Kopo ya go kwadisa tshwanelo ya tiro
Tlhaloso
Tshwanelo ya tiro ke tshwanelo ya go sireletsa tiro ya motho, e e ka nnang sekwalwa, matheriale mongwe le mongwe, manane a khomphuta, tiro tsa botsweretsi, matheriale wa kgaso, mmino, ditshwantsho kgotsa divideyo.
Sireletsa" e kaya go thibela batho ba bangwe go kopisa kgotsa go utswa tiro kgotsa matheriale mme ba itirisetsa ona mme ba dira se maikaelelo e le go dira madi. Molao wa Tshwanelo ya tiro o gatelela tshwanelo-tiro .
Fa o na le kakanyo ya motheo e e leng ya gago, ga o kitla o nna le tshwanelo ya kopiso tiro ya yona. Sa ntlha o tshwanetse go baya kakanyo ya gago ka tsela e e bonagalang, jaaka buka, karata, CD, botaki, setshwantsho, motshameko kgotsa filimi..
Ka kakaretso motho yo o kwadileng, gatisitseng, phasaladitseng, diragaditseng, setileng, takileng, filimileng, rekotileng tiro ke ene mong wa tshwanelo ya tiro. Le fa go ntse jalo, fa motho a romilwe mme e bile a duelwa go dira karolo ya tiro e e rileng, mong wa tshwanelo ya tiro e tla nna mothapi wa gagwe.
Mo ditirong di le dintsi ga go botlhokwa go dira kopo ya tshwanelo ya tiro.
O ka nne wa bona tshwanelo tiro mo Aforika borwa fa o le moagi wa Aforika borwa kgotsa fa tiro ya gago e dirilwe mo Aforika borwa. Fa o se moagi wa Aforika borwa, o ka nne wa fiwa tshwanelo ya tiro fa fela naga e o tswang kwa go yona e le karolo ya Berne Convention. Berne Convention ke tumalano ya boditshabatshaba malebana le tshwanelo ya tiro mme maloko a yona, a utlwane go sireletsa tshwanelo ya tiro ya lengwe le lengwe la maloko a yona.
Tshwanelo tiro ya difilimi le divideyo e e direlwang mabaka a kgwebo yona e tshwanetse go direlwa kopo, ka go dirisa ditokomane tse di ka fitlhelwang sesolo kwa diofising tsa Tshwanelo ya tiro :
Fa o na le tshwanelo ya tiro e go neela "go nna mong" wa matheriale le go go naya taolo ya dithekiso le tiriso. Letshwao la tshwanelo ya tiro le le tlwaelegileng ke ©.
Dikgato tse di latelwang
Tlatsa diforomo tse di latelang:
Foromo RF1, e romele ka sebedi
Foromo RF2, e romele ka sebedi
Foromo RF3, e romele ka sebedi
Lekwalo la dithata tsa go saena, fa go dirisiwa mmueledi
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Morago ga dikgwedi di le thataro, go tla dirwa ditlhatlhobo mme morago ga mo tshwanelo ya tiro e tla abiwa ka kgwedi ya bosupa.
Tlhotlhwa
Diforomo tse di tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
