Kopo ya go kwadisa moakanyetso
Tlhaloso
Fa go tlhaloswa moakanyetso go ka twe ke boikaelelo kgotsa setshwantsho ka ga sebopego ga mmogo le setshwano se se gogelang motho kwa go sona. Meakanyetso mengwe e laolelwa ke tiriso fa e mengwe e laolelwa ke temogo ya bontle.
Ka moo, moakanyetso o ikaegile ka sebopego, setshwano, selebego, sekaelo le bokgabo jwa kumo kgotsa athikele. Sekao, moakanyetso wa palamonwana ke sekao se se laolwang ke temogo ya bontle.
Go na le mefuta e mebedi ya meakanyetso e e ka kwadisiwang, fa e le gore di kgotsofatsa ditlhokego tse di latelang:
Moakanyetso wa temogo bontle e tshwanetse go nna e ntshwa e bo e nne e e itshimoletsweng;
e lebege bontle, sebopego le mokgabiso, le e siamele go ka dirwa mo intasetering.
Moakanyetso wa tiriso e nne ntshwa mme e se e e fitlhelwang gotlhe;
e nne le sebopego se se laolelwang ke tiriso ya ona. le e siamele go ka dirwa mo intasetering.
Tshireletso ya moakanyetso wa temogo ya bontle e nna dingwaga di le 15 fa ya moakanyetso wa tiriso yona e nna dingwaga di le 10.
Le fa e le gore ga se pateletso go batlisisa ka maikaelelo a go netefatsa fa moakanyetso e le wa itshomololelo kgotsa go netefatsa gore moakanyetso o o tshwanang le wa gago kgotsa o o batlileng go tshwana ga o ise o kwadisiwe mo nakong e e fetileng, o eletswa go dira jalo pele o tlatsa foromo ya kopo ya ikwadiso. Patlisiso e ka dirwa kwa ofising ya Kwadiso ya Meakanyetso kwa Pretoria. Mokopi o tshwanetse go itirela patlisiso ka boena kgotsa a kope moemedi yo o ka mo direlang jalo, jaaka mmueledi wa patente.
Fa moakanyetso o setse o amogetswe jaaka moakanyetso o montshwa mme e bile o kwadisitswe, o tla newa setefikeiti sa moakanyetso.
Meakanyetso e ka ntshwafadiwa morago ga sebaka sa dingwaga di le tharo.
Dikgato tse di latelwang
Tlatsa foromo ya kopo ya moakanyetso e o ka e bonang kwa Lefapheng la Dikgwebo le Intaseteri.
Romela khopi e e kanisitsweng ya lekwaloitshupo.
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Go latela sebaka sa dikgwedi di le thataro, ditlhatlhobo tsa tlwaelo di tla dirwa mme ikwadiso ya moakanyetso e tla abiwa mo dikgweding di le supa.
Tlhotlhwa
Diforomo tse di tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
