
Lefapha la Botsweretshi le Setso 
LETLHOMESO LA 
BOSETHABA 

LA PHOLISI YA PUO 

Paakanyotlhomo ya Makgaolakgang 
13 Ngwanatseele 2002 

DITENG 
KETAPELE KA TONA YA BOTSWERETSHI, SETSO, SAENSE LE THEKENOLOJI 
LENANE LA DIAKERONIMI KAROLO YA 1 MAITSHETLEGO LE BOKAO 
1.1 Matseno 
1.2 Bokao jwa Histori 
1.3 Bokao jwa Peomolao 
KAROLO YA 2 DINTLHAKGOLO TSA PHOLISI 
2.1 Maikaelelo 
2.2 Ditheo 
2.3 Mokgwa 
2.4 Sekoupu 



KAROLO YA 3 KAGO YA BOKGONI JWA BATHO KAROLO YA 4 MAANO A TIRAGATSO LENANE LA MAREO 

KETAPELE KA TONA YA BOTSWERETSHI, SETSO, SAENSE LE 
THEKENOLOJI,  NGK B S NGUBANE 

Puo ya motho ke karolo ya motho ka mekgwa e mentsi; mpho ya tlholego ya motho yo mongwe le yo mongwe, e re tlhagisang ditsholofelo le megopolo ya rona, go tlhagisa dikakanyo le mesola ya rona, go sekaseka maitemogelo le ditso tsa rona, le go aga sethaba sa rona le melao e e se laolang.  Ke ka puo re dirang jaaka batho mo lefatsheng le le fetogetseng ruri. Tshwanelo ya go dirisa dipuo tsa semmuso tse  re di  ratang ka jalo e amogetswe mo Molaotlhomong  wa Ditshwanelo, mme le Molaotheo wa rona o amogela gore dipuo tsa batho ba rona ke didiriswa tse di tshwanetseng go somarelwa.  
Ke motlotlo thata ka gore, morago ga thulaganyo ya ditherisano tse di tseneletseng, kwa bofelong re kgona go itsise letlhomeso la pholisi ya puo la Aforika Borwa. Se ke konotelo ya thulaganyo e e simolotseng ka 1995, fa ke ne ke supa Setlhopha sa Thulaganyo sa Puo (LANGTAG) go nkeletsa ka ga letlhomeso la pholisi le leano le le kitlaneng la puo. Kgato e e ne e le botlhokwa ka ntata ya go tlhoka go itshokelana ga dipharologano tsa dipuo, mme go nna teng ga tiriso ya dipuo tse dintsi ke bothata jo bo tlhwatlhwagodimo  jo bo bonagalang mo maphateng a mangwe a sethaba, le koketsego ya ngongorego go tswa go beng ba puo ka ga mokgwa wa tiriso ya puo e le nngwe mo Aforika Borwa. 
Letlhomeso la Bosethaba la Pholisi ya Puo le ikaegile ka poelo ya thulaganyo ya ditherisano tsa rona, ka LANGTAG le ka maiteko a Lefapha la me ka tirisano le Phanele Keletso ka ga Pholisi ya Puo. Letlhomeso la pholisi le botlhokwa mo tsamaisong ya dipuo tsa rona tse di farologaneng le phitlhelelo ya mmuso ka maikaelelo a ona go tsweletsa demokerasi, bosiamisi, tekatekano le kopano ya sethaba.  Ke ka mowa o e leng gore tsweletso ya dipuo tsotlhe tse di 11 tsa semmuso tsa naga ya rona jaaka go tlhagisitswe ke Molaotheo go nna botlhokwa mo pholising. 
Letlhomeso la Pholisi gape le amogela ntlha  ya gore mosola wa dipuo tsa rona o tlhomamisiwa segolo thata ke tiriso ya tsona mo ekonoming, mo loagong le mo polotiking. Fa puo e latlhegelwa ke mosola mo mefameng e, maemo a puo a fela.  Letlhomeso la Pholisi gape le lemoga gore re lebagane ke kgwetlho ya bogotlhe jwa lefatshe le gore dipuo tsa rona tsa tlhago di tshwanetse go nna karolo ya  tikologo e e golang ya thekenoloji.  Ka moo le ikaelela go netefatsa maemo le tiriso ya dipuo tsa tlhago tsa Aforika Borwa.  
Ke solofela gore maAforika Borwa otlhe a tla amogela Letlhomeso le la Bosethaba la Pholisi ya Puo jaaka la bone.  Ke dumela gore rotlhe re tshwanetse ke go netefatsa gore pholisi  e nna nnete mo matshelong a rona,le go netefatsa mokgwa wa maAforika Borwa o o tshwanang o le esi mme e re dire motlotlo.  
 Ngk B S Ngubane 
Letlhomeso la Bosethaba la Pholisi ya Puo  2002 

