Kopo ya kwadiso e e thari ya tsalo
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Kwadiso e e thari ya tsalo, ke fa botsalo jwa motho bo kwadisiwa morago ga go feta ngwaga ga botsalo.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Tlatsa foromo ya BI-24/1 fa kwadiso ya botsalo e diragetse morago ga ngwaga fela ka fa tlase ga dinyaga di le 15.
Tlatsa foromo ya BI-24/15 fa kwadiso ya botsalo e le morago ga dinyaga di le 15.
Tlisa tse ditokomane tse di latelang:
Neela setifikeiti se se kannweng sa lokwalotshupo/pasa ya mmaago fa batsadi ba sa nyalana mme rre a sa batle go dumele fa e le motsadi wa gago. Go seng jalo, fa rre wa madi a dumele fa e le motsadi, makwalotshupo/dipsa tsa batsadi ka bobedi tse di kannweng, le setifikeiti sa lenyalo, di atlhokega
Neela setifikeiti se se tswang kwa sepetlele kgotsa legae la go belegela kwa ngwana a tsholetsweng teng. Setifikeiti se tshwanetse go saenwa ke motho yo o tlhokometseng tulo eo mme se nne le leina la setheo la semmuso le setempe se se nang le letlha.
Neela netefatso ya dintlha ka ga ngwana go tswa mo rejisetareng ya sekolo kgotsa mo setifikeiting sa sekolo sa sekolo sa ntlha se ngwana a simolotseng go se tsena, mme mogokgo a se saene. Netefatso e, e nne le nomoro ya mogokgo e le mo lekwalotlhogo la semmuso le le nang le setempe sa sekolo sa semmuso.
Neela setifikeiti sa dikolobetso sa ngwana, fa e le gore se ntshitswe mo dinyageng di le tlhano tsa botsalo.
Fa batsadi ba se teng, afidefiti e e dirilweng ke mongwe wa losika yo o atamelaneng thata le ena, mme a fete ngwana ka dinyaga di le 10, gape a itse dintlha ka ga botsalo jwa ngwana, motho yo, o tshwanetse go ka netefatsa gore ngwana ke mang le gore maemo a gagwe ke afe.
Neela pegelo go tswa go motho yo o itseng batsadi jwa mokopi ka sebele. Motho yo, o tla tshwanelo gape ke go ya le mokopi kwa Dikantorong tsa Merero ya Selegae kwa mokopi le motho yoo, ba tla botsolotswang dipotso teng ba ba arogantse.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Dikopo di ka tsaya dikgwedi di le 3 go ya go di le 6.
Godimo
Tlhotlhwa
Tirelo e ga e duelelwe.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Ela tlhoko: Diforomo ga di bonwe mo inthaneteng. ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
