Kopo ya laesense ya serori
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Serori se laesense ya sona e sekegilweng, phimotsweng, utswitsweng kgotsa se se agiwang sešwa kgotsa go fetolwa se tshwanetse go rebolelwa laesense e nngwe. Go fela jalo le fa mong wa serori a fetoga kgotsa serori se bonwa go tswa mo thotong ya moswi.
Laesense ya serori e dira dikgwedi tse 12.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Ikgolaganye le kantoro ya pharakano e e gaufi nao.
Tlatsa foromo ya kopo kwa kantorong ya gaeno ya pharakano.
Tlaya le:
lekwaloitshupo le le amogelegang setifikeiti sa go siamela tsela se se bonwang kwa seteišeneng sa teko ya dirori setifikeiti sa Sepodisi sa Aforika Borwa sa Tumelelo lekwalo la Thata go tswa go Biro ya Maemo ya Aforika Borwa setifikeiti sa loso sa ga moswi .
Duela tlhwatlhwa e e beilweng.
Ela tlhoko: Madi a a saletseng kwa morago a tshwanetse go duelelwa dirori tse dilaesense tsa tsona di feletsweng ke nako mme di ne di sa ntšhwafadiwa.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Kopo e ka sekasekiwa ka letsatsi le e dirilweng ka lona.
Godimo
Tlhotlhwa