LENANE LA DIAKERONIMI 
DAC  Lefapha la Botsweretshi le Setso DoE  Lefapha la Thuto HLT Dithekenoloji tsa Puo ya Setho LANGTAG Setlhopha sa Tiro ya Thulaganyo ya Puo LiEP  Puo mo Pholising ya Thuto MTEF Letlhomeso la Ditshenyegelo tsa Nakwana NLS Tirelo ya Dipuo tsa Bosethaba PanSALB Lekgotla la Dipuo Tsotlhe tsa Aforika Borwa SADC Sethaba sa Tlhabololo ya Aforika Borwa SAQA Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa SASL Puo ya Diatla ya Aforika Borwa TISSA Tirelo ya Aforika Borwa Thanolelo ka Mogala 

KAROLO YA 1:  MAITSHETLEGO LE BOKAO 
1.1	 Matseno 
1.1.1 	Bokana ka 25 jwa dipuo di buiwa mo Aforika Borwa, tse di 11 tsa tsona di neeilwe maemo a semmuso go ya Karolo 6 ya Molaotheo wa 1996 (Molao No. 108 wa 1996), ka mabaka a gore tiriso ya tsona e akaretsa bokana ka 98% tsa sethaba sotlhe. 
1.1.2 	Dipuo tse di 11 ke Setebele, Sethosa, Sezulu le Seswati ( tse di itsegeng jaaka setlhopha sa dipuo tsa Senguni); Sesotho, Sepedi le Setswana (tse di itsegeng jaaka setlhopha sa dipuo tsa Sotho); Sevenda, Setsonga, Seesimane le Seburu. 
1.1.3	 Aforika Borwa ke naga ya dipuo tse dintsi. Ntlha e e gakgamatsang ka ga tiriso ya dipuo tse dintsi mo Aforika Borwa ke lebaka la gore dipuo tse di mmalwa tsa tlholego di buiwa go kgabaganya melelwane ya diporofense, e e kopanetsweng ke dithaba tse di tswang mo diporofenseng tse di farologaneng. 
1.1.4 	Gone jaanong go na le temogo e e tiileng ya botlhokwa jwa go matlafatsa maiteko a go tlhabolola dipuo tsa tlholego tse pele di neng di ikgatholositswe le go tsweletsa tiriso ya dipuo tse dintsi fa e le gore maAforika Borwa a tshwanetswe go gololwa go tswa mo go ikaegeng ka tiriso ya dipuo tse e seng tsa tlholego jaaka dipuo tse di tlhagelelang ka magetla tsa semmuso. 
1.1.5 	Go fitlha gompieno tsamaiso ya dipharologano tsa dipuo mo Aforika Borwa ya morago ga tlhaolele e dirilwe bothata ke go tlhokega ga pholisi e e tlhaloganyegang sentle, jo bo lebisang kwa tirisong ya Seesimane le Seburu jaaka dipuo tse di tlhagelelang ka magetla mo mefameng ya loago, ekonomi le sepolotiki mo sethabeng sa rona 
1.1.6 	Morago ga dingwaga di le 8 tsa demokerasi, Aforika Borwa jaanong e fitlhile mo setlhoeng sa bothata mo historing ya yona.MaAforika Borwa a tshwanetse go tsibogela dipharologano tsa dipuo le setso sa bona le dikgwetlho tsa tiriso ya dipuo tse dintsi, ke ka moo go tlhagisitsweng Letlhomeso le la Bosethaba la Pholisi ya Puo. 
1.1.7 	Letlhomeso la Pholisi ga le tlhotlheletse fela molebo o mowa mo tirisong ya dipuo tse dintsi mo Aforika Borwa, fela le rotloetsa tiriso ya dipuo tsa tlholego jaaka dipuo tsa semmuso le go gatelela le go tsweletsa kitlano ya sethaba.  Le akanyetsa kamogelo e e sephara ya dipharologano tsa dipuo, tshiamo ya loago, theo ya phitlhelelo ya ditirelo le manane a sethaba ka tekatekano, le tlotlo ya ditshwanelo tsa puo. 
1.18 	Tokomane e, e  tlhagisa letlhomeso le le kgontshang tebang le thulaganyo e e kitlaneng ya tiriso ya dipuo tse dintsi go ya ka Molaotheo. 

