Kopo ya motho yo o batlang go nna morasefe wa sepodisi
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Motho yo o batlang go nna morasefe wa sepodisi ke tokololo ya setšhaba e e tla dirang nakwana a dira mediro ya sepodising kgotsa ditiro tsa Tirelo ya Sepodisi mo Aforika Borwa go ya ka boithaopi jwa gagwe kwa ntle ga dituelo dipe mo ditirelong tseo.
O tshwanetse go nna morasefe wa sepodisi mo ditlhopheng tse di latelang:
Morasefe wa Setlhopha sa - Mediro ya sepodisi :
go diragatsa mediro yotlhe mo dikarolwaneng tsa dikgato tsa sepodisi gongwe kwa lefelong la seteišene kgotsa mo boemong jwa porobensi, fela e seng mediro e e kgethegileng.
o ka nna wa apara yunifomo o tla katisiwa mo dintlheng tse di nepagetseng tsa mediro ya sepodisi .
Morasefe wa Setlhopha sa B - Ditirelo tsa tshegetso go diragatsa ditirelo tse di rileng tsa mediro ya tshegetso mo bokgoning jwa tsamaiso mo maemong a lefelo kgotsa seteišene sa bosetšhaba, sa porofense, mme o ka se ke wa diragatsa mediro ya sepodisi o se ke wa apara yunifomo fa go kgonagalang teng, o katisiwe mo dintlheng tse di nepagetseng tsa molao, tsa pholisi le ditaelo, tse di leng teng mo medirong ya gagwe e e rileng.
Morasefe wa Setlhopha sa C - Mediro ya sepodisi e e kgethegileng:
o tshwanetse go nna le bokgoni jo bo rileng kgotsa boitseanape jo bo ka diragadiwang ke Tirelo ya Sepodisi , sekao;.mofofane, ngaka/moalafi, bakodumedi, badiredi loago kgotsa ba saekholoji.
o tla diragatsa mediro e e rileng mo lefelong la gagwe la boitseanape o ka apara yunifomo ka thebolo ya molaodi wa gago o ka katisiwa mo dintlheng tsa molao tse di nepagetseng, pholisi le ditaelo tse di leng teng mo modirong wa gago o o rileng.
Morasefe wa Setlhophasa D - Go dira ditiro tsa sepodisi mo makokong a mo magaeng le mo metsesetoropong.
go diragatsa mediro ya sepodisi mo dikarolwaneng la ditiragatso tse di tsamaelanang le dikarolwana tsa sepodisi mo mafelong a metsesetoropong le a magae mo lekokong le le rileng la maemo a seteišene, kgotsa o tla diragatsa fela ditiro mo mafelong a a rileng mo lekokong le le rileng jaaka go tlhomamisitswe ke molaodi.
o ka apara yunifomo, go tla ya le tiriso o tshwanetse go katisiwa mo dintlheng tse di nepagetseng tsa lekoko la sepodisi le/kgotsa mediro ya sepodisi e e tsamaelanang le ditiro tsa gago. Katiso e e oketsang e nngwe e tla batliwa fa e le gore o tla nna le seabe mo ditiragatsong tsa karolo ya sepodisi.
Morasefe yo o tlhophilweng mo setlhopheng sengwe o tshwanetse go ka nna a sutisediwa kwa setlhopheng sengwe le sengwe fa e le gore o obamela ditlhokego tsotlhe tsa setlhopha sengwe se se rileng le gore o dirile kgotsa o ikemiseditse o dira katiso e e batlegang ya setlhopha seo.
