Kopo ya go kwadisa seteišene sa go tlhatlhobiwa ga dirori
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Seteišene sa go tlhatlhobiwa ga dirori ke lefelo le le tlhatlhobang dirori le go rebola ditifikeiti tsa go siamela tsela. Go na le diteišene tsa go tlhatlhoba dirori tsa poraefete le tsa botlhe. Diteišene tsotlhe tsa go tlhatlhoba dirori di tshwanetse go kwadisiwa le go lekanyediwa pele di ka rebola ditifikeiti tsa go siamela tsela. Fa Lefapha la Dipalangwa le sena go amogela kopo, le tla romela batlhatlhobi kwa seteišeneng sa tlhatlhobo go netefatsa gore se ikobela maemo a bokgoni a setegeniki a kwadiso jaaka a beilwe ke Moono wa Tsamaiso wa Biro ya Maemo ya Aforika Borwa .
Bokgoni jwa setegeniki bo kaya dilo tse di tla dirisiwang ke seteišene sa tlhatlhobo le katiso ya batlhatlhobi ba dirori.
Diteišene tsa tlhatlhobo tse di kwadisitsweng di ka tlhatlhoba le go leka fela dirori go ya ka tekanyetso ya tsona.
Go kwadisa seteišene sa tlhatlhobo sa poraefete, ikgolaganye le kantoro e e gaufi nao ya tsa pharakano go bona tshedimosetso e nngwe.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Tlatsa foromo ya TS1, Kopo ya go kwadisa Seteišene sa Tlhatlhobo, kwa kantorong e e gaufi nao ya tsa pharakano.
Romela Lekwaloitshupo la gago le la kemedi ya botsamaisi fa o dira kopo mo boemong jwa seteišene sa tlhatlhobo.
O ka kopiwa go romela ditlankana tse dingwe ke MEC.
Duela tlhwatlhwa e e beilweng.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Go ka tsaya dikgwedi tse thataro go diragatsa kopo ya gago.
Godimo
Tlhotlhwa