1.19 Bokao jwa Histori 
1.19.1 Fa e sale go tswa ka kgorogo ya Maholannere mo Aforika Borwa ka 1652, ka dipaka  tsa tatelano tsa puso ya Boritani, Kopano ya Aforika Borwa, le go theiwa ga puso ya kgethololo le Rephaboliki ya Aforika Borwa go fitlha go goroga demokerasi ka 1994 le dikaelo tsa Molaotheo ka ga tiriso ya dipuo tse dintsi tsa semmuso, pholisi ya mmuso ya puo le babusi ba ba maatla ba reteletswe ke go amogela dipharologano tsa puo. 
1.19.2 Maemo a, a tlhodile go se lekalekane ga dipuo mme phekeetso ya Seesimane  le Seburu e tlhodile dikamano tse di sa lekalekaneng magareng ga dipuo tse le dipuo tsa maAforika.  
1.19.3 Ka jalo, dipholisi tsa puo tsa bokoloniale le kgatelelo, ga mmogo le dipholisi tsa sepolotiki, loago le ekonomi, di tlhodile tlhatlhamano ya dipuo, go se lekalekane go go bontshiseng ditlhopha tsa go se lekalekane ga bomorafe le ditlhopha tse di sa lekalekaneng mo sethabeng sa Aforika Borwa. 
1.19.4 Ditiro tsotlhe tse di tlhodile ditlamorago tsa maemo a dipuo tsa tlholego le mefuta e e farologaneng ya dipuo tsa maAforika le ditlhopha tse dingwe tse di kgaphetsweng thoko tse di akaretsang Disusu le Difofu  go etleetsa megopolo e e fosagetseng ka ga dipuo tsa seAforika , megopolo e e sa tshwarwang fela ke babui ba Seesimane le Seburu, fela le ke babui ba bantsi ba dipuo tsa seAforika. 
1.19.5 Maemo a, a etegediwa ke ntlha ya gore ditheo tsa sethaba le tsa poraefete di na le mokgwa wa go tsaya ditshwetso tsa nakwana tse di kgatlhanong le dikaelo tsa molaotheo le ditlhokego tse di amanang le dipuo ka ntlha ya go bonela fa gaufi le mekgwa ya tsamaiso e e kgatlhanong le tiriso ya dipuo tse dintsi. 

1.20 Bokao jwa Peomolao 
1.20.1 Karolo 6 ya Molaotheo e tlamela letlhomeso lelegolo la semolao la tiriso ya dipuo tse dintsi, tlhabololo ya dipuo tsa semmuso le tsweletso ya tlotlo le itshokelano ya dipharologano tsa dipuo tsa Aforika Borwa. E tlhomamisa ditshwanelo tsa puo tsa baagi, tse di tshwanetseng go tloliwa ka dipholisi tsa puo tsa bosethaba. 
1.20.2 Molaotheo o gatelela gore dipuo tsotlhe tsa semmuso di tshwanetse  go newa tlotlomatso e e lekanang e bile di tshwanetse go tsewa ka tekatekano, ka go dira jalo go tsholediwa maemo le tiriso ya dipuo tsa tlholego, le puso e dirisa peomolao  le dikgato tse dingwe go laola le go tlhokomela tiriso ya dipuo tsa tlholego tse di kgapetsweng kwa thoko. 
1.20.3 Molaotheo o laela gore go nne le diphetogo mo mabakeng a puo go ralala naga, o neela kamegelo ya loago le ya sepolotiki go ditlhopha tsa dipuo tse go fitlheng jaanong di ntseng di ikgatholositswe ka ntlha ya ditlhokego tse di tlhagisitsweng tsa sethaba le ditlhopha tse di nang le kgatlhego. 
1.20.4 Karolo 6(2) ya Molaotheo e batla mekgwa e e ka tsentshwang tirisong go tlhabolola dipuo tse tsa tlholego. 
1.20.5 Karolo 6(3) le (4) e na le ditshiamelo tse di amanang le puo tebang le puso ya bosethaba le dipuso tsa diporofense, fa mafapha a puso a tshwanetseng go dirisa bonnye dipuo di le  pedi tsa semmuso. 
1.20.6 Go tsweletsa dipharologano tsa puo go ya pele, karolo 6(5) e letla go tlhamiwa ga Lekgotla la Dipuo Tsotlhe tsa Aforika Borwa (PanSALB) go tsweletsa tiriso ya dipuo tse dintsi le go tlhokomela tlhabololo le tiriso e seng fela ya dipuo tsa semmuso, mme le dipuo tsa seKhoi,seNama le seSan, gammogo le Puo ya Diatla ya Aforika Borwa kgotsa Dipuo tsa Diatla tsa Aforika Borwa.  Gape PanSALB e tla rotloetsa tlotlo ya Dipuo tsa Ngwao-Boswa tse di buiwang ke dikarolo dingwe tsa sethaba le dipuo tse di dirisediwang mabaka a bodumedi. 
1.20.7 Ditshiamelo tse dingwe tse di malebana le mabaka a puo di dirwa felo gongwe mo Molaotheong.   Karolo 9(3) e sireletsa kgatlhanong le kgethololo e e sa siamang ka ntlha ya mabaka a puo, fa karolo 30 le 31 (1) e bua ka ga ditshwanelo tsa batho go ya ka setso, bodumedi le go nna le seabe mo puong le boithabiso.  Karolo 35(3) le (4) e bua ka ga ditshwanelo tsa puo tsa batho ba ba tshwerweng,  ba ba tlhatlhetsweng le ba ba latofaditsweng ka kgatelelo e e rileng ka ga tshwanelo ya tsheko e e lolameng le ditsamaiso di dirwa kgotsa di ranolelwa mo puong e motho yoo a e itlhophelang. 
1.20.8 Lefapha la Thuto (DoE) le tlhagisitse  Pholisi ya Puo mo Thutong (PPT) e e gatelelang tiriso ya dipuo tse dintsi jaaka katoloso ya dipharologano tsa setso le karolo e e tletseng ya go aga Aforika Borwa e e se nang bomorafe.  Theo e e botlhokwa ke go tshola puo ya kwa gae ya moithuti mabapi le thuto le go ithuta, gape le go rotloetsa baithuti go ithuta dipuo tse dingwe. LiEP e dirana le dintlha tse di jaaka (di)puo tsa thuto le go ithuta mo dikolong tsa sethaba, kharikhulamo ya sekolo,le ditiro tse di amanang le mafapha a thuto a diporofense le makgotlatsamaiso a dikolo. 
1.20.9 Molaotheo le peomolao 	 tse di amanang di rotloetsa tsweletso ya tiriso ya dipuo tse dintsi mo Aforika Borwa.  Letlhomeso le la pholisi ka jalo le tshwanetse go akaretsa tetlanyo ya pholisi ya dipuo mo maemong a mararo a mmuso le go tlhalosa mabaka a a tlhomameng ka ga pholisi maemo le tiriso ya dipuo tsa tlholego tsa semmuso mo diporofenseng tsotlhe tse di robongwe mo Aforika Borwa. 

