Kopo ya go ikwadisa jaaka monetetshi wa tsa tlhago wa borutegi/porofešenale
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Batho ba ba ratang go dira jaaka banetshi ba tsa tlhago, ba kopiwa go ikwadisa le Lekgotlha la Banetetshi ba tsa Tlhago la Borutegi/Porofešenale ba Aforika Borwa. Lekgotla le ikaelela go:.
tlhabolola tiro ya bonetshi ba tsa tlhago ba seporofešenale mo Aforika Borwa.
go laola boemo jwa boitshwaro jwa seporofešenale jwa banetshi ba tsa tlhago, baithuti ba banetshi ba tsa tlhago le/kgotsa banetetshi ba tsa tlhago ba ba nang le disetifikeiti;
tlhokomela boemo jwa thuto le katiso ya banetetshi ba tsa tlhago, le go lemoga thuto le katiso tse e leng ditlhokegopele tsa go ikwadisa go ya ka Molao wa Akatemi ya Bonetetshi ya Aforika Borwa wa 2001 .
Batho ba ba sa ikwadisang, ga ba a tshwanela go dira tiro e e tlhaoletsweng batho ba ba ikwadisitseng.
Goreng o tshwanetse go ikwadisa?
Go kgona go dira tiro ya seporofešenale.
Go dirisa leina la semmuso le thaetlele e e reng 'monetetshi wa tsa tlhago' kgotsa go kgomaretsa khutswafatso e e laotsweng fa morago ga leina la gago.
Go dira mo maemong a go neela maele.
Go itumelela maemo a seporofešene le go nna le seabe mo dipoelong tse di neelwang ke ditheo tsa ditšhelete.
Go itumelela tshegetso ya SACNASP le netefatso ya bokgoni jwa gago jo bo ka se keng jwa belaelwa.
Go sireletsa le go tiisa seporofešene
Ditlhokego tsa go ikwadisa ke dife?
Go ikwadisa jaaka monetshi wa tsa tlhago wa seporofešene - go tlhokega dikirii/dipoloma ya dinyaga di le nne le dinyaga di le nne tsa maitemogelo.
Fa o batla go ikwadisa jaaka moithuti wa bonetetshi ba tsa tlhago - go tlhokega dikirii/dipoloma ya dinyaga di le nne le maitemogelo.
Go ikwadisa jaaka monetetshi wa tsa tlhago yo o nang le setifikeiti - go tlhokega dikirii/dipoloma ya dinyaga di le tharo mme o na le maitemogelo a ngwaga. Dikarolo tsa go ikwadisa di latelana jaana:
Monetshi wa tsa Tlhago wa Moporofešenale
Moithuti wa Monetetshi wa tsa Tlhago
Monetetshi wa tsa Tlhago yo o nang le Setifikeit
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Tlatsa foromokopo e e bonwang kwa Khanseleng.
Tsenya tefo e e laotsweng ya go ikwadisa le kopo ya gago. Lekgotlha le tla kwadisa le go ntsha setifikeiti sa ikwadiso fa le kgotsofetse gore o na le thuto e e maleba e e batlegang le maitemogelo jaaka dilo tse di laolwa ke Lekgotlha.
Ditherisano di tla tshwarwa le wena ke phanele ya batho ba le babedi ba ba tlhophilweng ke SACNASP e e maleba le Komiti ya Dikgakololo ya Seporofešenale
Dikopo tsotlhe di tshwanetse go tlhatlhobiwa ke PAC e e maleba, mme e letleletswe ke Komiti ya Ikwadiso ya SACNAP mme tsa rebolwa ke Lekgotlha le le tletseng.
Dipoelo tsa tlhatlhobo e, ga di kitla di itsisiwa go fitlhela kopano ya Lekgotlha e tswa.
Khansele e ka nna ya gana go kwadisa mokopi ka ntlha ya maemo a a latelang:
Fa, morago ga tshimologo ya tiriso ya Molaotlhomo wa Repaboliki ya Aforika Borwa ya 1996, mokopi a kile a tshwarelwa tshenyo,e ka tswe e le mo Repaboliking kgotsa kwa go sele, mme a tlhatlhelwa kwa kgolegelong nako ya dikgwedi di le tharo kgotsa a ntsha faene jaaka e le tsela nngwe ya go bonwa molato.
Fa Kgotlatshekelo e begile fa mokopi a sa itekanela mo tlhaloganyong kgotsa a tsenwa, kgotsa fa a kile a tshwarwa ka fa tlase ga Molao wa Boitekanelo jwa Tlhogo wa 1973 .
Fa go ikwadisa ga mokopi e emisitswe nakwana ka ntlha ya kwatlhao e nngwe fela jaaka e dirwa mo go ena ka fa tlase ga Molao.
Fa mokopi a tlositswe mo setulong sa gagwe sa go tshepiwa ka ntlha ya maitsholo a a sa siamang.
Fa mokopi e le motho yo go kgonagalang gore a ka busetswa sekeng sa gagwe fa a se na go wa, mme go wa ga gagwe go tlhotswe ke go se ele tlhoko ga gagwe kgotsa ka ntlha ya go tlholwa ke tiro mme kopo e a e dirang, e wela mo bogolong jwa karolo e a dirang kopo ya kwadiso ya yona.
Lekgotlha le tla go itsise ka lekwalo fa kopo ya gago ya go ikwadisa e gannwe.
O ka nna wa dira boikuelo kgatlhanong le Lekgotlha mo malatsing a le 30.
O tshwanetse go dira kopo go Lekgotlha fa o batla go ntšhwafatsa ikwadiso ya gago mo dikgweding tse tharo pele ikwadiso ya gago e fela.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Kwadiso e ka tsaya dibeke di le thataro go ya go di le robedi, go ya ka gore o tsentse tokomane e e tlhokegang leng.
Godimo
Tlhotlhwa
Tefo e e beilweng ya 1 Moranang 2007 go fitlha ka 31 Mopitlwe 2008 e latela jaana:
Monetshi wa tsa Tlhago wa Moporofešenale : R620 go ya ka lefelo la katiso
Moithuti wa Monetetshi wa tsa Tlhago : R340 go ya ka lefelo la katiso
Monetetshi wa tsa Tlhago yo o nang le Setifikeit : R400 go ya ka lefelo la katiso
Fa o dirisa go banka ka eleketeroniki le fa o tsenya madi ka tlhamalalo: Tsweetswee dirisa ditlhaka tsa pele tsa leina le sefane go lemoga tuelo ya gago mo seteitementeng sa rona sa banka mme o fekese bopaki jwa gore o duetse mmogo le tsebe ya NTLHA ya foromokopo ya gago go : 841 1057.
Dintlha tsa Banka :
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
