Kopo ya kamogelo ya kgolagano ka lenyalo la setso
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Gore lenyalo la setso dumelelwe e le lenyalo le le tshwanetseng, kopo ya lenyalo le la setso, le tshwanetse la bo le tsentswe pele ga di 15 Ngwanatsele 2000. Fa le tsentswe go tloga ka di 15 Ngwanatsele 2000 go tswelela, lenyalo la go nna jalo le tshwanetse go inyalanya le ditlhokego tse di latelang:
Lenyalo le tshwanetse go rerwa/buisanwa, tsenngwe mo kgotsa le ketekwe go ya ka molao wa setso. Balekane ba tshwanetse ba bo ba feta dinyaga di le 18.
Balekane boo babedi ba tshwanetse go dumelana ka lenyalo.
Batsadi ba molekane wa lenyalo yo o leng mmotlana, ba tshwanetse go dumelelana ka lenyalo. Fa o sena batsadi, motsadi wa gago wa semolao o tshwanela ke go dumela. Fa motsadi wa semolao a ka se dumele, mokomišenara wa ngwana wa katlaatlegoloago o ka ikopanya le ena go itse maikutlo a gagwe. Fa tumalano e thibelwa ke batsadi, batsadi ba semolao kgotsa mokomišenara wa ngwana wa katlaatlegoloago, ke moatlhodi wa Kgotlatshekelokgolo a ka sekasekang le go atlhola kgetsi e.
Fa mongwe wa balekane ba lenyalo e le molekane mo lenyalong la legae, kopo ya lenyalo la setso, e ka se tsenngwa ka nako ya tlhomomolaokgolo ya lenyalo la selegae. Kabelo e e tshwanang le yona gape e diragala go manyalo a setso a a tsenngwang go tloga ka la Sedimonthole 1988.
Le fa go sena thibelo mo palong ya manyalo a setso a monna a ka tsenang mo go ona, ga go lenyalo lepe gape le go ka tsenwang mo go lona kwa ntle ga gore taelo ya kgotla e e laolang bokamoso ba tsamaiso ya dithoto tsa manyalo e tsewe.
Netefatsa maemo a lenyalo mo go online.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Tlatsa foromokopo kwa go nngwe le nngwe ya dikantoro tsa Merero ya Selegae. Dira kopo go Embasi/botseta ba Aforika Borwa kgotsa Boromiweng fa o le moseja wa mawatle.
Setefikeiti se se sa khutswafatswang sa lenyalo kgotsa go ntshiwa ga rejisetara e e matshwanedi e e ntshang ditokomane tse di tshegetsang, e tsamaisana le rejisetara e e anngwang/amiwang ke go ntshiwa gape le netefatso ya tshedimosetso go tswa go rejisetara ya manyalo.
Setefikeiti se se khutswafaditsweng se ntshiwa fa fela go se dituelo dipe tse di duelwang mo go ntshiweng ga setefikeiti se se tlhalosiwang mo boikwadisong ba manyalo.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Setefikeiti se se khutswafaditsweng se ntshiwa ka bonako
Setefikeiti se se sa khutswafatswang se tsaya dibeke tse 6 kgotsa 8
Godimo
Tlhotlhwa
Setefikeiti se se khutswafaditsweng sa lenyalo: R11
Setefikeiti se se sa khutswafadiwang sa lenyalo: R53
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Ela tlhoko: Diforomo ga di bonwe mo inthaneteng. Ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