KAROLO YA 2: DINTLHAKGOLO TSA PHOLISI 
2.1 	Maikaelelo 
Pholisi ya puo e akanyetsa ditshiamelo tsa molaotheo ka ga tiriso ya dipuo tse dintsi, mme e dumalana le maikemisetso a mmuso tebang le kgolo ya ekonomi, loago, polotiki le thuto.  Maikaelelo a yona ke go  
2.1.1 	tsweletsa tekatekano ya tiriso ya dipuo tse di 11 tsa semmuso; 
2.1.2 	bebofatsa phitlhelelo e e lekanang ya ditirelo tsa mmuso, kitso le tshedimosetso; 
2.1.3 	netefatsa paakanyo tebang le dipuo tsa tlholego tsa semmuso tse pele di neng di kgaphetswe kwa thoko. 
2.1.4 	simolola le go tsweletsa tiriso e e matlhagatlhaga ya dipuo tse dintsi le batho ba dipuo tsotlhe; 
2.1.5 	rotloetsa go ithuta ga dipuo tse dingwe tsa semmuso tsa tlholego go tsweletsa tshwaragano ya sethaba, le dipharologano tsa puo le setso; le 
2.1.6 	tsweletso ya tsamaiso e e siameng ya puo go direla sethaba ka bokgoni go kgotsofatsa ditsholofelo le ditlhokego tsa badirelwa. 


2.2 	Ditheo 
Pholisi ya puo e ikaegile ka ditheo tse di latelang: 
2.2.1 	Boineelo mo tsweletsong ya tekatekano ya puo le ditshwanelo tsa puo jaaka di tlhokwa ke thulaganyo ya demokerasi; 
2.2.2 	Kamogelo ya gore dipuo ke didiriswa tsa go oketsa kitso, botswerere le go nna le seabe ka botlalo mo mefameng ya sepolotiki, ekonomi le loago; 
2.2.3 	Go dira ka tshwaragano go tsweletsa tiriso ya dipuo tse dintsi go ya ka molaotheo; 
2.2.4 	Go kganela tiriso ya puo nngwe ka maikaelelo a go ja ntsoma, go fekeetsa le go kgetholola; le 
2.2.5 	Tlhatlosa maemo a batho mo go itepatepanyeng le dikgatlhegelo, ditlhokego le diphegelelo tsa ditlhopha tsa dipuo tse di farologaneng ka dipuisano le dikganetsano tse di tsweletseng. 

2.3 	Mokgwa 
Mokgwa o amogela tse di latelang:  
2.3.1 	Tsweletso ya tiriso ya dipuo tse dintsi mo Aforika Borwa e batla maiteko a a sa nyatseng kitso e e leng teng mo sethabeng mo dipuo tsa tlhago tsa semmuso di tlhagelelang thata. Se se tla bebofadiwa ke tiriso le go akaretsa sethaba jaaka badirammogo mo thulaganyong ya tlhabololo ya puo. 
2.3.2 	Go tlilwe go solofelwa go dirisa baitsianape ba puo go thusa thulaganyo ya tlhabololo ya manane a tiriso ya dipuo tse dintsi ka ditlhotlhomiso le phasalatso ya diphitlhelelo. 
2.3.3 	Go bebofatsa tirisano le go amogetsana maikarabelo magareng ga maloko a SADC go tlile go itlhaganedisa tlhabololo ya puo. 
2.3.4 	Go tlile go tlhokagala go sekaseka dipholisi, ka dipaka tse di siameng, go tlhokomela kgatelopele go ya kwa go nneng sethaba sa Aforika Borwa se se dirisang dipuo tse dintsi ka botlalo. 
2.3.5	 Mokgwa o o itshetlegileng ka sethaba mo tsweletsong ya tiriso ya dipuo tse dintsi ke ona o o siameng thata, go lebeletswe sethaba sa Aforika Borwa sa merafe e mentsi. Go tshwanetse ga nna le mokgwa o o phatlaletseng o go tsewang karolo tebang le paakanyong ya puo le tiragatso ya pholisi e e kokoanyang botswerere jwa setegeniki tebang le phetisetso ya kitso le bokgoni. 

