Kopo ya setefikeiti sa thekisontle ya bojalwa
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Bagwebi ba ba ratang thekisontle ya bojalwa ba ka ya mo websaeteng: www.dawineonline.co.za, mo ba tla fitlhelang manane a a ikaegileng mo inthaneteng a ka mo thekisontle e tsamaisiwang ka teng. Barekisantle ba tshwanetse go ikwadisa pele ba ka dirisa lenane le.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Go ikwadisa jaaka morekisantle, romela emeile kwa go rhonelb@nda.agric.za. Ba tla go romela tshedimosetso yotlhe ka emeile e e tlhokwang ke morekisantle yo o batlang go ikwadisa. O tla fiwa leina le le tla go kgontshang go bula lenane-thulaganyo ga mmogo le lefoko la sephiri le o ka le dirisang.
Dira dikopo tsotlhe mo laeneng .
Kumo nngwe le nngwe ya bojalwa e tshwanetse go direlwa kopo ya yona e e farologanang le tse dingwe mo dithotong, motswakong, matshwaong le mo dinomorong.
Morwalo wa bojalwa o tshwanetse go kgaoganngwa le merwalo e mengwe ya bojalwa. Sampole ya selekanyo sa dilitara di le 2, 25 e tshwanetse go ntshiwa mo morwalong wa bojalwa fa go utlwelelwa tatso ya bona. Disampole di tshwanetse go fitlha kwa dikantorong tsa Dikumo tsa bojalwa pele ga 16:00 ka Labobedi go tla go utlwa tatso ya bona ka Labone, le pele ga 16:00 ka Labone go tla go utlwa tatso ya bona ka Labobedi.
O tshwanetse go itsise Lekala la Tshekatsheko ya Boleng ya Lefapha la Temothuo mo mogaleng 021 809 1704 pele o pega dithoto mo senamelweng.
Fa o pega morwala mo senamelweng se setona, sampole ya taolo e e tshwanetseng go ntshiwa mo morwalong mongwe le mongwe ke .Fa go se na motlhatlhobi mo lefelong le go pegawng mo go lona, wena morekisantle o tla tshwanela ke go kga disampole tsa taolo mme o di ise kwa Lekaleng la Dikumo tsa Bojalwa kwa Stellenbosch.
O tshwanetse go itsise Lekala ka ga go pega mo nakong ya diura di le 48.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Jaaka badirisi ba ba rebotsweng, barekisantle kgotsa baemedi ba bona jaaka batsamaise ba dithoto , ba ka nne ba gatisa ditefikeiti tsa thekisontle ka bobona go tswa mo webosaeteng kgotsa ba ya go di tsaya kwa Lekaleng la Dikumo tsa Bojalwa kwa Stellenbosch.
Lekala la Dikumo tsa Bojalwa VI 1 ga mmogo le ditefikeiti tsa tshekatsheko.
Godimo
Tlhotlhwa
Ntšhwafatso ya sebaka sa tshiamiso: R115 ga mmogo le madi a tshekatsheko
Madi a thebolo: R37
Tshekatsheko ya merwalo ya thekisontle morago ga diura tsa tiro: R520 ka ura kgotsa bongwe ba yona.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Dira kopo mo inthaneteng.
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
