
A O TSHWANELWA KE BOITSHWARELO JWA SEPOLOTIKI JWA GA 
MOPORESITENTE GO YA KA PAKA E NTHWA? 


Fa o le mo kgolegelong ka ntlha ya tlolomolao e e rotloeditsweng ke mabaka a sepolotiki e e diragetseng ple ga Seetebosigo 16, 1999 kgotsa o golotswe kwa kgolegelong morago ga ditlolomolao tse di jaana, o ka dumelelwa boitshwarelo jwa sepolotiki go tswa go Moporesitente wa Naga ya rona. 
Ela tlhoko gore fa o ne o latofaditswe ka tlolomolao ya mofuta o sele, GA O tshwanelwe ke boitshwarelo go ya ka paka e nthwa. Fela o ka dira kopo ya boitshwarelo e e tlwaelegileng go ya karolo 84(2)(j) ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa o o neelang Moporesitente thata ya go itshwarela kgotsa go golola batlolamolao le go phimola dikwatlhao tsa bona. 

Boitshwarelo jo bo kgethegileng jo bo simolotse ka 15 Ferikgong 2008 mme bo tswalelwa ka 15 Moranang 2008. 
Se se kaya gore o tshwanetse go tlatsa foromo ya kopo ka bonako jo bo kgonegang. 

Diforomo tse di teng ka dipuo tsotlhe tsa semmuso kwa: 
 	
Mafelong a Kgopololo (Dikgolegelo) 

 	
Kantorokgolo le dikantoro tsa didika tsa Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo 

 	
www.gcis.gov.za 

 	
le, mo go www.doj.gov.za  


Fa o tlhoka thuso ya go dira kopo ya gago, lekoko la gago la sepolotiki le na le maikarabelo a go go thusa go tlatsa foromo ya kopo.  
Foromo ya gago ya kopo e tshwanetse go romelwa ka tsela e e maleba le ke motho yo o neetsweng thata eo ke lekoko la sepolotiki, setheo kgotsa mokgatlo wa kgololosego go netefatsa ka fa tlase ga maikano gore o ne o le ka fa tlase ga taelo kgotsa kgakololo go dira tlolomolao eo ka ntlha ya mabaka a sepolotiki. 
Dikopo tsotlhe di tshwanetse go romelwa go: 

Rre Neville Gawula; Office of the Chief Litigation Officer; Department of Justice and 
Constitutional Development; 319 Pretorius Street; Pretmed Building; Pretoria; 0001 
MOKGWA WA GO DIRA KOPO 
Ela tlhoko fa o tlatsa foromo ya kopo  ke tse di tladitsweng sentle fela tse di tla tsewang tsia. 
Go tshwanetse ga nna le motho a le mongwe fela mo foromong ya kopo. Tshedimosetso yotlhe e tshwanetse go tladiwa ka nepagalo le ka boammaaruri le ditlankana tsotlhe tse di e tshegetsang. 
1 

Lekoko la gago la sepolotiki le ka romela kopo e boemong jwa gago, fa go le jalo, le tshwanetse go netefatsa gore foromo ya kopo e tladitswe ka nepagalo. Le tshwanetse go bolela ka fa tlase ga maikano gore tlolomolao e e dirilwe ka ntlha ya ditiragalo tsa sepolotiki tse le neng le amega mo go tsona.  

GO TLA DIRAGALA ENG FA KOPO YA GAGO E SENA GO AMOGELWA? 
Sa ntlha, Lefapha le tla sekaseka dikopo tsotlhe tse di dirilweng. Dikopo di tla romelwa kwa Setlhopheng sa Referense (Reference Group - RG), se se dirwang ke maloko a makoko a sepolotiki a a leng teng mo Palamenteng. RG e tla leba kopo nngwe le nngwe go ya ka dintlha tsa yona mme e dire katlenegiso go Moporesitente wa Naga ka ga go rebola kgotsa go gana ka boitshwarelo jwa kopo nngwe le nngwe. RG e tla tswelela go dira go fitlha ka 30 Lwetse 2008. 
Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo le tlamela Rg ka ditirelo tsa bokwaledi.  

KE MANG YO O SA TSHWANELWENG? 
O ka se tshwanelwe ke Boitshwarelo jwa ga Moporesitente go ya ka tlolomolao ya mabaka a sepolotiki fa o latofaditswe ka tlolomolao e e amanang le: 
 	
Tiragalo nngwe le nngwe ya thobalano; 

 	
Tiragalo nngwe le nngwe e e akaretsang tirisodikgoka mo lapeng; 

 	
Tlomolao nngwe le nngwe e e amanang le diritibatsi le go gweba ka diritibatsi; 

 	
Fa boitshwarelo bo setse bo gannwe ke Komiti e e ka ga Boitshwarelo, e e 
tlhomilweng go ya Molao wa TRC; kgotsa 


 	
Fa o romela kopo ya gago morago ga 15 Moranang 2008. 


Go bona tshedimosetso e nngwe, tsweetswee ikgolaganye le: 
Rre Neville Gawula 
Office of the Chief Litigation Officer 
Department of Justice and Constitutional Development 
319 Pretorius Street 
Pretmed Building 
Pretoria 
Tel: 012 315 1111 
2 


