka dira thekontle ya dire tsa bolosika jaaka pelwana , popelo kgotsa moroto wa senna go tlisa mo Aforika borwa.
Moemedi wa thekontle o tshwanetse go kgotsofatsa dintlha tse di latelang:
lefelo la gagwe le tshwanetse go nna le didiriswa tsotlhe tse di beetsweng go dirisetswa dire tsa bolosika lwa diphologolo lefelo la gagwe le tshwanetse go nna le didiriswa tsa laboratori le tsa kgololo ya makgetho tse di nyalanang le maemo a a beilweng badiri ba tshwanetse go nna le bokgoni jwa go dira ka moroto wa senna.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Pagolola foromo mo websaeteng mme o e tlatse gotlhe. Foromo e ka nne ya kopiwa gape go tswa go Mokwadise wa Tokafatso ya Diphologolo .
Diforomo tse di sa tladiwang ka botlalo di tla busediwa morago kwa go beng ba tsona.
Dikopo di tshwanetse go kanisiwa ke ngaka ya diruiwa yo o filweng dithata ke Bothati jwa Dingaka tsa Diruiwa tsa Aforika borwa.
O tshwanetse go romela madi a a lekaneng fa o romela kopo nngwe le nngwe. Ditsheke tsotlhe le dipousetaleota di tshwanetse go romelwa go: Director-General: Agriculture. Dintlha tsa banka:
Nomoro ya akhaonte: 011219556
khoute ya Lekala: 000845/010845
Diforomo di tshwanetse go romelwa go:
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Kopo e ka tsaya malatsi a le 30 go konosediwa.
Godimo
Tlhotlhwa
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
