Kopo ya lekwalo la tetla malebana le serori
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
O tshwanetse go bona lekwalo la tetla fa o ikaelela go reka serori se sešwa kgotsa se se dirisitsweng go tswa dinageng tse dingwe, serori sa dithoto kgotsa selei le aga kgotsa go fetola serori.
O tshwanetse go nna le lekwalo la tetla go sa kgathaletsege gore a serori seo se agilwe mo Aforika Borwa kgotsa kwa nageng e nngwe. Mefuta ya dirori tse di tlhokang lekwalo la tetla:
dijanaga, dibese le dikuta dirori tsa dithoto dilei dirori tse di kgethegileng jaaka dikereini tse di tsamayang, diterekere le megoma.
Dirori tsotlhe, di ka ne di dirilwe mo Aforika Borwa kgotsa di tswa kwa ntle, di tshwanetse go ikobela ditlhokego tsotlhe jaaka di tlhomilwe mo teng ga , 1996. Ba ba rekang kwa ntle ga naga ba tshwanetse go romela bosupi jwa go ikanaanya kwa Birong ya Maemo ya Aforika Borwa .
Ela tlhoko: Ke motho fela yo serori se tla kwadisiwang ka leina la gagwe a ka tlatsang diforomo tsa kopo.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Bona diforomo tse di maleba go tswa go SABS.
Tlatsa diforomo tseo mme o gokelele ditlankana tse di latelang:
khopi ya Lekwaloitshupo lekwalo la kemedi mo ntlheng ya setlamo kgotsa mokgatlo afitafiti ya serori se se agilweng go tswa go Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa. E tshwanetse go akaretsa dinomoro tsa laesense le tšhesisi, dintlha ka botlalo tsa tiro e e dirilweng le motswedi wa dikarolo tse dikgolo segolo tse di botlhokwa mo pabalesegong setifikeiti sa tumelelo go tswa Tirelo ya Sepodisi ya Aforika Borwa setifikeiti sa go siamela tsela setifikeiti sa leborogo la bokete ditshwantsho tse pedi tsa serori seo.
Duela tlhwatlhwa e e beilweng.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Lekwalo la tetla le tla bo le siame mo matsatsing a le mane go ya go a marataro.
Godimo
Tlhotlhwa
