Kopo ya go tsenela thutokatiso fa o sa dire
Tlhaloso
Thutokatiso ke lenanego la go ithuta le le lebisang go bona tshupetsokgono ya tiro. Dithutokatiso tse di tsenyeletsa thuto e e diragalang mo phaposing kwa setheong sa thuto kgotsa kholetšhe le katisotirong mo lefelong la tiro. Go tsaya karolo mo thutokatisong, mothapi o tshwanetse go bo a batla mme e bile a ka neelana ka thutokatiso.
Ke mang a ka dirang kopo?
Mongwe le mongwe yo o fetsang sekolo, kholetšhe kgotsa yunibesithi le bao ba sa direng. Batho ba sa direng ba tshwanetse go bo ba ikwadisitse jaaka bakopi batiro le Lefapha la Ditiro.
Ga go phetogo epe ka motho go ya kwa thutokatisong. Mongwe le mongwe yo o tlhophilweng go tsenela lenaneo la thutokatiso o tshwanetse go amogela tetlo ya madi ya thutokatiso go tswa go mothapi.
Boleele jwa paka ya thutokatiso bo tla farologana go ya ka mofuta wa kgwebo fela e ka se nne khutshwane go na le ngwaga.
Go bona tshedimosetso e nngwe gape, e ya go Lefapha la Ditiro
Dikgato tse di tshwanetseng go latelwa
Gopola ka mofuta wa katiso o o ka e neelwang e tiro e e batlang.Ka mantswe a mangwe, fa o batla go dira kwa ntle, o se dire kopo ya tiro ya kantoro.
Bopa boipolelo/CV e e neelanang ka dintlha tse di tletseng ka wena jaaka ka tse di latelang:
Leina la gago le letlha la botsalo.
Thuto e o e boneng; sekolo se o se tseneng le makwalotshupo a thuto
Maitemogelo tirong; maina a bathapi ba ba fetileng le gore o ne o dirang eng.
Bokgoni jo bong jaaka go kgona go dirisa khomputara; lekwalo la go kgoetsa jalojalo.
Batsereganyi ba modirakopo leina le dintlha tsa kgolagano tsa batho ba ba go itseng mo tirong kgotsa mo dithutong tsa gago.
Ikwadise jaaka modirakopo ya tiro le borakanelo jo bo gaufi jwa ditiro. Se se tla thusa bathapi go fitlhela fa ba batla go simolola ka thutokatiso.
Ikgolaganye le SETA go bona bathapi ba ba neelanang ka dithutokatiso. E a batla tshedimosetso go Lefapha la Ditiro.
Kopa ditsala le balosika go go lebelela ditšhono mme ba lebe dithekiso mo makwalodikgannyeng.
Tswelela ka go ikgolaganya le mafelo a tshedimosetso ya ditiro tsa gago mme o kgone go ntšhafatsa dintlha fa di fetogile.
Molao o o dirisiwang
Molao wa Maemo a kwa Ditirong
Boemo ba tirelo
Boleele jwa thutokatiso bo tla farologana fela bo ka se tshwane le go nna ka fa tlase ga ngwaga.
Tlhotlhwa
Ga go duelwe sepe
Mafelo a bodirelo, diaterese le megala
