Pusetso ya go duela lekgetho la nakwana - tuelo ya ntlha
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Fa mongwe a amogela letseno le le duediswang lekgetho le le sa laolweng SITE kgotsa PAYE o tshwanetse go duela lekgetho la nakwana mo letsenong le. Dituelo tsa lekgetho la nakwana di dirwa ka nako ya sebaka sa dikgwedi di le thataro.
Lekgetho la nakwana le ikaeletse go thusa baduelalekgetho gore ba kgone go duela melato tsa bona mo nakong e e tswelelang go na le go duela madi a mantsi gangwe mo tshekatshekong ya ngwaga. Lekgetho le le duetsweng la nakwana le tla tlosiwa go lebeletswe letseno la bofelo la lekgetho gore motho ka nosi a tshwanele ke go duela ngwaga o o maleba wa tshekatsheko.
Motho yo o tshwanetseng ke go duela molato wa tuelo ya lekgetho la nakwana, o tshwanetse gore mo malatsing a le 30 a go kolota, a dire kopo ya go ikwadisa ka lekwalo kwa kantorong ya lekala la selegae mo Madirelong a Aforika Borwa a Lekgetho . Go retelelwa ke go dira jalo go tla tlhola morokotso le dikwatlhao tse di tla duedisiwang mo dituelong tse di thari le lekgetho la tlaleletso tsa go neelwa go go thari ga dipoelo.
Letlha la tuelo ya lekgetho la nakwana mo pakeng ya ntlha, e mo magareng ga dikgwedi di le thataro kwa tshimologong ya ngwaga wa tshekatsheko. Tshekatsheko ya ntlha ya nakwana e tshwanetse go emela seripa sa sekoloto sa lekgetho mo ngwageng o o tletseng wa lekgetho.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Bala lekgetho la nakwana ka tsela e mo pakeng ya ntlha:
seripa sa lekgethogotlhe la ngwaga o o tletseng bonnye jwa lekgetho le le gogiwang la mothapiwa mo pakeng e bonnye jwa molato wa lekgetho la kwa ntle mo pakeng e .
Dira dituelo mo foromong e e kaillweng ya IRP6 ya lenane la keletso ya tuelo, ka kgotsa pele ga letlha la go duela tuelo. SARS e tla romela baduelalekgetho la nakwana diforomo tse di maleba.
Go na le mekgwa e e latelang ya go dira dituelo kwa SARS:
dituelo tsa lekgetho la lobakanyana di ka dirwa kwa kantorong ya lekala lengwe le lengwe la SARS, Mosupologo go fitlha Labotlhano, magareng ga 08h00 le 15h30, ntle le ka matsatsi a boikhutso a botlhe fa dituelo di dirwa ka poso, ka banka kgotsa ATM, go tshwanetse ga elwa tlhoko nako e e lekaneng ya go posa kgotsa go diragatsa tuelo fa dituelo di dirwa ka mokgwa wa phetisetso ya ileketeroniki, go tshwanetse ga elwa tlhoko dinako tsa banka tsa tswalelo le sebaka sa go nna teng ga madi se se ka tsayang magareng ga matsatsi a mabedi go ya go a matlhano.
Dintlha tsa banka:
Badirisi ba ba duelang kwa lekaleng la ABSA, FNB, kgotsa Nedbank ba ka se tlhole ba tlhoka go neelana ka nomoro ya akhaonto le khoutu ya banka fa ba duela. Go fela jalo le ka badirisi ba banka ya inthanete ya ABSA, FNB, Nedbank, le Standard Bank.
Go tla tlhokega:
ID / nomoro ya akhaonto ya mmoelwa e e golaganngwang le mofuta o o rileng wa lekgetho go dira dituelo.
Dintlha tse di tlhagelela mo setlankaneng sa tuelo mo poelong ya IRP 6.
Dituelo tse di sa nyalaneleng le nomoro ya referense le ID ya mmoelwa tse di kailweng fa godimo ga di kitla di amogelwa.
Fa letsatsi la bofelo la tuelo le wela mo letsatsing la boikhutso la botlhe kgotsa mafelo a beke, tuelo e tshwanetse go dirwa mo letsatsing la bofelo pele ga letsatsi la boikhutso la botlhe kgotsa mafelo a beke. Go bona dintlha tse dingwe etela webosaete ya SARS, www.sars.gov.za
Ela tlhoko:
Dipoelo tsa IRP6 di tshwanetse go romelwa mo pakeng ya ntlha le fa go ya ka go bala ga gago, go se na lekgetho la nakwana le le duelwang.
Fa tuelo ya lekgetho la nakwana e ikaegile ka phopholetso ya letseno la lekgetho le le leng ka fa tlase ga palo ya selekanyo se se beilweng, kopo le mabaka a akarediwe. Dipoelo tsa IRP6 ya paka ya ntlha jaanong e akaretsa sebaka fa o tshwanetseng go neela mabaka a kopo. Fa SARS e sa kgotsofala, tekanyetso e e boeledistweng gape e ka nna ya kopiwa.
Go tila dikwatlhao le merokotso, dira gore dipoelo tsa IRP6 ke tsebe e le nnngwe. Dipoelo tsa gago ka Lenane la gago le ka jalo romelwa ka nosi go tswa tuelong.
Karolo ya setlankana sa tuelo sa dipoelo tsa IRP 6, di mo tsebeng e e farologaneng Jaanong. Ka jalo dipoelo tsa gago di ka tsenngwa kwa thoko go tuelo ya gago.
Leba Dikaelo tsa IRP 12 fa o batla thuso fa o tlatsa dipoleo tsa gago tsa IRP6.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
SARS e tlhagisitse maemo a tirelo a a tla tsenngwang tirisong mo dingwageng tse pedi . Fa o romela dipoelo tsa gago SARS e ikaelela go:
tlhotlha le go sekaseka 80% tsa diforomo tse di tladitsweng sentle e bile di saenilwe tsa dipoelo tsa lotseno mo matsatsing a le 90 go tloga ka letlha la kamogelo mo dipakeng tsa tiro e ntsi le mo matsatsing a tiro a le 34 a tiro go tloga ka letlha la kamogelo ka dipaka tse tiro e seng ntsi tlhotlha dipoelo tsa VAT le PAYE mo matsatsing a le 20 a tiro go tloga ka letsatsi la kamogelo tlhotlha 90% tsa diforomo tsotlhe tse di rometsweng ka mokgwa wa ileketeroniki tsa dipoelo tsa diromelwantle diromelwateng mo diureng tse 4 tsa kamogelo le mo diureng tse 24 tsa kamogelo ya diforomo tse di tlisiwang ka seatla.
Ela tlhoko:
Fa moemedi a dira ka merero ya gago ya lekgetho, go botlhokwa go netefatsa gore SARS e itsesiwe ka ntlha e. Se ke go go sireletsa le go netefatsa gore SARS ga e mpampetse sephiri le khupamarama ya gago.
Godimo
Tlhotlhwa
Tirelo e ga e duelelwe.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
SARS e tla romela diforomo go ikwadisetsa lekgetho la nakwana la baduelalekgetho. Setlankana sa tuelo se tshwanetse ka gale se gokelelwe mo poelong ya IRP6 nngwe le nngwe.
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
