Go dira gore ditlankana le Ditifikeiti tsa End User e nne tsa semolao
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Go dira gore ditlankana e nne tsa semolao kgotsa go di netefatsa ke tsamaiso ya go netefatsa ditshaeno mme se se kaya gore ditlankana tsa semmuso di a kgomarediwa, tswalelwa le go saeniwa ka Setifikeiti sa Apostille , kgotsa ka Setifikeiti sa Netefatso fa dinaga di sa ikamanye le The Hague Convention.
Karolo go dira Semolao:
e dira semmuso dintlakana tsa botlhe tse di dirilweng mo teng ga Rephaboliki ya Aforika Borwa go ka dirisiwa kwa ntle ga Rephaboliki ya Aforika Borwa ka go dirisa Setifikeii sa Apostille kgotsa Setifikeiti sa Netefatso tlamela badirisi ka maele a go bona ditshaeno kgotsa ditlankana tse di nepagetseng tlamela badirisi ka tshedimosetso ka mogala, poso kgotsa imeili.
Baemedi ba Aforika Borwa kwa dinageng tse dingwe ba ka dira ditlankana go nna tsa semmuso fa fela di ne di dirilwe tsa semmuso ke Bothati jwa Boditšhaba jo bo maleba kwa Lefapheng la Merero ya Boditšhaba. Baemedi ba Aforika Borwa ba ka se rebole Ditifikeiti tsa Apostille - ke fela Ditifikeiti tsa Netefatso.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Sa ntlha, itse gore ke setlankana sefe se o ratang go se dira sa molao.
Karolo ya go dira Semolao e ka rebola Setifikeiti sa netefatso kgotsa Apostille se se maleba e ikaegile ka melao e e latelang:
Setlankana ga se fete ngwaga o le mongwe.
O tshwanetse wa itsise Karolo ya go dira Semolao ka ga naga e setlankana seo se tlileng go dirisiwa kwa go yona, go e letla go swetsa gore go tlhokega Setifikeiti sa Apostille kgotsa sa Netefatso.
Pele Karolo ya go dira Semolao e ka rebola Setifikeiti sa Netefatso kgotsa sa Apostille, setlankana se tshwanetse go dirwa sa semolao ke:
Magiseterata, Magiseterata wa Tlaleletso kgotsa Mothusa-Magiseterata
Mokwadisi kgotsa Mothusa-Mokwadisi wa Kgotlatshekelokgolo ya Aforika Borwa.
Romela ditlankana tse go Karolo ya go dira Semolao ka nngwe ya ditsela tse di latelang:
Ka namana - Ditlankana tse di isiwang ka namana di ka tsewa fela ka bopaki jwa kamogelo. O newa sesupo sa kamogelo morago ga go isa ditlankana tsa gago.
Ka khoria - Khoria e tla newa setlankana sa go tsaya, se se tlhokegang go tsaya ditlankana. O tshwanetse go duela khoria go busa ditlankana tsa tsa gago.
Ka poso e e kwadisitsweng kgotsa poso e e bonako - Tsenya le enfelopo e e nang le aterese ya gago, e e dueletsweng kwa pele ya bogolo jwa A4 go letla Karolo ya go dira Semolao go busa ditlankana. Lekwalo le le tlhalosang palo ya ditlankana tse di tshwanetseng go dirwa tsa semolao, naga e di yang kwa go yona e a tlhokega, le dintlha tsa gago tsa kgokagano ka botlalo di tshwanetse go tsamaya le ditlankana tse.
Ka Moemedi wa Aforika Borwa kwa dinageng disele .
Ditlankana tse di latelang ga di amogelwe:
Ditlankana tse di khutshwafaditsweng kgotsa dikgatiso tsa khompiuta
Dikhopi tse di kannweng sa ditifikeiti tsa lenyalo, botsalo, loso kgotsa tsa go sekasekwa ke sepodisi
Dikhopi tse di kanngweng tsa Setifikeiti sa Kemo ya Lenyalo kgotsa Bopaki jwa Boagi
Dikhopi tse di kannweng tsa ditlankana tsa mosepele kgotsa makwaloitshupo
Ditlankana tse di kannweng ke Mokhomišenara wa Dikano go nna dikhopi tsa nnete. Mokwaledi wa Botlhe o tshwanetse go kana.
Ditlankana tse di latelang ga go tlhokege gore di ka dirwa tsa semolao pele ke Kgotlatshekelo jaaka go kailwe fa godimo, fa fela di ne di saenilwe ke bothati jo bo di rebolang:
Ditifikeiti tse di sa khutshwafadiwang kgotsa tse di tletseng tsa botsalo, lenyalo le/kgotsa loso le makwalo a a tiisetsang boemo jwa bonno jwa motho, di saenilwe le go tempiwa ke mothapiwa yo o tshwanetseng wa Merero ya Selegae.
Dipampiri tsa tlhokomelo tse di saenilweng le go tempiwa ke Mokwadisi wa Ditlhokomelo kwa Lefapheng la Bosiamisi.
Ditifikeiti tsa thuto di saenilwe le go tempiwa le mothapiwa yo o maleba wa Lefapha la Thuto.
Ditifikeiti tsa go Sekasekwa ke Sepodisi di saenilwe le go tempiwa ke Tikwatikwe ya Direkoto tsa Bosenyi ya Aforika Borwa .
Lekwalo la go Go tlhoka Kgoreletso le saenilwe go tempiwa ke mothapiwa yo o maleba wa Merero ya Selegae.
Kwadiso ya setheo e saenilwe le go tempiwa ke Mokwadisi wa Ditheo tse di Kopanetsweng.
Ditifikeiti tsa Boitekanelo di saenilwe le go tempiwa ke batlhankedi ba ba maleba kwa Khanseleng ya Porofešene ya Boitekanelo.
Ditlankana tse di ka ga go dipalangwa tsa leruo go akaretsa diruiwa, di tshwanetse go tempiwa le go saeniwa ke Moitseanape wa Puso yo o maleba.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Diura tsa botlhe ke Mosupologo - Labotlhano, 08:30 - 12:30
Karolo ya go dira Semolao e tla rebola kitsiso ya matsatsi a le supa a go tswalwa fa e se letsatsi la boikhutso jwa botlhe.
Godimo
Tlhotlhwa
Ditirelo tse ga di duelewe.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Ga go na diforomo tse di tladiwang, fela ka gale supa naga e o ratang go dirisa setlankana se mo go yona.
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
