Kopo ya motho a le mongwe go bona ketleetso ya ntlo
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Ketleetso ya ntlo ya motho a le mongwe ke kabelo go tswa mo mmusong e e diretsweng batho ba ba batlang go nna le ditsha tse e leng tsa bona tse di nang le ditirelo. E letlelela baamogeladitshiamelo go tsena mo dikonterakeng tsa go aga dintlo, kgotsa go reka ntlo e e setseng e le teng mme e tokafaditswe go ka nniwa mo go yona e se karolo ya porojeke ya ketleetso ya ntlo e e rebotsweng.
Ketleetso e, e thusa baamogeladitshiamelo ba ba nonofileng ba ba eletsang go oketsa diketleetso tsa bona ka botseno mo keretiting, ga mmogo le baamogeladitshiamelo ba ba se nang dinonofo tsa keretiti.
Batho ba ba fitlhelelang ditlhokego tse di latelang ke bona ba ba tshwanetseng go dira dikopo:
moagi wa mo Aforika Borwa kgotsa motho yo o nang le tumelelo ya boagi ya leruri motho yo o nyetseng/nyetsweng kgotsa yo o nang le molekane wa go tloga bogologolo batho ba ba sa nyalang/nyalwang, mme ba le dingwaga tse di fetang 21 ka bogolo mme ba na le batsholwa/baikaegi lotseno lwa batho botlhe ba ba nnang mo ntlong lo tshwanetse go nna R3 500 kgotsa ka fa tlase ga yona ga o a tshwanela wa bo o setse o kile wa nna le ntlo mo nakong e e fetileng bakopi ba ba nang le thetelelobokgoni/bogole ba ba kopang pharologano e e kgethegileng .
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Tlatsa foromo ya kopo e e ka bonwang kwa Lefapheng la Dintlo la Porofense , dibankeng le kwa go bommasepala.
Tsaya foromo o e ise kwa go rebolelwang teng go tlatsa Karolo ya G.
Tsaya foromo o e ise kwa motho yo o adimisanang ka madi kgotsa kwa setheong sa matlole go tlatsa Karolo H mo dikopong tsa diakhaonto tse di tshwaraganeng .
Tsaya foromo o e ise kwa go Moagi go tlatsa Karolo ya I fa e le gore ke dintlo tse dintšhwa tse di agilweng.
Dira maikano kwa Moikanising wa Maikano .
Tshwaraganya ditokomane tsotlhe tsa tlhomamiso:
lekwalotshupo/pasa setifikeite sa lenyalo setifikeite sa matsalo setlankana sa lotseno , le kano ya thekiso .
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Ditirelo ga di duelelwe.
Godimo
Tlhotlhwa
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
