Kopo ya go bula akhaonto ya banka ya Mzansi
Tlhaloso
Akhaonto ya Mzansi ke tirelo e e tsamaisiwang ke Diposokantoro tsa Aforika Borwa go direla batho. Ke mokgwa o o siameng wa go amogela le go ntsha dituelo tsa badirisi. O tla netefaletswa gore madi a gago a bolokegile ka ntlha ya gore ga go na dituelo tsa kgwedi le kgwedi, gape o tla bona morokotso mo akhaontong ya gago. Ga go madi a dituelo tse di beetsweng seelo. Ga o tlhoke setlankana sa tshupotuelo go bula akhaonto ya Mzansi. Motho mongwe le mongwe a ka bula akhaonto. Ga go melawana e o e sekasekang pele o bula akhaonto, jaaka letseno le le tlhokegang. O ka batla go dirisa ditirelo tsa Poso Kantoro di ka feta 1300 mo makaleng le mo metšheneng e e 8000 ya go ntsha madi. Ga o duele sepe nako le nako fa o ntsha madi mo dikhaontareng tsa Poso Kantoro.
Ela tlhoko: Bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse di dumeletsweng go bula akhaonto ba tlhoka go tla le batsadi/batlhokomedi ba bona ba semolao fa ba bula akhaonto.
Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape, e ya kwa posong
Dikgato tse di tshwanetseng go latelwa
Go bula akhaonto, o tlhoka go dira tse di latelang :
E ya kwa Posong e e gaufi le wena mo Aforika Borwa mme o botse mmalamadi go go neela foromokopo.
Bontsha lokwaloboitshupo/pasa ya gago.
Neelana ka bosupi ba aterese ya bonno. Jaaka karolo ya Molao wa Tshedimosetso ya Sephiri ya Matlole. Mokopi o tshwanetse go tlhagisa bosupi jwa aterese ya bonno. Se se ka dirwa ka mokgwa wa dituelo mmasepala Fa o le mohiri, go tla tlhokega gore o neele khopi ya lekwalo la tuelano ya khiro. Fa o nna le batsadi , boikano jo bo tlhalosang se, bo tla tlhokega
Bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse di rileng, ba ba se nang boikarebelo mme ba eletsa go bula diakhaonto, ba tshwanetse go tla le batsadi kgotsa batlhokomedi ba semolao.
Ntsha madi a ntlha e leng R10
Ela tlhoko: O ka dirisa akhaonto mo makaleng a le 1300 a Diposo Kantoro le metšhene ya Saswitch e o kgonang go ntsha madi a a fetang 8000.
Molao o o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tirelo e ka tsaya metsotso e ka nna 10 go ya go e le 20, go tswa gore kgwebo e dira thata go le kana kang
Tlhotlhwa
Go tla tlhokega gore o ntshe bonnye jo bo kana ka R10
Diforomo tse di tshwanetseng go tladiwa
Diforomokopo di teng mo Diposo Kantorong tsotlhe go ralala naga.
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