2.4 Sekoupu sa pholisi 
Sekoupu kgotsa ditshiamelo tsa pholisi ke tse di latelang: 
2.4.1 	Mekgatlho yotlhe ya mmuso (bosethaba, porofense le pusoselegae), gammogo le ditheo tse di nang le dithata mo sethabeng kgotsa tse di dirang ditiro tsa sethaba go ya ka peomolao, di tshwerwe ke Letlhomeso le la Pholisi ya Puo. 
2.4.2 	Mo tsweletsong ya dipuo tse dintsi diporofense di tla itlhamela dipholisi tsa tsone go latela dikaelo tsa Letlhomeso le la Pholisi, go akanyediwa maemo a tsona a kgaolo, le ditlhokego le dikeletso tsa sethaba jaaka di tlhalositswe ke Molaotheo. 
2.4.3 	Dipusoselegae di tla tlhomamisa tiriso ya puo le dikeletso tsa sethaba ka thuso ya letlhomeso la pholisi ya puo la porofense.  Mo tlhomamisong ya puo le dikeletso tsa sethaba, dipusoselegae, ka ditherisano le sethaba ka bophara, di tshwanetse go tlhabolola,  go  phasalatsa le go diragatsa pholisi ya tiriso ya dipuo tse dintsi. 
2.4.4 	Dipuo tsa semmuso di tlile go dirisiwa mo ditirong tsotlhe tsa kokoanopeomolao, go akaretsa phasalatso ya diHansard, jaaka ntlha ya tshwanelo, ka go tlhokega, ntle le fa e le gore mo mabakeng a dikgotlapeomolao tsa diporofense, maemo a kgaolo a tla tlhomamisa (di)puo tse di tshwanetseng go dirisiwa. 
2.4.5 	Mmuso o tla rotloetsa, mme fa go tlhokagalang wa tshegetsa dikgwebo tsa poraefete go tlhabolola le go diragatsa dipholisi tsa tsona tsa puo ka tumalano le letlhomeso la bosethaba la pholisi ya puo. 
2.4.6 	Go tsweletsa tiriso ya dipuo tse dintsi pholisi e e tlhomamisa tiriso ya dipuo tse di farologaneng mo mekgatlhong e e farologaneng ya mmuso ka mokgwa o o latelang: 
2.4.6.1 	Dipuo tsa tiro/dipuo tsa rekoto: Ka tumalano, mokgatlho mongwe le mongwe wa mmuso o tshwanetse go dumalana ka (di)puo tsa tiro (tebang le mabaka a tlhaeletsano ka fa gare le magareng ga mafapha),  Ntle le fa e le gore fa go kgonagalang ga go na motho ope yo o tla kganelwang go dirisa puo e a e ratang.  Mo mabakeng a go tsamaisa dikopano kgotsa go dira ditiro tse di rileng go tshwanetse ga tsewa matsapa go dirisa dibebofatsi tsa  puo jaaka phetolelo le/kgotsa thanolelo ka (tatelano, segongwe, gammogo le thanolelo ka go seba) fa go ka kgonagalang. 
2.4.6.2 	Tlhaeletsano le sethaba:  Mabapi le kwalelano ya semmuso, go tshwanetse ga dirisiwa puo e moagi a itlhophelang yona.  Tlhaeletsano yotlhe ya puisano ka molomo e tshwanetse go dirwa ka puo ya semmuso ya bareetsi.  Fa go tlhokega,  go tshwanetse ga tsewa matsapa go dirisa dibebofatsi tsa puo jaaka thanolelo ka (tatelano, segongwe,  mogala le thanolelo ka go seba) fa go ka kgonagalang. 
2.4.6.3 	Diphasalatso tsa mmuso: Lenane la phasalatso ya tiragatso ya dipuo tse dintsi le tshwanetse go latelwa ke mafapha a mmuso wa bosethaba mo mabakeng ao e leng gore ga a tlhoke phasalatso ka dipuo tsotlhe tse di 11 tsa semmuso. 
2.4.6.4 	Fa tiragatso e e bokgoni le e e tlhomameng ya mmuso mo maemong afe kapa afe e tlhokang tlhaeletsano ya tshedimosetso e e feleletseng, e tshwanetse go phasaladiwa ka dipuo tsotlhe tse di 11 tsa semmuso, mme, kwa diporofenseng, ka dipuo tsotlhe tsa semmuso tse di laoletsweng kwa porofenseng.  
2.4.6.5 	Mo mabakeng a e leng gore dikwalo tsa mmuso ga di ka ke tsa bonwa ka dipuo tsotlhe tse di 11 tsa semmuso, mafapha a mmuso wa bosethaba a tshwanetse go phasalatsa dikwalo ka nako e le nngwe bonnye ka dipuo di le thataro. Tlhopho ya dipuo e tla dirwa ka tsela e e latelang: 
. 	
Bonnye puo e le nngwe go tswa mo setlhopheng sa Nguni    (Setebele, Sethosa, Sezulu le Seswati) 

