Kopo ya tetla ya mokgweetsi wa porofešenale
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Tetla ya mokgweetsi wa porofešenale e diretswe batho ba ba solofelwang go kgweetsa dirori tse mefuta e e rileng. Tetla e e rebolwa mo godimo ga laesense ya go kgweetsa e e tlwaelegileng. Tetla ya mokgweetsi wa porofešenale e dira mo mefuteng e e latelang ya dirori:
serori sa dithoto, serori se se gogang tse di robegileng kgotsa bese dirori tsa bokete jo bo fetang 3 500 kg mme di diretswe go go tshola batho ba le 12 kgotsa go feta .
Dingwaga tse di dumelelwa mo mefuteng e ya dirori ke tse di latelang:
serori sa dithoto - o tshwanetse go bo o le dingwaga tse 18
serori sa balapami - o tshwanetse go bo o le dingwaga tse 21
dirori tsa dithoto tse di kotsi - o tshwanetse go bo o le dingwaga tse 25.
O ka rebolelwa tetla ya mokgweetsi wa porofešenale fa fela o na le laesense ya go kgweetsa ya mofuta wa serori se se amegang kannwe o le yo o itekanetseng ke ngaka kannwe ke setheo se se dumeletsweng sa katiso ise o latofadiwe ka go kgweetsa o itshietse, ka botlhaswa kgotsa ka go se ikobele melao ya tsela, kgotsa ka tirisodikgoka le laesense ya gago e ise e ke e sekegiwe.
Ke ditatofatso tse di rileng fela tsa dingwaga tse tlhano tse di fetileng tse di ka dirang gore o se bone tetla ya go mokgwetsi wa porofešenale. Ditatofatso tsa dingwaga tse di fetang tlhano ga di ne di elwa tlhoko.
Modirisi kgotsa mong wa serori se se batlelwang tetla ya mokgweetsi wa porofešenale, ga a tshwanela go letla motho yo mongwe go kgweetsa serori seo mo tseleng ya botlhe, ntle le fa a na le tetla ya mokgweetsi wa porofešenale wa mofuta o o maleba.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Tlatsa foromo ya PD1, Kopo ya tetla ya mokgweetsi wa porofešenale, mme o e ise kwa lefelong la diteko.
O tla dira teko ya matlho kwa lefelong la teko.
Tlaya le ditlankana tse di latelang:
lekwaloitshupo , karata ya laesense ya go kgweetsa, phaseporoto e e dirang ya Aforika Borwa ditshwantsho tse pedi tsa ID tsa bontsho le bosweu laesense e e dirang ya go kgweetsa setifikeiti sa katiso setifikeiti sa boitekanelo tetla ya mokgweetsi wa porofešenale kgotsa tetla ya mokgweetsi wa botlhe e o ka neng o na nayo.
Duela tlhwatlhwa e e beilweng.
Morago ga tuelo, o tla romelwa kwa seteišeneng se se gaufi sa sepodisi go kopa pegelo ya ditatofatso.
O tla itsisiwe fa karata ya tetla ya mokgwetsi wa porofešenale e siametse go ka tsewa. O tshwanetse go itshupa fa o tla go tsaya karata eo. Dikarata tse di sa tsewang mo matsatsing a le 120 di tla senngwa.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Tetla e ka siama mo dibekeng tse robedi go ya go tse somepedi.
Godimo
Tlhotlhwa
