Kopo ya go ntshiwa ga ditifikeiti tsa boditšhabatšhaba tsa Mokgatlho wa Teko ya Disata
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Jaaka leloko le le tshwailweng semmuso la laboratori ya Mokgatlho wa Teko ya Disata wa Boditšhabatšhaba , Seteišene sa Semmuso sa Teko ya Disata ya Lefapha la Temothuo e na le dithata tsa go aba Ditifikeiti tsa Boditšhabatšhaba tsa Tshekatsheko ya Disata Ditifikeiti tse di abiwa ka ntlha ya dikumo tse di romelwang ntle.
Mefuta e le meraro ya ditifikeiti e ka abiwa, e leng ditifikeiti tsa Seed Lot le Ditifikeiti tsa Sekao sa Peo/ Seed sample .
Setifikeiti sa Mmala wa Namune se ntshiwa fa sampole e ntshiwa semmuso go tswa mo setlhotshwaneng sa dijalo /Seed lot mme diteko di dirwa ke bolaodi jwa laboratori e e tshwanang le e e tshwailweng semmuso e sampole e ntshitsweng mo go yona
Setifikeiti se se Botala jwa Tlhago se ntshiwa fa sampole e ntshitswe semmuso go tswa mo setlhotshwana sa dijalo/Seed lot ka fa tlase ga taolo ya laboratori e e tshwailweng semmuso fela diteko di dirwa kwa laboratori e nngwe e e tshwailweng semmuso kwa nageng e e farologaneng.
Setifikeiti sa Botala jwa Legodimo se ntshiwa fa disampole di se ka fa tlase ga maikarabelo a laboratori e e tshwailweng semmuso gape laboratori e e tshwailweng semmuso, e na le maikarabelo a go dira diteko tsa dikao/disampole.
Setifikeiti sa Mmala wa Namune le sa Botala ba Tlhago, di maleba fela le ditlhotshwana tsa dijalo/seed lot e di neng di tserwe mo go yona, fa Setifikeiti sa Botala jwa Legodimo se le maleba le sekao/sampole e e rometsweng go dirwa diteko fela.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Sitlholola mme o tlatse foromokopo ya Setifikeiti sa Mmala wa Namune sa Boditšhabatšhaba. Ka gonne laboratori e e tshwailweng semmuso ya kwa nageng e nngwe e le yona e e tla ntshang Setifikeiti sa Botala ba Tlhago, tsweetswee, ikgolaganye le OSTS .
Kopa dinomoro tsa semmuso tse di neelwang ditlhotshwana tsa dijalo .
Fekesetsa kopo ya gago go OSTS .
Dinomoro tsa ditlhotshwana tsa dijalo di tla neelwa mme kopo ya fekesetswa kwa go wena gape. E tla fekesetswa gape kwa go batlhankedi ba baruni ba ba filweng dithata, ka e le bona ba ba tlileng go dira disampole kwa dikantorong tsa kgaolo.
Baakanyetsa ditlhotshwana tsa dijalo/seed lot go dirisiwa jaaka dikao/disampole. Se, se akaretsa le go tshwaya setlhotswana se sa dijalo ka dinomoro tse di tllhaoletsweng. Setshwari sengwe le sengwe se tshwanetse go tshwaiwa sentle kgotsa se fiwe setshwao se se kayang nomoro e e tlhaoletsweng ditlhotshwana tsa dijalo .
Fa ditlhotshwana tsa dijalo di siametse go dirisiwa jaaka dikao/disampole, bitsa moruni go tla go ntsha dikao/disampole tse a tlileng go di dirisa.
Dikao tse di isiwa kwa go OSTS mme di tlhatlhobiwe go bona boleng jwa tsona morago setifikeiti se se maleba se tla ntshiwa.
Duela madi a diteko tsa dipeo a a tlhomamisitsweng. Fa dikao di amogelwa, go ntshiwa lenanetheko. Dintlha tsa banka ke tse di latelang:
Dituelo di ka diriwa ka eleketeroniki kgotsa kwa pele kwa khaontareng fela go botlhokwa gore o bitse nomoro ya lenanetheko ka tlhogo gore banka e tle e kgone go nyalanya madi a a tsentsweng le lenanetheko le le ntshitsweng.
Dira kopo ya Setifikeiti sa Botala jwa Legodimo o dirisa tlhogokwalo la mokgatlho wa gago, ka gonne go tshwaya ditlhotshwana tsa dijalo/seed lot, le dikao/disampole tse di tshwerweng semmuso di se maleba.
Godimo
Molao o dirisiwang
Ga go na molao diriswang.
Godimo
Boemo jwa tirelo
Seteišene sa Semmuso sa Diteko tsa Dipeo se kaya diteko tsa dikao/disampole tsa dipeo di le botlhokwa thata fa di ama mabaka a thomelontle. Mefuta e e farologaneng ya dijalo di na le maemo a a farologaneng mme nako ya teko e ka farologana go simolola ka malatsinyana go ya go dibeke di le mmalwanyana.
OSTS e kgaratlhela go medisa dikao/disampole tsa dipeo ka maemo a diteko a a tshwanang go tswa mo thomelong e le nngwe. Gape modirelwa a ka nna a kopa diteko tse di farologaneng. Ka jalo, ga go kgonege go neela boemo jwa tirelo. Botsa kwa go direlwang teng diteko tse .
Godimo
Tlhotlhwa
