Kopo ya tshwanelo ya moepo
Tlhaloso
Tshwanelo ya moepo ke tetla e o e bonwang go tswa mo pusong mme e dirwa ke Lefapha la Dimenerale le Maikatlapelo e e go nayang maatla a go epa dimerale mo lefelong le le rileng.
Tshwanelo ya moepo ga e a tshwanela go nna sebaka se se fetang dingwaga di le 30
Tshwanelo ya moepo e ka newa fa:
Mokopi a na le madi le bokgoni go diragatsa ditiro tsa moepo ka botlalo
Lenane la go duelela didiriswa di tsamaelana le tiro e moepo o ikaelelang go e dira le sebaka se se tla tsewang.
Ga go a tshwanela go nna le kgotlhelo ya tlholego kgotsa tshenyo ya tikologo e le ka ntata ya tiro ya mo moepong
Mokopi o setse a dirile dipaakanyo tsa ditšhelete malebana le lenane la loago le ditiro.
Tiragatso e ya tiro e tsamaelana le tšhatara ya
Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape, ikgolaganye le ba Lefapha la Dimenerale le Maikatlapelo.
Dikgato tse di latelwang
Dira kopo kwa ofising ya Mookamedi wa Kgaolo wa Lefapha la Dimenerale le Maikatlapelo mo kgaolong e lefatshe le leng mo go yona.
Tlatsa foromo D: Kopo ya ditshwanelo tsa moepo e o ka e fitlhelang kwa kantorong ya Mookamedi wa Kgaolo. Foromo e ka pagololwa le mo saeteng mo tsebeng e.
O ka isa foromo ka bowena kgotsa ka poso e e kwadisitsweng go Mookamedi wa Kgaolo o lefatshe le leng mo kgaolong ya gagwe.
Foromo e tshwanetse go tlisiwa le tuelo e o se kitlang o e busediwa jaaka e tlhomamisitswe ke Mookamedi wa Kgaolo.
Fa Mookamedi wa Kgaolo a amogela kopo o tla go itsise mo malatsing a le 14 go tloga ka letsatsi le a amogetseng kopo ka lona, a bo a go itsise gore:
O ise lenane la tsamaiso ya tikologo go rebolwa.
Itsise le go rerisana le batho botlhe ba ba amegang mo malatsing a le 180 go tloga ka letsatsi le kitsiso e dirilweng ka lona.
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Mookamedi wa Kgaolo o tla go itsise fa kopo ya gago e amogetswe, se se raya gore o fitlheletse ditlhokego tsotlhe mo malatsing a le 14 a amogetse kopo ya gago mme o tla go kopa go rerisana le mong wa lefatshe, motho yo o nnang mo go lona le batho botlhe ba ba amegang.
Fa kopo ya gago e sa amogelwa, Mookamedi wa Kgaolo o tla go busetsa kopo ya gago mo malatsing a le 14.
Fa Tona a gana go aba tshwanelo ya moepo, o tshwanetse go go itsise ka lekwalo, mo malatsing a le 30, a tlhalose mabaka a a dirang gore a gane.
Tlhotlhwa
Tlhotlhwa e tla tlhomamisiwa ke ba Lefapha mme e bile ga e kitla e boela kwa bakoping.
Tlhotlhwa e tla farologana go ya ka dimenerale tse di rafiwang.
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
