Kopo ya go kwadisa yunione ya tsa kgwebo ya mothapi le mothapiwa le ba Lefapaha la Ditiro
Tlhaloso
Yunione ya tsa kgwebo ke setlhopha sa badiri se se godisang le go sireletsa dikgatlhego tsa maloko a yona mo dilong di tshwana le dituelo le maemo a go, bogolosegolo ditherisano le bathapiwa.
Ikwadiso ya yunione ya tsa kgwebo go wela ka fa gare ga tekanyetso ya ditiro tsa Mokwadisi wa Dikamano le Ditiro . Fa o batla go kwadisa yunione, o tshwaneste go isa dilo tse di latelang kwa go Mokwadisi:
Dikhopi di le tharo tsa molaotlhomo wa yunione
Lenaneo le le tletseng la batlhankedi ba yunione, mme go kwadilwe maemo kgotsa ditiro tsa bona.
Aterese ya dikantoro tse di kwadisitsweng tsa yunione.
Khopi nngwe le nngwe ya molaotlhomo e tshwanetse ya bo e saenilwe ke Mokwaledi le Modulasetilo jaaka dikhopi tsa nnete.
Go batla tshedimosetso e nngwe gape, e ya go Lefapha la Ditiro
Dikgato tse di tshwanetseng go latelwa
Tlatsa diforomo di le pedi tsa kopo.
Gokelela dikhopi di le tharo tsa molaotlhomo wa yunione mo foromong ya kopo e e yang kwa go Mokwadisi.
Khopi nngwe le nngwe ya molaotlhomo e tshwanetse ya bo e saenilwe ke Mokwaledi le Modulasetilo jaaka dikhopi tsa nnete.
Posa kgotsa fekesetse kopo go Mokwadisi wa Dikamano tsa Ditiro .
Molao o o dirisiwang
Boemo jwa Tirelo
Go ka tsaya malatsi a le 30 go kwadisa yunione ya kgwebo.
Tlhotlhwa
Tirelo e ga e duelelwe.
Diforomo tse di tshwanetseng go tladiwa
Mafelo le diaterese