Go ya ka melawana ya Tirelo ya Morasefe wa Sepodisi mo Aforika Borwa o tshwanetse go:
nna moagi wa leruri wa mo Aforika Borwa:
o nne bogolo jwa dingwaga tsa go lekana 18, mme o nne ka fa tlase ga dingwaga di le 70 ka bogolo o tlatse lenaneo la boitekanelo la dipotso tse o di neilweng go bona dikarabo tse di tla sekasekiwang go bona fa go na le tshedimosetso e e ka dirisiwang go ya ka fa moikanisi a tlhomamisitseng ka teng ga o na bokoa mo monaganong, bolwetse kgotsa botlhokaboitsetsepelo jo bo ka kopakopanang le bodiragatso jo bo nepagetseng jwa ditiro tsa gago nna motho yo o nang le maitseo, yo mo go ena go tla tshwanelang go bona dipatlisiso tsa maitshetlego a gagwe tse di nepagetseng ka katlego feleletsa teko ya go lekanyetsa bokgoni jwa monagano kgotsa ditlhatlhobo/ditekanyetso tse di tlhomamisitsweng ke Moikanisi wa Bosetshaba wa Sepodisi National Commissioner of Police o nne le setifikeite se segolwane kgotsa borutegi bongwe bo bo tsamaelanang le setifikeite se segolo, mme o neele ka tokomane ya netefatso kgona go bua le go kwala Seisemane jaaka nngwe ya dipuo tsa semmuso dumela gore go diriwe kgatisomenwana, mme go fitlhelwe e le gore ga o a bonwa molato gope kgotsa ga o ka fa tlase ga botshotshosi ka ntlha ya molato ikemisetse go isiwa katisong ikemisetse go dira mo kantorong ya moikanisi o se ke wa nna le matshwaotlanyo a a bonagalang; le fa o ka kgona o nne le lekwalotetla la go kgweetsa, le fa e le gore ga se selo se se tlhokegang pele mo go morasefe.
Godimo
Dikgato tse di latelwang e tla mo seteišeneng sa mapodisi se se gaufi le wena
Tlatsa foromo ya kopo ya SAPS 93
foromo e e batlang lefelo le o nnang mo go lona le diaterese le megala go ikana lenaneo la boitekanelo la dipotso tse di batlang go arabiwa le le neilweng batho gore go tle go bonwe tshedimosetso e e ka dirisiwang, lenaneo la pabalesego la dipotso tse di batlang go arabiwa le le neilweng gore go bonwe tshedimosetso e e ka dirisiwang.Z204 fa e le gore ga o moagi wa mo Aforika Borwa foromo ya patlisiso ya kgatisomenwana 
tumelelo go tswa kwa batsading ba gago kgotsa kwa motlhokomeding wa gago fa e le gore o ka fa tlase fa dingwaga di le 21 ka bogolo tlisa ditokomane tse di latelang:
khopi e e ikanetsweng ya lekwalotshupo/lekwalokao/pasa khopi e e ikanetsweng ya lekwalotetla/laesense ya gago, fa e le gore o na le yona dikhopi tse di ikanetsweng tsa borutegi jwa gago jwa botlhalefi.
Ke mang yo o ka se tlhophiweng go nna morasefe:
o motho yo o gololotsweng gore ga a itekanela go ya ka kalafo mo mothaping wa gagwe wa nako e e fetileng.
o motho yo o neng e le tokololo ya pele ya Tirelo ya Sepodisi mo Aforika Borwa yo kopo ya gagwe gore a boelediwe mo lenaneong e gannweng o motho yo o nang thapilweng mo phatlhatirong nngwe kgotsa mo kantorong mo mokgatlhong mongwe wa sepolitiki o mokwaladikgang wa leruri kgotsa moemedi wa mekgwaphasalatso o moithuti o motlhankedi wa sepodisi wa pabalesego o tokololo ya Tirelo ya Sepodisi sa masepala
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Fa e le gore go ka fitlhelwa e le gore o motho yo o tshwanetseng, kopo ya gago e tla rebolwa ke moikanisi wa Lefelo, mme o tla tshwanelwa ke go dira maikano. O ka se letlelelwe go diragatsa mediro pele o ka feleletsa katiso ya gago. Go latela seo, o tla neelwa ka setifikeite sa go tlhophiwa sa semmuso.
Godimo
Tlhotlhwa
Ditirelo ga di duelelwe.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Diforomo ga di bonwe mo inthaneteng. ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
