Kopo ya go bona lekwalotetla/laesense ya tlhobolo entšhwa
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Pele o ka nna le tlhobolo, o tshwanetse go bona lekwalotetla la ditlhobolo go tswa go Tirelo ya Sepodisi mo Aforika Borwa. O tlhoka go nna le lekwalotetla/laesense la tlhobolong nngwe le nngwe e o nang le yona.
Beng ba ditlhobolo ba nako e e tlang ba tshwanetse lwa ntlha, go falola teko ya katiso e e tlhomilweng kwa setheong sa katiso se se neelang makwalotshupo, mme ba kgone go bona setifikeite sa bokgoni. Lenaneo la ditheo tsa katiso tse di neelanang ka makwalotshupo di ka bonwa mo webosaeteng ya SAPS kgotsa o ka nna wa leletsa Lefelo la SAPS la Bosetšhaba la Ditlhobolo mo o ka bonang tshedimosetso teng, mogala ke 012 353 6111 kgotsa fekese: 012 353 6036 .
Godimo
Dikgato tse di latelwang
O tshwanetse wa fetsa teko e e tlhomilweng ka katlego go netefatsa gore o na le kitso ya Molao o o Laolang Ditlhobolo wa 2000, mo mothelesing wa katiso o o neelanang ka makwalotshupo.
Mo kamogelong ya setifikeite go tswa mothelesing wa katiso o o neelang ka makwalotshupo kgotsa SASSETA , dira kopo mo Tirelong ya Sepodisi mo Aforika Borwa, gore e go neye setifikeite sa bokgoni. Tlatsa foromo ya SAPS 517 .
Morago fa o se na go amogela Setifikeite sa Bokgoni, tlatsa karolo e e botlhokwa mo foromong ya SAPS 271 Tlisa foromo eo kwa go Motlhankedi yo o Tlhophilweng wa Ditlhobolo kwa seteišeneng sa mapodisi se se gaufi le fa o nnang teng.
Tsaya ditokomane tse di latelang fa o ya kwa go DFO:
tokomane ya boitshupo/lekwalokao/pasa ya gago ya semmuso ya tshimologo.
setifikeiti sa Katioso se o se boneng go tswa go SASSETA
setifikeiti sa Bokgoni sa tshimologo lekwalo la peelano jaaka modirigatsi, fa e le gore tlhobolo eo ke boswa ditshwantsho tsa mmala di le pedi tse di bonalang, tsa go lekana le tsa phaseporoto, tse di sa nnang sebaka sa go feta dikgwedi di le tharo.
Tshegetsa kopo ya gago ka botlalo, mme o bo o tlisa ditokomane go tshegetsa kopo ya gago.
DFO e tla dira kgatiso ya menwana e e feleletseng mo foromong ya SAPS 91.
DFO e tla go ntshetsa setlankana sa thomelo ya madi , mme a go laetse kwa Kantorong ya Matlole kwa seteišeneng sa mapodisi go ya go duela teng tuelo e e tlhomilweng. Tueleo e tshwanetse go diriwa ka kgonotlamelo ya go ntsha madi mo letsogong kgotsa ka tšheke ya banka e e netefaditsweng . O tla neelwa resiti ya ditshenyegelo jaaka netefatso ya gore o duetse. Morago o tshwanetseng go e isa kwa go DFO go mo thusa go tswela pele go diragatsa kopo ya gago.
O tla amogela resiti e e saenilweng e e supang kamogelo jaaka netefatso ya gore o tlisitse kopo ya lekwalotetla/laesense gore o nne le tlhobolo/sethunya.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
DFO e tla romela foromo ya kopo, ga mmogo le ditokomane tse di tshegetsang, go ya kwa Borakanelong jwa Kwadiso a Ditlhobolo gore di sekasekiwe. Morago ga tshekatsheko ya kopo e e atlegileng, DFO e tla go kopa gore o tlhome polokelo ya tlhobolo/sethunya mo malatsing a le 14, polokelo eo ya tlhobolo/sethunya e tshwanetse go fitlhelela boemo jo bo beilweng ke Biro ya Boemo ya Aforika Borwa DFO e tla dira tlhatlhobo ka boyona mo lefelong le o nnang mo go lona go netefatsa fa ka tota o fitlheletse ditlhokego tsa go nna le polokelo ya tlhobolo/sethunya. Fa o sena go amogela resiti ya Pegelo ya Tlhatlhobo ya Polokelo e e atlegileng, lphemiti/laesense ya gago e tla romelwa kwa go wena.
Godimo
Tlhotlhwa
Setifikeiti sa Bokgoni: R70
Phemiti/laesense ya tlhobolo/sethunya: R140
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
