Kopo ya laesense ya selegae ya mokoro wa go thaya ditlhapi
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Mokoro wa go thaya ditlhapi wa selegae ke o o abetsweng setefikeiti ke Baitseanape ba Pabalesego ya Mawatle ba Aforika Borwa ga mmogo le Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala Mokoro wa go thaya ditlhapi o tshwanetse go:
nna wa Moaforika Borwa o bo o laolwe ke Moaforika Borwa a le mongwe kgotsa go feta kgotsa nna wa setheo sa kgwebo, baagi, setšhaba kgotsa mokgatlho wa batho ba ba ipopileng ka fa tlase ga melao ya Repaboliki ya Aforika borwa mme e bile bontsi jwa dišere le ditshwanelo tsa go vouta di laolwa ke Maaforika borwa.
Mokoro wa go thaya ditlhapi wa selegae ka gale o diretswe go thaya ditlhapi le go dira ditiro dingwe tse di tsamaelanang le se. Mokoro o akaretsa lootwana la kere, ditlamelo, borekisetso, morwalo, le lookwane le le pegilweng mo mokorong. Mokoro wa go thaya ditlhapi wa selegae e ka nna mokoro mongwe le mongwe o o thusang mokoro o le mongwe kgotsa e mentsi mo lewatleng go dira tiro nngwe le nngwe e e tsamaisanang le go thaya ditlhapi. Yona e ka akaretsa ditiro tse di latelang, le tse dingwe gape:
ipaakanyo thelesa polokelo tsidifatsa go pagamisa , kgotsa go rulaganya go dira ditiro dingwe tsa go thaya ditlhapi mo Lefelong le le kgethegileng la Ekonomi kgotsa mo metsing a boditšhabatšhaba ka fa tlase ga folaga ya Aforika Borwa.
Ga go na motho yo o tshwanetseng go dirisa mokoro wa go thaya ditlhapi kgotsa mokoro ofe kapa ofe a dirisa tshwanelo nngwe le nngwe fa e fela fa a abetswe laesense,le phemiti e e nyalanang le yona fa mong mokoro a na le tshwanelo ya go thaya ditlhapi.Fa mong wa mokoro a se na tshwanelo ya go thaya ditlhapi, o tshwanetse a bo a na le konteraka ya go dirisa mokoro go thaya ditlhapi.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Mokoro wa go thaya ditlhapi o tla sekasekiwa ke Baitseanape ba Pabalesego ya Mawatle ba Aforika Borwa mme SAMSA e ka aba Setefikeiti sa Pabalesego.
Iponele foromo ya kopo go tswa mo ofising e e gaufi ya Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala .
O tshwanetse wa bo o na le tshwanelo ya go thaya ditlhapi . Fa o se na tshwanelo ya go thaya ditlhapi yo o nang le mokoro, o tshwanetse go tlisa konteraka, e o e dirileng le mong wa mokoro go dirisa mokoro wa gagwe, fa o tlisa kopo ya laesense ya mokoro.
Isa foromo kwa ofising e e gaufi ya Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala le na le tshedimosetso e e latelang:
leina la mokoro wa go thaya ditlhapi leina le dintlha ka botlalo tsa mong wa mokoro mofuta wa enjine e e tsamaisang mokoro boleele ga mmogo le bogolo jwa mokoro nomoro kwadiso ya mokoro leina la folaga ya puso e mokoro o kwadisitsweng ka fa tlase ga ona
Supa lefelo le mokoro o tlileng go dirisiwa mo go lona ga mmogo le sebaka se se tlileng go tsewa.
Tlatsa foromo ka go e gatisa o ditlhakakgolo fela mme o kwale lekwalo le le tshegetsang kopo ya gago fa go tlhokagala.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Kopo e ka tsaya malatsi a le 3 a tiro kgotsa go feta. fa kopo e dirilwe ka tshwanelo.
Godimo
Tlhotlhwa
Tlhotlhwa e tla laolwa ke boleele jwa mokoro.
