Kopo ya thekontle ya diphologolo go neelana ka bosika jwa yona
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Go tlhokega tumelelo ya thekontle go tswa go Mokwadise wa Tokafatso ya Diphologolo pele go ka dirwa thekontle ya diphologolo kgotsa neelano ya bolosika jwa phologolo jaaka pelwana popelo, moroto wa senna go tliswa mo Aforika borwa.
Fa e le gore mokopi ga a saene kopo ka boena, o tshwanetse a bo a tshotse lekwalo le le mo nayang thata ya go saena jaaka moemedi yo o saenang lekwalokopo mo boemong jwa mokopi, lekwalo la mothale o le tshwanetse go romelwa gammogo le lekwalokopo.
Fa e le gore mokopi o dirile tumalano le morekisi wa motswantle wa phologolo kgotsa bosika jwa yona go dira thekontle e e leng gore mo go yona dikatso , dituelo kgotsa dithebolelo tse di ka duelwang mo godimo ga tlhotlhwa e o rekileng ka yona, lekwalokopo le tshwanetse go romelwa ga mmogo le lekwalo la tlhomamiso go tswa go Mokaedi Kakaretso wa Lefapha la Dikgwebo le Madirelo gore Lefapha la gagwe le rebotse tumalano ya mothale o.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Bula saete mme o tlatse diforomo tsa kopo o gatisa ka ditlhakakgolo. Diforomo di ka kopiwa go Mokwadise wa Tokafatso ya Diphologolo.
Diforomo tse di sa tladiwang ka botlalo di tla busediwa kwa go mokopi.
Mametlelela ditokomane tse di latelang mo lekwalokopong la gago:
lekwalo le le anameng le le supang tshika ya ntlha le ya bobedi rekoto ya ditiro tsa phologolo setefikeiti sa mofuta wa madi.
Dintlha tsa Banka ke:
Nomoro ya Akhaonte: 011219556
Khoutu ya lekala: 000845/010845
Romela dikopo go:
Makwalokopo a tshwanetse go romelwa go disosaete tsa barui tse di maleba kgotsa bothati jwa ikwadiso go dira dikatlenegiso.
Tumelelo ya Thekontle ya Diruiwa. Ga go na diforomo dingwe tsa kopo tse di tlhokegang tsa Tumelelo ya Thekontle ya Diruiwa. Tumelelo ya Thekontle ya Diruiwa e na le ditlhokego tsa boitekanelo tse di rileng tse di tshwanetseng go kanisiwa ngaka ya diruiwa ya puso ya naga e e rekisang diruiwa pele merwalo e isiwa kwa ntle. Ditlhokego di ka bonwa go tswa go Senior Manager: Animal Health .
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Kopo e ka tsaya malatsi a le 30 go konosediwa.
Godimo
Tlhotlhwa
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
