Kopo ya go kwadisa letshwaokgwebo
Tlhaloso
Letshwaokgwebo ke ina-lentle , tsekedi kgotsa letshwao le le dirisiwang ke kgwebo go tlhalosa kumo ya yona. Letshwaokgwebo le lemosa bareki ka ditirelo kgotsa dithoto tsa motho a le mongwe le bo le bontsha pharologanyo magareng ga dithoto le ditirelo tsa gagwe le tsa batho ba bangwe.Dikao di akaretsa::
Ka jalo ina-lentle ke lefoko kgotsa kopanyo ya mafoko . Tsekedi ke polelwana kgotsa polelo fa letshwao lona e le setshwantsho kgotsa sekai. Mareo a a fa godimo a, ke ona a tlhalosang kumo mo mmarakeng, mme e bile tiriso le bokao ba ona, bo ka akaretsa kumo le tirelo ka bobedi.
Fa letshwaokgwebo di setse di kwadisitswe, ga go motho ope yo o ka dirisang letshwaokgwebo le, kgotsa lengwe le le tshwanang le lona.Fa se se ka diragala, mong wa letshwaokgwebo a ka tsaya dikgato tsa semolao kgatlhanong le ba ba le dirisang. Go setse go nnile le dikgetse tse di kileng tsa tsosa modumo o mogolo mo Aforika borwa fa Macdonalds ya kwa USA e ne e isitse kgwebo ya Aforika borwa e e neng e dirisa letshwao le le tshwanang le la yona la "M".
Dikgato tse di latelwang
Bona foromo TM1 mme o e tlatse ka seraro. Dikhopi di le pedi di tla tsewa kwa ofising mme ya boraro e tla nna ya gago mme o e tshole jaaka bosupi jwa gore o dirile kopo.
Duela madi a ikwadiso kwa pele kgotsa o a duele fa o romela lekwalokopo.
Fa o batla go bona karoganyetso ya tota ya dithoto le ditirelo, o ka ya go: Nice Classification - 8th edition , Kgotsa, o ka etela ofisi ya rona mo Pretoria.
Tlatsa mo karoganyetsong 51 ya foromo TM1.
Kwala dithoto tsotlhe le ditirelo tse o batlang go di dirisetsa letshwaokgwebo mo field 57 ya foromo TM1.
tshwanetse go nna kelotlhoko thata gore o seke wa kopanya ditirelo le dithoto tse di welang mo dikaroganyetsong tse di farologaneng mo lekwalokopong la letshwaokgwebo le le lengwe. Fa o ka dira se, o tla kopiwa go fetola dikumo tse di totobaditsweng gore o tsenye fela dithoto le ditirelo tse di welang mo karoganyetsong eo. Mo go tse dingwe tsotlhe, o tla tshwanela ke go faela lekwalokopo le le farologaneng sešwa..
Field 74 ya TM1 "aterese ya tirelo" ke aterese e o tlo romelwang tlhaeletsano yotlhe go tswa kwa ofising ya Matshwaokgwebo. Fa e le gore aterese e e a fetoga, o tshwanetse go itsise Lefapha malebana le se ka go kopa foromo TM2 " Phetogo ya aterese e e dirisiwang"..
Fa lekwalokopo la gago le nyalana le ditlhokego tsotlhe , o tla fiwa letlha la kopo le nomoro. Go tla dirisiwa yona nomoro e mo mefuteng yotlhe ya ditlhaeletsano tse di tswang kwa mo ofising. Le fa e le gore go tsaya dikgwedi di le 18 go kwadisa Letshwaokgwebo, o ka nne wa simolola go le dirisa morago fela, fa o fetsa go amogela nomoro ya kopo.
Fa letshwaokopo la gago le ka amogelwa kwa ntle ga peelomabaka, o tshwanetse go e bapatsa mo Patent Journal, e e phasaladiwang kgwedi nngwe le nngwe ke Kgatiso ya Puso.
Setšhaba se fiwa sebaka sa dikgwedi di le tharo go tlhagisa kemogatlhanong ya bona malebana le leina..
Fa go na le kemogatlhanong e e amogelwang, Mokwadise wa Matshwaokgwebo o tla laela gore go nne le tsheko magareng ga mokopi le moganetsi.
Fa go se na kemokgatlhanong epe, setefikeiti sa ikwadiso ya letshwaokgwebo se tla abiwa.
Leletsa mogala wa kantoro ya barekedi .
Duela kwa bankeng o dirisa khoutu ya morekedi.
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Go ka tsaya dingwaga di le pedi go konosetsa kopo ya ikwadiso ya letshwaokgwebo..
Tlhotlhwa
R85 go sekaseka fa go setse go na le matshwaokgwebo a mangwe
R266 karoganyetso nngwe le nngwe ya letshwaokgwebo
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
