Kopo ya tshwanelo ya go potiela
Tlhaloso
Tshwanelo ya potielo ke tumelelo e e letlang khamphane kgotsa motho go sekaseka kgotsa go tlhotlhomisa karolo ya lefatshe ka maikaelelo a go itemogela minerale o o leng teng. Motho mongwe le mongwe yo o eletsang go dira kopo ya tshwanelo ya potielo o tshwanetse go dira kopo ya gagwe kwa ofising ya Mookamedi wa Kgaolo o lefatshe le leng mo kgaolong ya gagwe.
Tshwanelo ya go potiela e tsaya dingwaga di le tlhano, mme fa dingwaga di le tlhano di fetile, o ka nna wa dira kopo ya go ntšhwafatsa tshwanelo ya potielo, ka dingwaga tse di sa feteng tse tharo.
Tshwanelo ya potielo e tla abiwa fa o kgotsofatsa ditlhokego tse di latelang:
Fa mokopi a na le madi le bokgoni go diragatsa potielo e a e kopang ka botlalo.
Lenane la ditšhelete le nyalana le potielo e go ikaelelwang go e dira le sebaka se se tla e tsayang.
Ga go kitla go amogelwa leswefatso kgotsa tshenyo mo tikologong e e ka tlholwang ke fa potielo e dirwa.
Mokopi o tshwanetse go dira tiro go ya ka motheo o o beilweng ke Molao wa Meepo wa Boitekanelo le Pabalesego
Mokopi ga a dire sepe se se ganetsanang le Molao wa Kgolo ya Ditlamelo tsa Dimerale le tiriso ya Lookwane.
Ga go motho ope yo o nang le tshwanelo ya potielo, tshwanelo ya moepo, tumelelo ya moepo kgotsa tumelelo ya go itseela lefelo la diminerale mo nageng.
Fa o tlhoka tshedimosetso e nngwe gape, ikgolaganye le ba Lefapha la Dimenerale le Maikatlapelo.
Dikgato tse di latelwang
Dira kopo kwa kantorong ya Mookamedi wa Kgaolo wa Lefapha la Dimerale le Maikatlapelo mo kgaolong e lefelo le leng mo go yona.
Foromo e tshwanetse go romelwa ga mmogo le tuelo e o se kitlang o e busediwa.
Fa Mookamedi wa Kgaolo a ka amogela kopo ya gago, o tla go kopa go romela lenane la tsamaiso ya tikologo le go rerisana le mong wa lefelo, monni wa semolao, kgotsa motho mongwe le mongwe yo o amegang.
Romela tumalano ya dipuisano go Mookamedi wa Kgaolo mo malatsing a le 30.
Fa ditlhokego tsotlhe tse di setse di diragaditswe, Mookamedi wa Kgaolo o tla romela lekwalokopo la gago kwa go Tona go le sekaseka.
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Fa Mookamedi wa Kgaolo a sa amogele kopo ya gago, o tla go itsise ka lekwalo mo malatsing a le 14 mme a romela lekwalokopo kwa go wena.
Fa Mookamedi wa Kgaolo a amogela kopo ya gago o tla go itsise mo malatsing a le 14 go romela lenane la tsamaiso ya tikologo, le go buisana le mong wa lefelo kgotsa monni wa semolao ga mmogo le batho bangwe ba ba amegang.
O tshwanetse go romela lekwalo la dipholo tsa dipuisano tse o neng o di dira le kwa go Mookamedi wa Kgaolo mo malatsing a le 30.
Fa ditlhokego tsotlhe tse di setse di diragaditswe, Mookamedi wa Kgaolo o tla romela lekwalokopo la gago kwa go Tona go le sekaseka
Tlhotlhwa
Tlhotlhwa e tla laolwa ke Mookamedi wa Kgaolo go ya ka minerale o o ikaelelang go rafa.
Diforomo tse di tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
