Kopo ya taelo ya tshireletso ya mašetla a legae
Tlhaloso
Mašetla a Legae ke eng?
Go ya ka Molao wa Mašetla a Legae wa Nomoro ya 116 wa 1998 ke:
Mofuta mongwe le mongwe wa tshotlo o o akaretsang go itewa, thobalano, maikutlo, saekholoji kgotsa ekonomi kgarakgatsiwa tshenyo ya dithoto go latela motho gongwe le gongwe kwa a yang teng go tsena mo tulong ya motho kwa ntle ga tumelelo ya gagwe maitsholo mangwe le mangwe a a sotlang kgotsa a laola motho
Fa maitsholo a a ntseng jalo a tlhola kotsi kgotsa a ka tlhola kotsi mo boitekanelong jwa gago, pabalesego kgotsa go tshela sentle.
Fa mefuta e ya tshotlo e go diragalela, kgotsa e diragalela mongwe yo o mo itseng, o ka nna wa dira kopo ya taelo ya tshireletso. Taelo ya tshireletso ya mašetla a legae, ke tokomane e e ntshiwang ke kgotlatshekelo e e thibelang mosotli go:
diragatsa tshotlo ka mašetla kopa thuso ya motho yo mongwe go diragatsa tiro e e ntseng jalo, tsena mo tulong e go nnang mongongoregi le moikarabedi mmogo, tsena karolo e e rileng ya tulo e ba dulang mo go yona mmogo;
tsena mo tulong ya mongongoregi;
tsena mo lefelong la tiro le go dirang mongongoregi mo go lona;
thibela mongongoregi yo o itulelang fela kgotsa a ne a dula mo tulong e ba e tlhakanetseng go tsena kgotsa go sala ka mo tulong e ba e kopanetseng kgotsa karolo e e rileng ya tulo e ba dulang mo go yona mmogo, kgotsa dira nngwe ya ditiro tse di kailweng mo taelong ya tshireletso.
Ke mang yo o ka dirang kopo ya taelo ya tshireletso?
Mongwe le mongwe yo o kileng a sotliwa
Ngwana yo o sa ntseng a tlhokomelwa, a ka nna a tlisa kopo a sa thusiwa
Motho mongwe le mongwe yo o nang le kgatlhego mo botshelong jwa mongongoregi. Batho ba ba latelang ba ka nna ba dira kopo ka tumelelo e e kwadilweng e tswa go mongongoregi, kwa ntle ga fa mongongoregi e sa le mmotlana, motho yo o sa itekanelang mo tlhaloganyong, a idibetse kgotsa fa kgotlatshekelo e kgotsofetse gore motho yo ga a kgone go neela tumelelo e e tlhokegang.
Modiredi wa boitekanelo
Lepodisi
Modirediloago
Morutabana.
Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape e ya go Lefapaha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotlhomo.
Dikgato tse di tshwanetseng go latelwa
Dira kopo ya taelo ya tshireletso kwa Kgotlatshekelong ya Magiseterata e e fa gaufi le fa o nnang teng kgotsa o dirang teng, ka nako nngwe le nngwe, ka nako ya kgotsa nako e e fetileng ya go dira ga kgotlatshekelo le ka nako ya boikhutso jwa setšhaba kgotsa mafelo a beke.
Dira kopo ya Taelo ya Tshireletso ya Nakwana ka go tlatsa Foromo 6: Interim Protection Order kwa Kgotlatshekelong ya Magiseterata kgotsa Kgotlatshekelo e Kgolo e e fa gaufi le wena.
Tlatsa Foromo 2: Application for Protection Order kwa Kgotlatshekelong ya Magiseterata kgotsa Kgotlatshekelo e Kgolo e e fa gaufi le wena.
Kopo e tshwanetse go dirwa ka tsela ya afidefiti e e tlhalosang:
Dintlha tse kopo e ikaegileng ka tsona
Tlhago/mofuta wa taelo e go dirwang kopo ya yona, kgotsa
Leina la seteišene sa mapodisi kwa mongongoregi a ka begang tlolo ya taelo ya tshireletso e go dirwang kopo ya yona.
Fa kopo e tlisiwa ke motho yo mongwe mo logatong lwa mongongoregi, afidefiti e tshwanetse go tlhalosa gore:
Mabaka a kgatlhego kgotsa poelo e motho yo a mo tlisetsang kopo a nang le yona ka go tshela sentle ga mongongoregi.
Tiro ya motho yo mongwe le maemo a motho yo, a a mo dirang gore a tlise kopo.
Tumelelo e e kwadilweng ya mongongoregi, kwa ntle ga fa mongongoregi e le:
mmotlana a sa itekanela mo tlhaloganyong a idibetse motho yo kgotlatshekelo e kgotsofetseng ka ena gore a ka se ke a kgona go neela tetla e e tlhokegang.
Netefatsa foromo le tlelereke ya kgotlatshekelo mme o e tsenye.
Fa tlelereke e amogela foromo ya gago, e tla romela kopo ya gago kwa go magiseterata yo o tla beyang letlha la gore o boe kwa kgotlatshekelo, gore kopo ya gago e sekasekwe mme e tseiwe tsia.
Magiseterata le ena o tla baakanya kitsiso e e yang kwa go moikarabedi ka ga taelo ya tshireletso le gore o tshwanetse go tla leng kwa kgotlatshekelo.
Morago ga go tlhagelela kwa kgotlatshekelo, magiseterata a ka nna a neela taelo ya tshireletso.
Molao o o dirisiwang
Boemo jwa Tirelo
Tirelo e bonwa mo diureng di le 24 ka letsatsi fa o le mo tlalelong
Taelo ya tshireletso e ka bonwa ka lona letsatsi leo, fela ka kakaretso, seno se tla laolwa ke bomarara jwa kgetsi ya gago.
Taelo e tla tswelela go dira go fitlhela moikarabedi a e phimola/khansela.
Fa mosotli a dira boikuelo, taelo e tswelela go dira go fitlhela e phimolwa/khanselwa ke Kgotlatshekelo ya Boikuelo.
Tlhotlhwa
Tirelo e ga e duelelwe.
Diforomo tse di tshwanetseng go tladiwa
Bodirelo, diaterese le megala
Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotlhomo
