Kopo ya go kwadisa setlamo sa poraefete
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Setlamo sa poraebete ke kgwebo e e ikemetseng e le nosi e e leng ya banna le dišere mme dišere tsa bona di ka se ke tsa rekisetswa setšhaba. Go ya ka Molao wa Ditlamo wa 1973 , setlamo sa poraebete se tshwanetse go nna le banna le dišere ba le 50. Banna le dišereka gale ba bidiwa bakaedi ba setlamo.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Tsamaiso ya go kwadisa setlamo sa botlhe kgotsa sa poraebete, go amana le tsela e e tseneletseng. Ka ntlha ya bomarara jwa tsamaiso, ditirelo tsa babueledi, di tshwanetse go dirisiwa mo nakong ya go kwadisa.
Ikgolaganye le Lefapha la Kgwebo le Diintaseteri.
Tlatsa diforomo tse di latelang:
Go Beeletswa ga Leina la setlamo - Foromo ya CM5 le R50 e e tsenngwang mo khoutung ya moreki. Le modiriisi
CM22 - Thebolo ya maemo a kwadiso le a aterese ya poso.
Maatla a Mmueledi - Kitsiso ya go dira legatong la bagodisi.
CM29 - e bowa e na le dintlha tsa bakaedi, batlhankedi.
CM31 - Tumelelo ya go dira jaaka moruni
CM46 -Kopo ya setifikeiti sa go tswelela ka kgwebo le R60 e e tsentsweng mo khoutung ya modirisi/moreki.
CM47 - Dikanego tse di tlang ka bakaedi malebana le go lekana kgotsa go se lekane ga kapitale e e šeriwang.
Tlatsa memorantamo le le diathikele tsa kamano.
Duela madi a a beilweng.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Godimo
Tlhotlhwa
R350 - Memorantamo le Diathikele
R60 - Setifikeiti sa go simolola ka kgwebo.
R50 - Peeletso ya leina
R5 - go ya ka 1 000 nngwe le nngwe ya dišere tse di filweng.
Gotlhe - R465
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
