Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Tirelo e, e ka bonwa ke batho ba ba batlang tlhomamiso ya boemo jwa bona jwa melato ya bosenyi mo mabakeng a phalalo kgotsa mo mabakeng a go ya go dira kwa moseja wa mawatle mo nakong e telele.
Setifikeite se ka ntshiwa go bontsha gore melato mengwe ya bosenyi e kwadisitswe /begilwe kgatlhanong le mokopi
Le fa e le gore kgatisomenwana e tla diriwa mo seteišeneng sa mapodisi sa mo gae, go lokololwa goo le go ntshiwa ga setifikeite go diriwa ke Lefelo la Tshedimosetso la Direkoto tsa Bosenyi/melato kwa Pretoria fela.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Neela ka kgatisomenwana yotlhe, e o ka e dirang mo seteišeneng sa mapodisi se se gaufi le wena, gore e isiwe kwa Lefelo la Tshedimosetso ya Direkoto tsa Bosenyi/melato . Netefatsa gore maina a gago ka botlalo, sefane, letsatsi la matsalo, lefelo la matsalo le nomoro ya gago ya lekwalotshupo/pasa tsotlhe tse , di kwadisitswe mo foromong ya kgatisomenwana.
Tsaya lekwalotshupo/pasa ya gago fa o ya kwa seteišeneng sa mapodisi jaaka netefatso ya tshupo/tlhaolo ka gore e tlile go batliwa.
Tsweetswee, etla tlhoko gore diteišene tse dingwe tsa mapodisi di ka amogela dikopo tsa go nna jalo mo nakong ya diura tsa tiro fela .
Baagi ba mo Aforika Borwa ba ba nnang kwa ntle ga naga ba ka nna ba kopa mo seteišeneng sengwe le sengwe sa mapodisi mo nageng eo kgotsa kwa embasing. Kgatisomenwana e ka diriwa mo foromong ya semmuso mo nageng yona eo e e rileng. Foromo e ya kgatisomenwana e tshwanetse go saenwa ke motho yo o dirang kgatisomenwana Sete yotlhe ya kgatisomenwana e e feleletseng ga mmogo le khopi ya lekwalotshupo/pasa kgotsa phaseporoto e tshwanetse go tsamaya mmogo le kopo.
Seteišene sa mapodisi se tla romela kopo kwa Lefelong la Tshedimosetso ya Direkoto jwa Bosenyi/melato . Mo mabakeng a potlako, mokopi a ka emeilela kopo kwa go:
Kopo e ka nna ya romelwa/isiwa kwa go:
Tuelo ya tirelo e ka diriwa kwa tšheke ya banka e e netefaditsweng kgotsa ka otara ya madi go ya ka Moikanisi wa Bosetšhaba mo Tirelong ya Sepodisi mo Aforika Borwa.
Setifikeite sa kgololo sa sepodisi se ka ntshiwagape kwa ntle ga tuelo epe fa e le gore se kopiwa mo dikgweding di le thataro morago ga go amogela sa tshimologo. Ka gonne disetifikeite di bewa mo direkotong nako ya dikgwedi di le robong fela, kopo e ntšhwa e tshwanetse go tlisiwa morago ga fa dikgwedi di le robong di se na go feta.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Setifikeite se ka ntshiwa mo malatsing a le 28 a nako ya tiro. Setifikeite se se batliwang se tla romelwa kwa go mokopi ka poso e e tlwaelegileng, kwa ntle ga fa e le mokopi yo o dirileng dithulaganyo go tla go tsaya ditokomane tseo ka boena kgotsa ka tirelo ya Khoria e e tsamaisang dilo ka bonako . go tswa kwa Lefelong la Tshedimosetso ya Direkoto tsa Bosenyi/melato .
Godimo
Tlhotlhwa
Go ntshiwa gape ga setifikeite mo dikgweding di le thataro ga go duelelwe.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Diforomo tse di nepagetseng tsa kgatisomenwana di tladiwa ke moemedi wa sepodisi.
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