. 	
Bonnye puo e le nngwe go tswa mo setlhopheng sa Sotho (Sepedi,   Sesotho, Setswana); 

. 	
Sevenda 

. 	
Setsonga 

. 	
Seesimane; kgotsa 

. 	
Seburu 


2.4.6.6 	Mokgwa wa thefosano o tshwanetse go dirisiwa fa go tlhophiwa dipuo tsa go phasalatsa dikwalo tsa mmuso ka dipuo tsa Nguni le tsa Sotho. 
2.4.6.7 	Tlhaeletsano ya bodithabathaba:  Tlhaeletsano ya mmuso kwa maemong a bodithabathaba ka tlwaelo e tla nna Seesimane kgotsa ka puo e e ratwang ke naga e e amegang. 
KAROLO YA 3:  KAGO YA BOKGONI JWA BATHO 
3.1 	Go tsenngwa tirisong ga pholisi ya puo go tlile go oketsa tlhokego ya tiro ya go fetolela le tseleganyo gammogo le ditirelo tsa boranoledi, segolo thata mo dipuong tsa tlholego.  Karolo e e botlhokwa ya boitseanape jwa phetolelo mo dipuong tse e tla tshwanelwa ke go atolosiwa mo mafapheng a mmuso le mo setheong sa poraefete, sekao: badiri ba nakwana ba puo jaaka bafetoledi, batseleganyi le baranoledi ba tla tshwanelwa ke go tlhabololwa. Koketsego ya tlhokego ya ditirelo tsa badiri ba porofeenale ba puo e tla batla katiso ya boitseanape go ya pele. 
3.2 	Go tlhomiwa ga diyuniti tsa puo mo lefapheng lengwe le lengwe la mmuso wa bosethaba le kwa porofenseng nngwe le nngwe go tla nna le tlhotlheletso mo sekoupung sa ditiro tsa Tirelo ya Dipuo tsa Bosethaba (TDB).  TDB e tlile go batlega go golaganya tsamaiso ya tiragatso ya pholisi ya puo ka go bebofatsa  katiso ya badiri ba yuniti ya dipuo mo ditirong tsa thulaganyo ya puo le tshegetso ya manane a ditiro tsa diyuniti tse. Gape TDB e tla rwala maikarabelo a go gokaganya tlhabololo ya manane a katiso ya bafetoledi, batseleganyi le baranoledi, le go tlhoma dikaelo tsa tiro ya boleng. 
3.3 	Dikarolo tsa thulaganyo le tlhopho ya mafoko, gammogo le mareo le tsona di tla amega.  Koketsego ya tiro ya go fetolela e tla batla itlhaganediso ya tlhabololo ya mareo mo dipuong tsa semmuso le ya Sefalana sa Mareo sa bosethaba se se fitlhelelwang ke badiri ka puo ba mmuso le ba nakwana. 
3.4 	Go nna teng ga didiriswa tsa Thekenoloji ya Puo ya Batho (TPB) (sekai: phetolelo e e dirwang ke mothini, megopolo ya phetolelo, dibaakanya mopeleto) tebang le dipuo tsa tlholego go tla nna le seabe se segolo mo tshegetsong ya go bebofatsa ditiro tsa puo. 
3.5 	Bogolo jwa diyuniti tsa puo bo tlile go tlhomamisiwa, mme dikatiso tsa boitseanape mo mofameng o, di  tlile go nna botlhokwa morago ga palo ya dipuo tsa semmuso tse di tshwanetseng go dirisiwa e sena go sekasekiwa. Diyuniti tse di nang le badiri ba le bane kgotsa go feta ba porofeenale, di tlile go tlhoka gore di nne le  ditlelereke. 
3.6 	Kago ya bokgoni mo dikarolong tse di amegang tsa go bebofatsa puo go tla diragala ka dipuisano le batlamedi ba ditirelo jaaka ditheo tsa thuto e kgolwane tse di rutang manane le dirutwa tse di rebotsweng ke SAQA tsa tiro ka puo, bofetoledi le botseleganyi, thanolelo, thulaganyo ya puo, tlhopho le thulaganyo ya mareo le thuto ka ga dithanodi. 


