Kopo ya go ikwadisa jaaka moemedi wa CIPRO
Tlhaloso
Khamphane ga mmogo le Ofisi ya Kwadiso ya Kakanyo e e masisi ke motho mongwe le mongwe kgotsa kgwebo yo o tshamekang seabe sa go tsereganya magareng ga bareki le Khamphane ga mmogo le Ofisi ya Kwadiso ya Kakanyo e e masisi .Baemedi ba tshwanetse go ikwadisa le CIPRO. Go na le mefuta e e farologaneng ya baemedi mo Aforika borwa, jaaka babueledi, difeme tsa babueledi, dibanka, baruni, dikgwebo tse dingwe le batho ba poraefete.
Batho botlhe ba ba dirisanang kgotsa ba ba batlang go dirisana le Mokwadise wa Dikhamphane le Dikgwebo tse di kopetsweng nako le nako ba tshwanetse go ikwadisa jaaka baemedi ba CIPRO. Fa e le gore o setse o ikwadisitse, ga go tlhokege gore o ikwadise gape, go tla tsosoloswa fela boloko jwa gago jaaka moemedi mme e bile ga o kitla o latlhegelwa ke khoutu ya gago ya boemedi.
Go ikwadisa, o tla tshwanela ke go duela depositi e o tla e busediwang mo akhaontong ya CIPRO. Fa go se na go tlhomamisiwa gore madi a ikwadiso a amogetswe, akhaonto ya gago e tla tsosoloswa mme ya siamela go dirisiwa.Ditshenyegelo tsa go leba le tsa kgatiso ya go kwadisa khamphane kgotsa kgwebo e e kopetsweng ke R30 setefikeiti sengwe le sengwe. Se se tla dirwa mo akhaontong ya gago ya banka e e tla golagangwang le khoutu ya moemedi, e e tla dirisiwang go go kopa go duela, kwa bokhutlong jwa kgwedi.
Dikgato tse di latelwang
Romela khopi ya lekwaloitshupo la gago
Molao o dirisiwang
Ga go na molao o o dirisiwang mo tirelong e.
Boemo jwa tirelo
Kopo e konosediwa mo letsatsing le le lengwe.
Tlhotlhwa
Ditshenyegelo tsa go boga le go gatisa kwadiso ya Khamphane le Kgwebo e e kopetsweng ke R30 setefikeiti sengwe le sengwe.
Diforomo tse di tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
