Kopo ya go kwadisa khamphane ya setšhaba
Tlhaloso
Khamphane ya setšhaba ke kgwebo e beng ba yona e leng setšhaba mme e tshwanetse go nna le bakaedi ba bonnye ba ba seng ka fa tlase ga supa. Lefoko "Limited" le tla tlhagelela kwa bofelong jwa leina la khamphane. Go kwadisa khamphane ya setšhaba go tlhokagala dilo tse di latelang:
Dišhere di rekisetswa batho mo setšhabeng.
Le fa e le gore ga go beiwe selekanyo sa gore batshwara dišere ba tshwanetse go nna ba bakae, fela ga ba tshwanela go nna ka fa tlase ga supa.
Ga go na selekanyetso se se beetsweng go sutisiwa ga dišere.
Lefoko "Limited" le tla tlhagelela kwa bofelong jwa leina la khamphane.
Khamphane e tshwanetse go itsise setšhaba ka tshedimosetso e nngwe.
Mofuta o wa kgwebo ka gale o dirisa madi phetelela .
Bonnye bakaedi e ka nna ba babedi.
Dikgato tse di latelwang
Ikgolaganye le Lefapha la Dikgwebo le Intaseteri
Bona dforomo tsa kopo tse di maleba go tswa kwa Lefapheng.
Dira peeletso ya leina la khamphane ka go tlatsa foromo CM5
Tlatsa ditokomane tse di latelang tse di tshegetsang kopo ya gago:
Peeletso ya leina la khamphane - Foromo CM5 e duelelwa depositi ya R50 e e tsengwang mo khoutong ya modirelwa
CM22 - Tumelelo ya boemo jwa ikwadiso ga mmogo le aterese ya poso
Tumelelo ya go saena - Kitsiso ya go diragatsa mo boemong jwa batlhatlosi
CM29 - Lekwalo la khamphane le le nang le dintlha tsa bakaedi, batlhankedi
CM31 - Tumalano ya motho yo o tla dirang jaaka moruni
CM46 - Kopo ya setefikeiti go tsweletsa kgwebo ga mmogo le depositi ya R60 e e tsengwang mo khoutong ya modirelwa
CM47 - Kemo ka bakaedi malebana le go lekana kgotsa go tlhaela ga madi a dišere
Tlatsa memorantamo le athikele ya mokgatlho
Duela madi a a beilweng.
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Ikwadiso e ka konosediwa mo malatsing a le matlhano.
Tlhotlhwa
R60 - Setefikeiti sa go kganna kgwebo
R50 - Peeletso ya leina
R5 - mo dišereng dingwe le dingwe di 1 000 tse di abiwang.
Gotlhe - R465
Diforomo tse di tshwanetseng go tladiwa
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