KAROLO YA 4:   MAANO A TIRAGATSO 
4.1 	Go tsenngwa tirisong ga pholisi kgato ka kgato mo pakeng e khutshwane, e e mo magareng le paka e telele ke leano le le rategang mo maemong otlhe. 
4.2 	Tebang le diphasalatso tsa mmuso, tiragatso e tla tsenngwa tirisong ke mekgatlho ya mmuso ka mokgwa o o ka fetolwang le o o kgonagalang mo sebakeng sa dingwaga di le tharo bonnye. Molemo wa go tsenya tirisong ka mokgwa wa kgato ka kgato ke gore mafapha a tlile go kgona go tlhabolola koketso ya bokgoni le go laola thulaganyo ya tiragatso ka botswerere. 
4.3 	Mekgatlho ya Mmuso e tla nna le nako ya go rulaganya ditekanyetsokabo ya yona ka go oketsa dikabelo tsa yona ka iketlo mo pakeng ya MTEF le go rulaganya ditiro go ya ka didiriswa tse di batlegalang tebang le tiragatso e e atlegileng ya pholisi. 
4.4 	Go tla tlhabololwa tlhokomelo ya mekgwa ya go netafatsa boleng jwa ditirelo tsa phetolelo le  tseleganyo. 
4.5 	Ka tirisano le PanSALB, Lefapha la Botsweretshi le Setso le tla tlhokomela kgatelopele le go begela bothati jo bo maleba ka dipaka tse di maleba. 
4.6 	Ditshekatsheko tsa pholisi di tla dirwa ka tlhomamo mme go tla dirwa dikatlanegiso tebang le diphetogo fa go tlhokagalang gore tekanyetsokabo e lekanyetswe ka tshwanelo. 
4.7 	Mafaratlhatlha a a tlhokagalang go diragatsa pholisi a tla tsenngwa tirisong. Se se tlile go akaretsa go tlhomiwa ga diyuniti tsa puo mo mafapheng otlhe a bosethaba le kwa diporofenseng  go laola  
. 	
tlhaeletsano ka puisano ya molomo mo teng le fa gare ga mafapha mo maemong otlhe a mmuso; 

. 	
tlhaeletsano e e kwadilweng mo teng le fa gare ga mafapha mo maemong   otlhe a mmuso; 

. 	
tlhaletsano le sethaba ka puisano ya molomo; 

. 	
tlhaeletsano e e kwadilweng le sethaba; le 

. 	
tlhaeletsano ya bodithabathaba fa go maleba. 


4.8 	Mekgwa e mengwe ya tiragatso e e tla dirisiwang ke Molawana wa Maitsholo wa Badiredipuso, go tlhomiwa ga Khansele ya Aforika Borwa ya Badiri ka Puo, Tirelo ya Thanolelo ka Mogala ya Aforika Borwa (TTMAB), leano la tlhabololo ya dipuo tse pele di neng di kgaphetswe kwa thoko le DPS. 
4.8.1	 Maikarabelo a mangwe a mmuso tebang le go tsenngwa tirisong ga pholisi       ya puo ya bosethaba ke a a latelang:  
. 	
Tshegetso ya tlhabololo ya badiri ba ba tlhokegang go tsenya tirisong      dipuo tse dintsi. 

. 	
Taolo ya go bebofatsa porofeene ya puo, k.g.r. phetolelo, thanolelo le  mareo, ka tlhabololo le peomolao e e maleba. 

. 	
Tshegetso ya maiteko a a kgethegileng a paakanyo le/kgotsa manane a      dipuo tsa tlholego tse di neng di kgaphetswe kwa thoko, k.g.r. dipuo tsa      seAforika le dipuo tsa seKhoi, seSan le seNama, ga mmogo le Dipuo tsa Diatla tsa Aforika Borwa; le 

. 	
Tshegetso ya go ithuta le go ruta dipuo tsotlhe tsa semmuso tsa Aforika       Borwa kwa mephatong yotlhe ya sekolo. 



LENANEFOKO 

Kitso/Tiriso ya Dipuo tse pedi  Mokgwa wa go dirisa dipuo tse pedi (le fa tota di sa itsiwe sentle ka bobedi)  
Tlhabololo ya puo  Tsweletso ya puo ka mokwalo, tlhomamiso le katoloso ya ditiro gore puo e kgone go ka dirisiwa mo dithulaganyong tsa bobegakgang, thuto, semolao le tsamaiso, j.j., le go tlamela sekoupu sa phasalatso ya dikwalo mo puong eo.   
Tseleganyo  Tiro ya go siamisa puo le /kgotsa setaele mo ditemaneng tse di kwadilweng.  
Tekano  Boleng jwa tshiamo, go se tseye letlhakore; go tsewa ka tekatekano; se se tshwanetseng le se se siameng.  
Tiragatso ya dipuo tse dintsi  Go kaya go tlhopho ya (di)puo e e rileng mo maemong a a rileng, e ikaegile ka maemo a puo e dirisiwang mo go one, k.g.r. tiro, bareetsi le molaetsa o e o dirisetswang.   
Dipuo tsa ngwaoboswa  Dipuo tse di sa tlholegang mo nageng e, mme di tlisitswe ke bafaladi   
Dipuo tse pele di neng di ikgatholositswe  Ka bokao jwa mo Aforika borwa, tse ke dipuo tse di neng di neetswe maemo a a kwa tlase ke ditlhopha tse di maatla tsa pele, mme tse ka jalo di neng di sa dirisiwe kgotsa go tlhabololwa go ka dirisiwa mo tirong ya bobegakgang, thuto ( morago ga sekolo sa poraemari) kgotsa mo sethabeng kgotsa mo maemong a a botlhokwa a ekonomi. Tshegetso ya tlhabololo ya dipuo tse e ne e le e nnye. Di akaretsa dipuo tsa tlhago, dipuo tse di tswang kwa ntle le SASL.     
Dithekenoloji tsa Puo ya Setho  Tiriso ya kitso ya puo go tlhabolola dithulaganyo tsa khomphiutara tse di ka lemogang, tsa tlhaloganya, tsa tlhalosa le go tlhagisa puo setho ka mekgwa yotlhe; k.g.r. tlhabololo ya didiriswa tse di dirang gore go kgonagale go gore batho ba golagane ka dikhomphiutara.  
Puo ya tlhago  Puo e e tlholegileng mo nageng e.  
Boranoledi  Mokgwa wa go fetolela  se se builweng ka puo ya ntlha mo puong ya bobedi.  
Temogo ya puo  Go itse mokgwa o puo e dirisiwang ka one mo sethabeng, gore a na badirisi ba puo ba neilwe ditshwanelo tsa bone tsa puo, le gore puo e dirisiwa jang go maatlafatsa kgotsa go amoga babui maatla.  
Tekatekano ya puo  Tebang le molaotheo,  dipuo tsotlhe di tshwanetse go bona tlotlo e e lekalekanang , segolo thata ka mabaka a semmuso jaaka peomolao, bosiamisi, tsamaiso le taelo ya sethaba.    
Tekano ya puo  Tshiamo ya tlamelo ya puo le/kgotsa tsholo ya dipuo tse pedi kgotsa go feta. Dintlha tse di jaaka palo ya babui le maemo a puo di ka tlhotlheletsa pholisi go tlhomamisa mabaka a tiriso ya puo e e rileng. Tiriso e e ka tswa e sa lekane.  Puso e ka se kgone go dirisa dipuo tsotlhe tsa baagi botlhe ba yona, mme e ka itekanyetsa fela mo go diriseng (di)puo tsa/ya yona ya/tsa semmuso, ka mokgwa mongwe. (Turi, 1993:14  15)   

