Kopo ya go dira boikuelo kgatlhanong le go retelelwa ga Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa go thusa kgotsa go sireletsa batswasetlhabelo ba tirisodikgoka ya fa gae.
Tlhaloso
O ka nna wa dira boikuelo jwa ngongorego mo go Bokaeding jwa Dingongorego jo bo Ikemetseng ka bojona fa o bona gore mongwe wa ditokololo tsa Tirelo ya Sepodisi mo Aforika Borwa o retelelwa ke go obamela ditshiamelo tsa Molao wa Tirisodikgoka wa tsa Selegae, 1998 . Batho bangwe le bangwe ba ba nang le kgatlhego, batswasetlhabelo ba tirisodikgoka kgotsa mekgatlho e e seng ya semmuso ke bona ba ka dirang boikuelo jwa ngongorego. Dingwe tsa dingongorego di ka akaretsa go retelelwa :
go tshwaro motho yo o leng maikarabelo a tiragalo e;
go thusa mongongoregi go kwadisa kgetse, go bona boitshireletso jo bo tshwanetseng, go bona tlhokomelo ya kalafo, go felegetsa mongongoregi go ya go tsaya thoto ya gagwe le go thibela modirisibotlhaswa go dirisa sebetsa sa gagwe se se kotsi;
go gakolola mongongoregi ka gore go ka diriwa eng, go tshwana le go retelelwa ke go gakolola mongongoregi gore a ka nna a bula kgetse wa tshenyo kgotsa go kopa thulaganyo ya tshireletso, kgotsa tsotlhe; le go thusa moikarabedi ka go dira gore mobiletswatshekong a itlhagise kwa kgotlatshekolong.
Tirisodikgoka ya kwa Gae e diragadiwa fa e le gore motho yo o nnang le ena ka mo gae o dira tse di latelang;
a ka go sotla ka go go itaya kgotsa robala le wena, sekao; a ka go itaya kgotsa a go betelela.
a ka go sotla ka dipuo, ka go go tshwenya maikutlo kgotsa tlhaloganyo , sekao, ka go bua a go tlhapatsa, go go tshwara maswe kgotsa go nna le lefufa mo go feteletseng.
go tlhorisa motho, sekao, ka go letsa megala e e tenang bogosegolo, go romela makwalo kgotsa dilo kwa go ena kgotsa go tlhokomela metsamao ya gagwe.
go tsena fa a nnang teng kwa ntle ga tumelelo ya gagwe.
go dirisadikgoka mo ikonoming kgotsa mo ditšheleteng tsa motho yo mongwe, sekao, a mogatso kgotsa molekane a pateletsa go dira ditshwetso tsotlhe mabapi le ditšhelete kgotsa a gana go reka dijo, go duelela bana dituelo tsa sekolo , jalo jalo.
go go tshosetsa, sekao go go tshosetsa ka go go bolaya fa e le gore o batla go ya kwa mapodising.
go senya thoto ya gago, sekao, go fisa diaparo tsa gago, go roba diphatlho kgotsa go ntsha dithaere tsa sejanaga sa gago mowa.
go se tseye tsia thulaganyo ya tshireletso e e amogelesegang, e e leng teng.
go dirisa tsela nngwe le nngwe ya mokgwa wa tirisibotlhaswa o o tshosetsang tshireletso ya gago, boitekanelo kgotsa go iketla ga gago.
Fa o batla go bona tshedimosetso e nngwe gape, o kwa Bokaeding jwa Dingongorego jo bo Ikemetseng ka bojona.
Dikgato tse di tshwanetseng go latelwa
Dira boikuelo ka bowena, ka mogala, ka lekwalo kgotsa ka emeile mo kantorong nngwe le nngwe ya ICD.
Jaaka o le mongongoregi, tlatsa foromo ya boikwadiso ya Molao ya Tirisodikgoka ya kwa Gae .
Neela ka tshedimosetso e e latelang go ICD:
Setatamente se se buang gore go diragetse eng
Leina le diaterese le megala tsa motswasetlhabelo le/kgotsa mongongoregi
Leina le maemo a motlhankedi wa sepodisi yo o mmelaelang/ba o ba belaelang
Leina la seteišene sa mapodisi
Nomoro ya kgetse o e filweng kwa seteišeneng sa mapodisi fa e le teng
Letlha, nako le mokgwa o motho yo o sa obamelang Molao wa Tirisodikgoka wa tsa Selegae, 1998 ka ona
Leina le aterese le megala tsa paki, fa e le teng
Melao e eo dirisiwang
Molao wa Tirisodikgoka wa tsa Selegae, 1998 Molao 116 wa 1998, Karolo ya 18
Ditaelo tsa Bosetšhaba mabapi le Tirisodikgoka ya kwa Gae: 7/1999
Boemo jwa Tirelo
Nako ya go emela tshwaro ya ditherisano ke metsotso e le 30
Rasiti ya kamogelo e e kwadilweng ya mongongoregi ... mo malatsing a le 30
Pegelo ya tswelopele ... mo malatsing a le 30
Pegelo ya bofelo ... mo malatsing a le 90
Tlhotlhwa
Ditirelo ga di duelelwe
Diforomo tse di tshwanetseng go tladiwa
Foromo ya boikwadiso ya Molao wa Tirisodikgoka ya tsa Selegae
Bodirelo, diaterese le megala
