Kwadiso ya Mekgatlho ya Tshireletso ya Molele
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Mekgatlho yotlhe ya Tshireletso ya Molelo e tshwanetse go ikwadisa le Lefapha la Merero ya Metsi le Dikgwa .
Badirakopo botlhe ba ba eletsang go ikwadisa ba ka kopiwa go kgotsofatsa maemo a a rileng e ka nna pele kgotsa morago ga go ikwadisa. Seno se akaretsa gape maemo a a kailweng mo tlhabololong ya molaotlhomong wa Mekgatlho.
Go ka kwadisiwa Mokgatlho wa Tshireletso ya Molelo o le mongwe fela mo tulong e e rileng.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Bona Foromo ya 1: Kopo ya go ikwadisetsa mokgatlho wa tshireletso ya molelo go tswa go Lefapha la Merero ya Metsi le Dikgwa
Tlatsa foromo mme o e ise kwa kantorong e e fa gaufi ya DWAF.
Kopo ya gago e tla sekasekwa mme fa e ka rebolwa, lefapha le tla go itsise gore o tlatse Foromo ya bobedi: Kopo ya kwadiso ya mokgatlho wa tshireletso ya molelo.
Tlatsa mme o ise Foromo ya bobedi kwa kantorong e e fa gaufi le wena ya Lefapha la Merero ya Metsi le Dikgwa.
Kopo ya gago e tla sekasekiwa gape, mme fa e rebotswe, lefapha le tla go neela setifikeiti sa go ikwadisa.
Kopo ya gago ya go ikwadisa e tshwanetse go nna le dilo tse di latelang:
dintlha ka motlhatlhobiwa wa mokgatlho wa tshireletso ya molelo dintlha tsa motho yo o tshisinyang kwadiso ya motlhatlhobiwa wa mokgatlho wa tshireletso ya molelo tlhomamiso ya gore ga go mong yo o tlogetsweng ka mabomo mo dikopanong le dipuisanong mabapi le go tlhomiwa ga mokgatlho wa tshirelesto ya molelo dintlha ka ga bolaodi jwa motlhatlhobiwa jwa kgaolo ya mokgatlho wa tshireletso ya molelo tlhomamiso ya gore ga go na mokgatlho o mongwe wa tshireletso ya molelo o go ikaelelwang go tlhomiwa kgotsa o o leng teng gaufi le kgaolo ya motlhatlhobiwa wa mokgatlho wa tshireletso ya molelo tlhomamiso ka motho yo o tshisintseng tlhomo ya mokgatlho wa tshireletso ya molelo katlanegiso ka moemedi yo o maleba wa puso ya selegae katlanegiso ka moemedi wa kgaolo wa lefapha la merero ya metsi le dikgwa tlhomamiso ka motsamaisimogolo wa kgaolo wa Lefapha la Merero ya Metsi le Dikgwa.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Ga e a tshwanela go tsaya malatsi a le 30 a go dira go sekaseka kopo ya gago le go kwadisa mokgatlho fa tshedimosetso yotlhe e batlegang e neetswe.
Godimo
Tlhotlhwa
Tirelo e ga e duelelwe.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
