Kopo ya go kwadisa khansele e e kopaneng ya ditherisano
Tlhaloso
Lekgotla la ditherisano le dira ka ditherisano tsa setlhopha, go rarabolola dikgotlhang tsa kwa tirong, go tlhomamisa dikema tse di farologaneng le go tshwaela ka melao le melawana ya ditiro.
Mekgatlo ya badiri le makgotla a badirelwa ba ka kopa go bopa dikhansele tsa ditherisano
Go bona tshedimosetso e nngwe gape, ikgolaganye le ba Lefapha la Mediro.
Dikgato tse di tshwanetseng go latelwa
Dira kopo go Mokwadisi wa Dikgolagano tsa Ditiro go kwadisa khansele e e kopaneng ya ditherisano .
Romela tse di latelang go Mokwadisi wa Dikgolagano tsa Ditiro:
Dikhopi tse pedi tsa kopo ya go ikwadisa ya Khansele ya Ditherisano.
Dikhopi tse tharo tsa molaotheo wa khansele ya Ditherisano.
Metsotso ya kopano fa mekgatlho ya badiri le mekgatlho ya bathapi e dumelelaneng ka yone go simolola khansele ya ditherisano.
Tshedimosetso e nngwe le nngwe e e maleba.
Moalo o o dirisiwang
Boemo jwa Tirelo
E ka tsaya malatsi a le 60 go tsweletsa kopo.
Tlhotlhwa
Tirelo ga e duelelwe.
Diforomo tse di tshwanesteng go tladiwa
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
