Kopo ya tetla le nomoro ya kgwebisano ka dirori
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Tirelo e e diretswe badiri, baagi, baromelateng, borakonteraka ba dirori le barekisi ba dirori. Nomoro ya kgwebisano ya dirori e letla badiri, baagi, baromelateng, borakonteraka ba dirori le barekisi ba dirori go kgweetsa serori se se sa kwadisiwang mo tseleng ya botlhe.
Nomoro ya kgwebisano ya dirori e tlhokega go:
badiri go tsamaisa, rekisa, fetola kgotsa go baakanya serori borakontereka ba dipalangwa tsa dirori go isa serori kwa lefelong le lengwe barekisi ba dirori go isa serori kwa lefelong lengwe, kgotsa baromelateng go isa serori kwa lefelong le lengwe.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Tlatsa foromo ya MTN 1 kwa kantorong ya gaeno ya pharakano.
Tlhalosa gore ke ka ntlha ya eng o tlhoka nomoro ya kgwebisano le palo e e tlhokegang ya dinomoro tsa kgwebisano.
Romela ditlankana tse di latelang:
khopi ya lekwaloitshupo la gago kgotsa lekwalo la kemedi fa o emetse setheo sa gago setifikeiti sa kwadiso ya kgwebo.
Duela madi a kopo.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Kopo e diragadiwa ka lona letsatsi leo.
Godimo
Tlhotlhwa