Thulaganyo ya puo  Thulaganyo ya puo e lebile ditharabololo tsa mathata a puo ka maikemisetso, mekgwa le dipoelo tse dingwe. E akaretsa dithulaganyo tsa go laola le go tokafatsa dipuo ka tlhabololo ya puo.  
Pholisi ya puo  Tshwetso/molawana wa semmuso ka ga maemo a dipuo tse di farologaneng tse di buiwang mo merafeng ya dipuo tse di tlhakatlhakaneng/dipuo tse dintsi, sekai ke puo efe e tla nnang puo ya bosethaba kgotsa ya semmuso, ke dipuo tse dife tse di tla dirisiwang jaaka dipuo tsa kgaolo le gore maemo a tsone e tla nna afe.  
Ditshwanelo tsa puo  Melao e e tlhomamisang maemo a mo go one baagi ba ka itlhophelang puo.   
Diyuniti tsa puo  Dikemedi tsa mmuso mo mafapheng le mo diporofenseng go dirana le dintlha tsa puo ya lefapha leo/kgotsa porofense eo go tswa mo Pholising ya Bosethaba ya Puo le go ikgolaganya le mafapha a mangwe ka ga dintlha tsa puo.  
Lekisekhokerafi  Tiro kgotsa porofeene ya go tlhama dithanodi.  
Dithulaganyo tsa phetolelo ka methini  Dithulaganyo tsa khomphiutara tse di fetolelang ditemana tsa eleketeroniki go tswa puong e nngwe go ya go e nngwe.  
Puo e e ikgatholositsweng  Puo nngwe le nngwe ya semmuso e e kgaphetsweng kwa thoko mo tirisong ya semmuso kgotsa e e leng gore tiriso ya yona e a kganelwa mo mabakeng a a dirisang melawana (sekai: thuto, tlhokomelo ya boitekanelo). Go kgaphelwa kwa thoko gantsi go kaya maemo a a kwa tlase a puo, gongwe le babui ba yone. Sekai: Setsonga, Sevenda, Setebele le Seswati di tsewa jaaka dipuo tse di kgaphetsweng kwa thoko mo Aforika Borwa.  
Sediriswa sa go ruta (puo ya go ithuta)  Puo e e dirisiwang mo phaposiborutelong jaaka e kailwe ke kharikhulamo le pholisi ya puo.  Puo ya go ruta e kaya go suta go se kae go akaretsa mogopolo o o reng go feta puo e le nngwe di ka dirisiwa, mme baithuti ba ka fitlhelela e nngwe go na le ya semmuso.  
Tiriso ya dipuo tse dintsi  Tiriso ya dipuo tse tharo kgotsa go feta ke motho a le mongwe kgotsa setlhopha sa dibui jaaka baagi ba kgaolo kgotsa sethaba se se rileng.  
Puo ya semmuso  Puo e e dirisiwang mo mmusong, dikgotlatshekelo, thuto, kgwebo le bobegakgang.   
Phetolelo  Mokgwa wa go fetolela se se kwadilweng ka puo ya ntlha kwa puong ya bobedi ka go kwala.  
Mareo  Mareo a setegeniki a a tlhomamiseditsweng thuto e e rileng.   

(22337  A-MB 2002-11-13) 
Letlhomeso la Bosethaba la Pholisi ya Puo Td33 Tsw068 




