Kopo ya boikwadiso ya setheo sa poraebete sa go tswetsa pele thuto le katiso
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Bathelesi botlhe ba dithulaganyo tsa FET ba ba nayang borutegi jo bo tletseng mo maemong a 2 - 4 a Letlhomeso la Borutegi la Bosetšhaba ba tshwanetse go ikwadisa jaaka ditheo tsa poraebete tsa Thuto le Katiso e e Tsweletseng . Bakopi le bona ba tshwanetse go ikwadisa go ya ka Molao wa Ditlamo wa 1973.
Ditheo tse di nayang dirutwa tsa nakwana, , dithulaganyo tse e seng tsa NQF kgotsa dikarolo sa borutegi, tsona ga di amege mo boikwadisong go ya ka Molao wa FET wa 1998.
Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape, ikgolaganye le ba Lefapha la Thuto.
Dikgato tse di latelwang
Gorosa/tlisa diforomo tse kwa go Lefapha la Thuto la Bosetšhaba .
O akaretse le tuelo e e sa busetsweng ya kopo ya go lekana R500 le kopo. Tuelo e, e ka duelwa tšheke e e netefaditsweng kgotsa ka posootara .
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Boikwadiso bo ka tsaya dikgwedi di le11 go fetswa.
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
